Habakuku
11Molaetsa o moporofeta Habakuku ao amogetseng, 2"Modimo Yawe, ke tshwanetse go lelala thuso lebaka le le kae, mme o sa nkutlwe? Ke leletse ko go wena ka letshogo,"kgokgontsho!' wa seka wa mpoloka.
3Ke eng o dira gore ke bone boleo, le go lebelela bosula? Tshenyego le kgokgontsho di fa pele game, go na le kgogakgogano, le dintwa di a oketsega. 4Jaanong molao wa nyatsega, dikatlholo ga di tsee lobaka. Ka gore baleofi ba dikologile basiame; Jaanong dikatlholo tse e seng tsa nnete di a diragadiwa." Modimo Yawe a fetola Habakuku
5Lebelela ditshaba,o ba ithute; o tlaa makala! Ka gore ke gaufi le go dira sengwe mo malatsing a gago, se o tlaa se keng o se dumele fa o se bolelelwa. 6Jaanong bona! ke gaufi le go tsosolosa Batshaletea- setshaba sese bogale ba le bofefo- ba gwanta mo lefatsheng lotlhe go ya ko phelelong ba gapa lefatshe le eseng la bone. 7Ba a tshosa le go boifisa; katlholo ya bone le bontle jwa bone di tswa mo go bone fela.
8Dipitse tsa bone le tsone di bofefo go feta nkwe, di bonako go gaisa diphiri tsa bosigo. Dipitse tsa bone di lobelo, bapalami ba tsone ba tswa kgakala- di fofa jaaka dintsu di itlhaganeletse go ja. 9Botlhe ba tlela kgokgontsho, matshwititshwiti a bone a tla jaaka phefo ya sekaka, ba kgobokanya batshwarwa jaaka motlhaba.
10Ba sotla dikgosi, le babusi ke metlae fela mo go bone. Ba tshega mafelo a itshireletso, ka gore ba kgobokanya mmu mme ba ba tshware. 11Phefo e tlaa tla ka pela; e fete- badiramolato, ba tshepo ya bone e leng mo modimong wa bone". Habakuku o botsa Modimo Yawe potso e nngwe
12A ga o tswe mo nakong tsa bogololong, Yawe Modimo wame, yo o Boitshepo? Ga nke re swe. Modimo Yawe o ba tlhomamiseditse katlholo, le wena, Lentswe, o ba baakanyeditse kotlhao.
13Matlho a gago a phepa go ka lebelela bosula, ga o kgone go lebelela bosula ka letlhogonolo; ke eng jaanong o lebile ba ba go itatolang ka letlhogonolo? Ke eng o didimetse mme baleofi ba metsa basiame go ba feta? 14O dira batho jaaka ditlhapi mo lewatleng, jaaka digagabi tse di senang molaodi.
15Ba ba kgogetsa jaaka ditlhapi,ba gogela batho ntle ka matloa, ba ba kgobokanyetse mo matloeng a bone. Ke sone se ba itumetseng le go ipela. 16Jaanong ba ntshetsa matloa a bone ditlhabelo mme ba fisetse matloa a bone lenko ,ka gore dipholo tse di mafura ke seabe sa bone, le nama ee mafura ke dijo tsa bone. 17A ba tlaa kgaritlha matloa a bone, ba tswelele ka go kgebetha ditshaba ba sena boutlwelobotlhoko?"
21Ke tla palamelela ko ntlong e e ko godimo ya bolebeledi ko ke tla nnang teng ke lebeletse ka thata go utlwa se a tla se mpolelelang le gore aa ke tla tlogela go ngongorega game.
2Modimo Yawe a nkaraba are, "o kwale ponatsego e, o kwale go bonala mo matlepeng gore yo o balang a taboge ka yone. 3Ka gore ponatshego e keya nako e e tlang, mme ko pheletsong e tla bua a bo e diragala. Le fa e ka diega, o e emele. Ka gore e tla tla, mme ga e kake ya diega.
4Bonang! Bao ba dikeletso tse di sa siamang baa ikgogomosa. Mme basiami ba tlaa tshela ka tumelo ya gagwe. 5Ka gore mofine o latlhisa mokawana yo o mabela tsela gore a seka a nna le kutlo, mme o godisa keletso ya gagwe jaaka lebitla le leso, ga e kgotsofale. O ikgobokanyetsa ditshaba tsotlhe kabo ene abo a ikgobokanyetsa batho botlhe.
6A tse tsotlhe ga dina go baka dikgang tsa go mo sotlaka le go opela dipina tsa tshotlo ka ga ene, ba re, " Go matlhabisa ditlhong go yo o oketsang se e seng sa gagwe. O ya go tsaya lebaka le le kae o ntse o ikgagapelela se eseng sa lona. 7A bao ba ba le lomang ba tla seke ba tsholediwe ka bonako, le ba ba le tshosang ba tsosiwe? o tlaa nna motswasetlhabelo wa bone. 8Ka gore o setse o utswetse batho ba le bantsi, botlhe ba ba tshelang ba tla go utswela. Ka gore o tsholotse madi a batho abo o kgokgontsha lefatshe, le ditoropo, le botlhe ba ba nnang mo go lone.
9Go matlhabisa ditlhong mo go bone ba ba agang matlo ka madi a a sa itshekang, gore atle a age ntlo ya gagwe ko godimo ko e sireletsegileng teng. 10O tlisitse matlhabisa ditlhong mo ntlong ya gago ka gore o gatakile ba bangwe gape o iphutsitse. 11Matlapa a lebotana atlaa goeletsa mme le ditlhomeso di tlaa araba.
12Go matlhabisa ditlhong mo go bao ba agang motse ka tshololo ya madi, le bao ba ba agileng toropo ka madi a tsietso. 13A gago tswe mo go Modimo Yawe wa masomosomo gore ba a aga mme go tla nyelediwa ke molelo, le ditshaba tse dingwe di tla bo di berekela lefela? 14Mme lefatshe le tla bo le tladitswe ka kitso ya kgalalelo ya Modimo Yawe jaaka metsi a apesa lewatle.
15Go matlhabisa ditlhong mo go bao ba ba nosang baagisanyi ba bone, lona ba le tsenyang botlhole go fitlhelela ba tagiwa gore le tle le bone go sa ikategang ga bone. 16Le tla tlhabisiwa ditlhong tse di tseneletseng go nale tshegofatso. Le tla e nwa le lona, le bo le supa gosaikategang ga gago. Kopi ya ga Modimo Yawe ya letsogo le legolo e tla boela ko go wena, mme matlhabisaditlhong a gago a tlaa feta tlotlo ya gago.
17Kgokgontsho e e diragetseng ko Lebanone etla go tlatsa kutlobotlhoko mme go tshenyo ya diphologolo e tla go tshosa. Gonne o dirile tshololo ya madi gape o kgokgontshitse lefatshe, ditoropo le botlhe ba ba nnang mo go tsone.
18Medingwana ya lona ya disetwa ele tswela mosola kaeng? Ka yo o e bopileng, kana yo o dirileng a dirisa tshipi, ke morutabana wa maaka; ka o tshepha tiro ya matsogo a gagwe fa a dira medingwana ya disetwa e e sa bueng. 19Go matlhabisa ditlhong mo go bao ba ba rayang dikgong bare, tsoga! kana mo letlapeng, Emelela! A dilo tse dia ruta? Bonang, ka di apesitswe ka selefera le gauta, mme gagona botshelo mo go tsone. 20Mme Modimo Yawe o mo Tempele ya gagwe e e boitshepo! Le didimaleng fa pele ga gagwe , lefatshe lotlhe."
31Thapelo ya ga moporofeta Habakuke: 2Modimo Yawe, ke utlwile pego ya gago, ebile ke tshogile.Modimo Yawe, tsosolosa tiro ya gago mo gare ga dinako tse; mo gare ga dinako tse dira gore e itsagale; gakologelwa go nna le kutlwelobotlhoko mo gare ga tshakgalo ya gago.
3Modimo o tlile a tswa Temana, le Yo o Boitshepo go tswa Thabeng ya Parana. Sela. Kgalalelo ya gagwe e ne e apesitse magodimo, le lefatshe le ne le tletse ka kgalaletso ya gagwe.
4Marang a mabedi a letsogo la gagwe a ne a galalela jaaka legadima, kwa nonofo ya gagwe e neng e fitlhegileng teng. 5Bolwetse jo bo maswe jwa tla fa pele ga gagwe, le petso ya tla fa morago ga dinao tsa gagwe.
6O ne a ema a lekanya lefatshe; a leba mme a tshikinya ditshaba. Le tsone dithaba tsa sennela ruri tsa sugakana, le dithabana tsa sennela ruri tsa obama. Mmila wa gagwe ke wa bosakhutleng.
7Ke bone ditante tsa Kushana di le mo kutlobotlhokong, le matsela a ditante mo lefatsheng la Mediana di roroma. 8A Modimo Yawe o ne a galefetse dinoka? A tshakgalo ya gago e ne e le kgatlhanong le dinoka, kana kgatlhanong le lewatle, fa o pagame dipitse tsa gago le dikoloi tsa gago tsa phenyo?
9O ne wa ntsha thebe ya gago e sena kapesa; o beile metswi mo thebeng ya gago! Sela. O kgaogantse lefatshe le dinoka. 10Dithaba di go bone mme tsa roroma ka kutlobotlhoko. Metsi a a tshologelang ko tlase a feta ka tsone; lewatle le le ko teng la tsholetsa modumo. La tsholetsa makhubu a lone.
11Letsatsi le ngwedi tsa ema di sa tshikinyege kwa godimo mo leseding la metswi ya gago mme tsa fofa, mo phatsimong ya segai sa gago. 12O tsamaile mo godimo ga lefatshe ka bogale. Mo tshakgalong o sentse ditshaba.
13O tswetse ko ntle ka poloko ya batho ba gago, ka lebaka la poloko ya motlodiwa wa gago. O kgaola tlhogo ya ntlo ya baikepi go supa tshimologo ya molala. Sela.
14O tlhabile tlhogo ya batlhabani ba gagwe ka metswi ya gagwe hela jaaka ba ne ba tlile jaaka legadima go tla go re phatlalatsa, maikgantsho a bone a tshwana le a motho a kometsa motlhoki mo lefelong le le iphitlhileng. 15O raletse lewatle ka dipitse tsa gago, mme wa kgobokanya metsi a magolo.
16Ke utlwile,mme dikarolo tsa me tse di ko teng tsa roroma! molomo wa me wa dira modumo. Go bola go tla mo marapong a me, le ka fa tlase game ka thoromako jaaka ke emetse ka tidimalo go tla ga batho ba ba re tlhaselang.
17Le fa setlhare sa mofeige se sa tswe makwati gape se sa ungwe go tswa mofineng; le fa go ntsha maungo ga setlhare sa motlhware go le ko tlase ditshimo le tsone ga di ntshe dijo; le go akanya gore letsomane le kgaotswe mo lesakeng le gore ga gona dikgomo mo merakeng, se ke se ketla se dirang.
18Le fa go ntse jalo, ke tla a ipela mo go Modimo Yawe. Ke tlaa itumela ka lebaka la Modimo wa poloko yame. 19Morena Yawe ke nonofo yame e bile o dira dikgato tsame jaaka tsa phuduhudu. O dira gore ke tsamaele ko pele mo mafelong a me a a ko godimo.-Go moopedi mogolo, mo mathaleng a dikatara tsame.