Johane
111Mo tshimologong Lefoko o ne a le teng, mme Lefoko o ne a na le Modimo, Lefoko e ne e le Modimo. 2Ene yo, o ne a na le Modimo mo tshimologong. 3Dilo tsotlhe di ne tsa dirwa ka ene, mme kwa ntle ga gagwe ga go a dirwa sepe sa dilo tse di dirilweng.
4Mo go ene gone go na le botshelo, mme botshelo bo e ne e le lesedi la batho botlhe. 5Lesedi la phatsima mo lefifing, mme lefifi la seka la le fenya.
6Go ne go na le monna a romilwe ke Modimo, leina la gagwe e ne e le Johane. 7O ne a tla e le mosupi a tla go paka ka Lesedi, gore botlhe ba dumele mo go ene. 8Johane e ne e se Lesedi, mme o ne a tsile go paka ka Lesedi.
9E ne e le Lesedi la boammaaruri, le le fang batho botlhe lesedi, le le tlang mo lefatsheng.
10O ne a le mo lefatsheng, mme lefatshe le ne la dirwa ka ene, 11Mme lefatshe le ne le sa mo itse . A tla kwa go ba gagwe, mme ba gagwe ba seka ba mo amogela.
12Mme ba le bantsi ba ba mo amogetseng, ba ba dumetseng mo leineng la gagwe, a ba fa tshiamelo ya go nna bana ba Modimo. 13Ba ba ne ba sa tsalwa ke madi le fa e le ke nama, le fa e le ke thato ya motho, mme ke Modimo.
14Mme Lefoko a fetoga nama a ba a nna mo gare ga rona. Re bone kgalalelo ya gagwe, kgalalelo ya ene yo o tswang kwa go Rara, a tletse tshegofatso le boammaaruri. 15Johane a supa ka ene a lelela kwa godimo, a re, ''Yo ke ene yo ke buileng ka ene ke re, 'Yo o ntshalang morago o mogolo go mpheta, ka one a le teng pele game.'''
16Gonne go tswa mo botlalong jwa gagwe re amogetse tshegofatso morago ga tshegofatso. 17Ka molao one o filwe go tswa kwa go Moshe. Tshegofatso le boammaaruri di tsile ka Jeso Keresete. 18Ga go ope yo o kileng a bona Modimo ka nako epe. Ene Modimo ka nosi, yo o ikaegileng ka sehuba sa ga Rara , o dirile gore a itsiwe.
19Mo ke bopaki jwa ga Johane fa Bajuta ba romela baperesite le Balefi go tswa Jerusalema go mmotsa, ''O mang? 20''A tlhalosa phatlalatsa, a se ka a fitlha sepe, mme a fetola, ''Ga ke Keresete.'' 21''Mme ba mmotsa,'' O eng jaanong? A o Elija? ''A re, ''Ga ke ene.'' Ba re, ''A o moporofiti?'' A araba, ''Nnyaa.''
22Mme ba mo raya ba re, ''O mang, gore re tle re bolelele ba ba re romileng karabo? Wa reng ka ga wena?'' 23A re, ''ke lentswe, le le lelang mo nageng: 'Tlhamalatsang ditsela tsa Morena,' jaaka moporofiti Isaia a buile.''
24Ba ba neng ba rometswe ba ne ba tswa kwa Bafarasaing. 25Mme ba mmotsa ba mo raya ba re, ''Ke eng o kolobetsa fa e le gore ga o Keresete kana Elija kgotsa moporofiti?''
26Mme Johane a ba araba, a re, ''Ke kolobetsa ka metsi.Mme magareng go lona go eme mongwe yo le sa mo itseng; 27yo o tlang fa morago game, ga ke a lekana go ka hunolola kgole ya setlhako sa gagwe'' 28Dilo tse di ne di dirwa mo Bethane ka fa letlhakoreng le lengwe la Jorotane, kwa Johane a neng a kolobetsa teng.
29Letsatsi le le latelang Johane a bona Jeso a tla kwa go ene a re, ''Bonang, yole ke kwana ya Modimo e e tlosang maleo a lefatshe! 30Yo ke ene yo ke buileng ka ga gagwe ke re, '' Yo o ntshalang morago ke yo o mphetang, ka one a le teng pele game.' 31Ke ne ke sa mo itse, mme ke ne ke kolobetsa ka metsi gore a tle a senolelwe Iseraele.''
32Johane a paka, a re, ''ke bone mowa o fologela jaaka lephoi le tswa mo legodimong, mme o bo o nna mo go ene. 33Ke ne ke sa mo lemoge, mme yo o nthometseng go kolobetsa mo metsing o ntheile a re, 'ko ntle ga mowa o o tshologang o bo o salela mo go ene, ke e ne a kolobetsang ka Mowa o o Boitshepo. 34Ke bone ka bo ka paka se, gore yo ke morwa Modimo.''
35Gape, letsatsi le le latelang, jaaka Johane a eme le barutwana ba gagwe ba le babedi, 36ba bona Jeso a tla a tsamaya, Johane a re, ''Bona, Kwana ya Modimo!''
37Mme barutwana ba gagwe ba babedi ba mo utlwa a bua se, mme ba sala Jeso morago. 38Mme Jeso a gadima a ba bona ba mo setse morago a ba raya a re, ''Le batla eng?'' Ba fetola, ''Rabi ( fa go phuthololwa go tewa moruti), o nna kae?'' 39A ba raya a re, ''tlaang le bone.''Mme ba tla ba bona fa a nnang teng; ba nna le ene letsatsi leo, ka e ne e le oura ya lesome.
40Mongwe wa ba babedi ba ba utlwileng Johane a bua mme a sala Jeso morago e ne e le Anterea ,monnawe Simone Petere. 41A bona lantlha mogolowe Simone, mme a mo raya a re, ''Re bone Mesia'' (fa go phuthololwa go tewa Keresete) 42A mo tlisa kwa go Jeso. Jeso a leba kwa go ene a re,''O Simone ngwana wa ga Johane, o tlaa bitswa Sefase''.(Fa go phuthulolwa: Petere).
4345Letsatsi le le latelang, Jeso o ne a batla go ya Galalea, a bona Filipo mme a mo raya are, ''Ntshale morago.'' 44Jaanong Filipo o ne a tswa ko Bethesaita, motse wa ga Anterea le Petere.Filipo a bona Nathaniele a mo raya a re, ''Ke mang Moshe yo o kwadileng molao, le baporofeti, re mmone: Jeso morwa Josefa, go tswa Nazaretha.''
46Nathaniele a mo raya a re, ''A sengwe se sentle se ka tswa mo Nasaretha?'' Filipo a mo raya a re, ''Tlaya o bone.'' 47Jeso o bone Nathaniele a tla ko go ene a bo a bua ka ene a re, ''Bona, Moiseraela wa boammaruri, yo go senang tsietso mo go ene!'' 48Nathaniele a mo raya a re, ''O nkitse jang?'' Jeso a mo araba a re, ''Pele ga Filipo a go bitsa, fa o le ka fa tlase ga setlhare sa mofeige, ke go bone.''
49Nathaniele a fetola, ''Rabi, O Morwa wa Modimo! O kgosi ya iseraela!'' 50Jeso a fetola a mo raya a re, ka gore ke go reile ka re, ke go bone ka fa tlase ga setlhare sa mofeige,' a o a dumela? O tla a bona dilo tse dikgolo go feta tse.'' 51Mme a re, ''Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, le tlaa bona magodimo a butswe, baengele ba tlaa tlhatloga e be ba fologela mo go Morwa Motho.''
111Jaanong monna mongwe yo a bidiwang Lasaro a bo a lwala. O ne a tswa kwa Bethani, motse wa bo Marea le monnawe Maretha . 2Ene e le Marea yo a neng a tlotsa Morena ka leokwane a bo a mo sutha dinao ka moriri wa gagwe, yo kgaitsadie e bong Lasaro a neng a lwala.
3Bokgaitsadie ba romela bangwe ko go Jeso ba re "Morena, bona, yo o mo ratang o a lwala". 4Fa Jeso a utlwa se, a re, "bolwetse jo ga se jo bo isang lesong, mme ke bo bo tisang kgalalelo ya Modimo gore Morwa Modimo a tle a galalediwe ka jone".
5Jalo Jeso a bo a rata Maretha, monnawe le Lasaro. 6Fa a sena go utlwa gore Lasaro o a lwala, Jeso o ne a nna malatsi a le mabedi gape kwa lefelong le a neng a le teng. 7Moragonyana ga se, a ra ya barutwana a re, "a re eng ko Jutia gape."
8Barutwana ba mo ra ya ba re, "Moruti gompiemo Bajuta ba batla go go bolaya ka majwe, jaano o boela teng gape? 9Jeso a araba "a ga gona dioura tse 12 tsa lesedi mo letsatsing? Fa motho a tsamaya mo leseding, ga ana go kgopiwa ka gore o bona ka lesedi la lefatshe le.
10Le fa go ntse jalo, fa a tsamaya bosigo, o tla kgopiwa ka gore ga a bone ka go sena lesedi. 11O ne a bua dilo tse, morago ga dilo tse, a ba ra ya a re, "Tsala ya rona Lasaro o robetse, mme ke a tsamaya gore ke e go mo tsosa."
12Barutwana jalo ba mo raya ba re, "Morena, fa e le gore o robetse o tla tsoga." 13Jeso o ne a buile ka leso la gagwe, mme ba ne ba akanya gore o bua ka go robala ga go itapolosa. 14Jeso a bua nabo a thamaletse a re, "Lasaro o thokafetse.
15Ke itumetse, ka ntlha ya lebaka la lona, gore ke ne ke seo fa go diragala, gore le tle le dumele. A re eng kwa go ene." 16Tomase, yo a bidiwang Dimase, a raya barutwana ka ene a re , "a re tsamaeng le rona gore re tle re swe le Jeso."
17Fa Jeso a goroga, o ne a fithela Lasaro a setse a le mo lebitleng malatsi a le mane. 18Jaanong Bethani o ne a le gaufi le Jerusalema, mo e ka nnang dikilometara di le 3. 19Bajuta ka bontsi ba ne ba tlile go gomotsa Marea le Maretha ka lebaka la loso la kgaitsadia bone. 20Maretha, ene ya re a utlwa gore Jeso o a goroga, a ya go mo kgatlhantsa, mme Marea o ne a ntse mo ntlong.
21Maretha a ra ya Jeso a re, "Morena, fa o ne o le fa kgaitsadiake o ka bo a ne a sa swa. 22Le gompieno ke a itse gore sengwe le sengwe se o se kopang mo Modimong, o tla go se neela." 23Jeso a mo raya a re, "kgaitsadio o tla tsoga gape."
24Maretha a mo raya a re, "ke a itse fa a tla tsoga mo tsogong ya baswi ka tsatsi la bofelo. 25Jeso a mo raya a re, "ke nna tsogo le botshelo; yo a dumelang mo go nna le fa a swa, o tla tshela; 26Le fa e le yo a tshelang a dumela mo go nna ga a kitla a swa. A o dumela se?"
211Morago ga dilo tse Jeso a itshupegetsa Barutwana ba gagwe gape kwa lewateng la Tiberia. O ne a itshupa jaana. 2Simone Petere o ne a na le Tomase e bong Dimase, Nathaneele wa ko Kana wa Galalea, barwa Sebetia le barutwana ba bangwe ba ga Jeso ba le babedi. 3Simone Petere a ba ra ya a re, "ke ya go tshwara ditlhapi." Ba mo ra ya ba re le rona re tsamaya le wena." Ba tsamaya ba tsena mo mokorong, mme ba seka ba tshwara sepe bosigo jotlhe.
4Jaanong gabo go setse go le mo mosong, Jeso a ema fa thoko ga lewatle barutwana ne ba sa itse gore ke Jeso. 5Jalo Jeso a ba ra ya a re, "Makawana a le na le sengwe sa go ja?" Ba mo araba ba re, "nnyaa." 6O ne a ba raya a re latlhelang letlowa la lona ka fa mojeng wa mokoro, le tla bona sengwe."Jalo ba tikela letlowa la bone mme ba ne ba seka ba kgona go le goga ka lebaka la ditlhapi tse ditsi tse ditona.
7Ke fa morutwana yo Jeso a mo ratang a ra ya Petere a re, "ke Morena." Fa Simone Petere a utlwa gore ke Morena, a apara(go nne o ne a sa apara) ,a itlathela mo lewateng. 8Barutwana ba bangwe ba ne ba tla mo mokorong ( ka gore ba ne ba se kgakala di metara di le 90) ba goga letlowa le tletse ka dithaphi. 9Fa ba goroga kwa ntle ga lewate ba fitlhela molelo wa magala o tuka go besitswe tlhapi, go na le borotho.
10Jeso a ba ra ya a re tlisang bontlha bongwe ba ditlhapi tse le di tshwereng, 11Simone Petere a ya go gogela letlowa mo lefatsheng le tletse ka ditlhapi tse 153. Di ne dile dintsi, mme letlowa le ne le sa kgagoge.
12Jeso a ba ra ya a re, "tla le jeng dijo tsa maphakela, ga bo go sena ope wa bone yo a neng a mmotsa gore, "O mang?" ka gore bane ba itse fa e le Morena. 13Jeso a tla, a tsaya borotho le tlhapi a ba neela. 14E ne e le laboraro Jeso a iponagaletsa barutwana ba gagwe fa a sa le a tsoga mo baswing.
15Morago ga go ja dijo tsa maphakela, Jeso a ra ya Simone Petere a re, "Simone morwa Johane a o a nthata go feta se?" Petere a mo ra ya a re, "Ee Morena o a itse gore ke a go rata." Jeso a re, "jesa dikonyana tsame." 16A mmotsa gape labobedi a re, "Simone morwa Johane a o a nthata?" Petere a re "Ee Morena, o a itse gore ke a go rata." Jeso a mo raya a re. "Tlhokomela dinku tsame."
17O ne a mo raya laboraro a re "Simone morwa Johane a o a nthata?" Petere o ne a utlwa bothoko ka gore Jeso o ne a mo ra ya laboraro a re "A o a nthata?" O ne a mo ra ya a re Morena o itse dilo tsotlhe, o itse gore ke a go rata." Jeso a mo ra ya a re "Jesa dinku tsame." 18Ke le bolelela boamaruri fa o ne o le mmotlana o ne o ikapesa o ya le ko o batlang teng, mme fa o gola, o tla thapolola letsogo mongwe a bo a go apesa, a bo a go isa ko o sa batleng teng."
19Jaanong Jeso o ne a bua se go supa mofuta wa leso le Petere a tla galaletsang Modimo ka lone. Fa a sena go bua dilo tse Jeso a raya Petere a re "Ntshela morago."
20Petere a retologa a bona morutwana yo Jeso a mo ratang a ba setse morago; ene yo a neng a robetse mo sefubeng sa ga Jeso ka nako ya dijo tsa maitseboa a bo a re," Morena ke mang yo a tla go rekisang?" 21Petere a mmona a raya Jeso a re, "Morena, monna yo o tla diragalelwa ke eng ene?"
22Jeso a mo raya a re," fa ke batla a nna gofitlhela ke tla, mong go raya eng mo go wena? ntshela morago." 23Mafoko a ne a phatalala mo go bone botlhe, gore morutwana yo, ga a na go swa. Ntswa Jeso a ne a sa ra ya Petere a re morutwana yo ga a na go swa, mme, " fa ke ba tla a nna gofitlhela a swa, mong go raya eng mo go wena?"
24Yo ke ene morutwana yo a pakang ka dilo tse, yo a kwadileng dilo tse, re a itse fa bopaki jwa gagwe bo le nnete. 25Gona le dilo dile dintse tse Jeso a di dirileng. Fa ne di kwadile tsotlhe, ke tsaya gore le lefatshe le ne le ka seke le tseye dibuka tse go kwadileng mo tleng.