1 Petere 1
11Petere, moaposetole wa ga Kesete Jeso, go bajaki ba ba nnang gongwe le gongwe, ba ba kgethilweng, go tsweng kwa Ponto, Galatia, Kapatokia, Asia le Bithinia. 2Mo ke ka kitso ya pele ya Modimo Rara, arologantsweng ke moya mo kutlong le mo kgatshong ya madi a Morena Jeso Keresete. A tshegofatso e nne le lona, le kagiso ya gago e oketsege.
3A Modimo le Rara wa Morena wa rona Jeso Keresete a segofadiwe, ka mautlwelo botlhoko a magolo, o re file tsalo e ntsha, ka tsholofelo ya go rua boswa.Go rua boswa moo ke ka ntlha ya tsogo ya Morena Jeso Keresete mo baswing. 4Gonne boswa jo, ga bona go nyelela , kana go leswafadiwa, ga bo kitla bo feta. Jo le bo boloketsweng ko legodimong. 5Le sireleditswe ka maatla a Modimo ka ntlha ya tumelo. Ka poloko ee bakantsweng go senoga mo motlheng wa bofelo.
6Le itumetse ka tse, ka jalo le fa go le maleba gore le utlwe botlhoko ka mathata a farologanyeng. 7Se ke tshupo ya tumelo ya lona, e e botlhokwa go feta gouta e nyelelang, le fa e lekilwe ka molelo.Se se direlwa gore tumelo ya lona e tle e bonaladiwe mo dipakong tsa lona, kgalalelo, mme le tlotlo mo go bonagaleng ga ga Keresete Jeso.
8Ga le ise le mmone, mme le a mo rata. Ga le mmone gompieno, mme le dumela mo go ene mme le itumetse mo go sa buiweng, boitumelo jo bo galalelang. 9Jaanong le a ikamogelela maduo a tumelo ya lona, le poloko ya moya wa lona. 10Baporofite ba batlisisitse ba bo ba botsisisa ka poloko ena, ka tshegofatso e tla nnang ya lona.
11Ba batlisisitse go itse gore mowa o o mo go Keresete mo go bone,o ne o bua mo go bone.Se se ne se diragala ka gore o ne a ba bolelelela ko pele ka go bogisiwa gaga Keresete le tsotlhe tse di molemo morago ga moo. 12Go senotswe mo go bone gore ga ba itirele, mme ba direla wena, fa ba bua ka dilo tse, tse di setseng di builwe ke ba ba rerang efangedi mo go lona ka moya o boitshepo o rometsweng go tswa legodimong - dilo tse baengela ba tlhwaafalelang go di leba.
13Jaanong tlamang matheka a ditlhaloganyo tsa lona, lo itekanele. Bayang tshepo mo tshegofatsong e le tla e tsisediwang mo tshenolong ya ga Keresete Jeso. 14Jaaka bana ba ba kutlo, le seka la bopegela mo dikeletsong tse lo ne le di setse morago fa le ne le tlhoka kutlo.
15Jaaka yo o le biditseng a le boitshepo, le wena, nnang boitshepo mo maitsholong a lona otlhe. Gonne go kwadilwe gore, 16''Nnang boitshepo, ka gore ke boitshepo.'' 17Mme ga o bitsa ''Rra '' ene yo atlholang a se mo letlhakoreng lepe go ya ka tiro ya mongwe le mongwe, nako e lo tsayang loeto ka tlhwaafalo.
18La itse gore e ne e se ka selefera kgotsa gouta e e nyelelang, gore le rekolotswe mo boitshwarong jo bo sa letlelesegeng jo le bo rutilweng ke borra lona. 19Mme, le rekolotswe ka madi a botlhokwa a ga keresete, yo o neng a tshwana le kwana e e senang molato kgotsa selabe.
20Keresete o ne a kgethilwe pele ga motheo wa lefatshe, jaanong o senotswe mo go lona ka metlha ya bofelo. 21Ka ene le dumela mo Modimong, yo o tsositsweng mo baswing le mo go ene yo o filweng kgalalelo gore tumelo le tshepo di nne mo Modimong.
22O dirile moya wa gagwe gore o itsheke le kutlo mo nneteng. Mo e ne e le lorato le le bonolo la sekaulengwe, jaanong ratanang ka tlhwaafalo go tswa mo pelong. 23Le tsetswe sesha, e seng mo peong e nyelelang, mme go tswa mo peong e e sa nyeleleng, go tswa mo dikwalong tse di tshelang tse di setseng tsa Morena.
24Gonne, ''Nama yotlhe e tshwana le bojang, gonne kgalalelo e tshwana le sethunya sa bojang. Bojang bo a omelela, dithunya di a tlhotlhorega, 25mme lefoko la Morena le eme ka bosakhutling. '' A ke mafoko a mantle a le neng le a itsisiwa.
21Tlosang dilo tsotlhe tse di bosula,tsietso,boitimokanyo,tshakgalo, lefufa le ditshebo. 2Jaaka bana ba e leng gone ba tsholwa ba ba nyoretseng mashi a semowa , gonne ka one le tshwanetse go gola mo polokong, 3fa le utlwile gore Morena o molemo.
4Tlaang ko go ene yo eleng lentswe le le tshidileng le le gannweng ke batho, mme e le, le le kgethilweng ke Modimo a le botlhokwa mo go ene. 5Le lona le tshwana le mantswe a tshidileng a a agiwang go nna ntlo ee boitshepo gore le tle le nne magosi a a boitshepo aa ntshang setlhabelo se se boitshepo se se amogelesegang fa pele ga Modimo ka Jeso Keresete.
6Lokwalo la re" Bonang, ke baa lentswe mo Sione lentswe la motheo le le kgethilweng le le tlhwatlhwa, mongwe le mongwe oo dumelang mo go ene ga a kitla a tlhabisiwa ditlhong.
7Tlotlo ke ya lona ba lo dumelang,"Mme, ''lentswe le gannwe ke baagi, mme e nnile lentswe le legolo la motheo," 8mme"lentswe le le kgoreletsang le lefika le le kgoreletsang"a kgoreletsa ba ba sa dumeleng lefoko gonne ke sone se ba se beetsweng.
9Mme lona le batho ba ba kgethilweng,ba losika la segosi tshaba ee boitshepo,barua boswa ba modimo, gore le tle le itsese ditiro tse di molemo tsa ene yo o le biditseng go tswa mo lefifing a le biletsa go ya ko leseding le le gakgamatsang. 10Le ne le se batho, mme jaanong le batho ba Modimo. Le ne le sa amogela mautlwelobotlhoko, mme jaanong le amogetse mautlwelobotlhoko.
11Baratwa, ke le bitsa jaaka baeng le bajaki ikgapheng mo dikeletsong tsa nama, tse di lo direlang ntwa kgatlhanong le mewa ya lona. 12Le tshwanetse gore le nne le boitshwaro jo bo ntle magareng ga ba ditshaba,gore e re le bua le lona ka gore le dirile dilo tse di bosula,ba tle ba bone ditiro tsa lona tse di molemo mme ba tle ba galaletse Modimo mo go tleng ga letsatsi la gagwe.
13Tlotlang taolo ya batho botlhe ka lebaka la Morena, tlotlang kgosi le bogosi jwa one , 14balaodi ba ba romilweng go tla go otlhaya ba dira bosula le go galaletsa ba ba dirang tiro ee ntle. 15Gonne mo ke yone thato ya Modimo, gonne mo go direng molemo lo didimatsa dipuo tse di sa tlhomamang tsa dieleele. 16Jaaka batho ba ba golotsweng se diriseng kgololesego ya lona go apesa bosula mme nnang jaaka batlhanka ba Modimo. 17Tlotlang batho botlhe, ratang bakaulengwe, boifang Modimo, tlotlang kgosi.
18Batlhanka, nnang kutlo mo baeteledi pele ba lona ka tlotlo yotlhe. Le seka la nna kutlo fela mo baeteledi pele ba ba siameng le nne kutlo le mo go ba ba sa siamang. 19Gonne go a lebosega fa motho a itshokela dipogisego tsa go tlhoka tshiaomo kantlha ya kitso ya gagwe ya Modimo. 20E ka nna tlhwatlhwa e e kae fa re leofa mme ra bo re itshoka fa re bogisiwa? Mme fa o dirile molemo o tla boga, fa o otlhaiwa jalo ke kgalaletso e tshwanetseng Modimo.
21Gonne ke sone se lo se bileditsweng, ka gore keresete o bogiseditswe lona, o tlogetse sekao gore le tsamae mo dikgatong tsa gagwe. 22Ga a ise a dire sebe sepe, le fa e le tsietso ga e a fitlhelwa mo molomong wa gagwe. E rile ba mo kgoba ka mafoko, ga a ise a ipusolosetse. 23E rile ba mo kgokgontsha ga a ise a ipusolosetse, mme o ile a ineela mo go ene o o atlholang ka tshiamo.
24Ene ka bo ene o tsere maleo a rona ka mmele wa gagwe a a isa ko setlhareng, gore re se ka ra tlhola re nna le seabe mo sebeng, gore o tle o tshelele tshiamo. Gonne ka di petso tsa gagwe re fodisitwe. 25Gonne le ne le timetse jaaka dinku, gonne gone gompieno le boetse mo Modiseng le motlhokomedi wa mewa ya lona.
31Ka tsela e, lona ba le leng basadi le tshwanetse la ikokobeletsa banna ba lona. Dirang se lefa banna ba bangwe ba tlhoka kutlo mo lefokong, ba ka fenngwa le fa go sena lefoko, ka boitsholo ja basadi ba bone. 2Ka gore ba tla bo ba bone maitsholo a lona a a bonolo ka tlotlo.
3A e seka ya dirwa ka mokgabo wa ko ntle: meriri e e logilweng, le go ikgabisa ka gouta, le go apara dilwana tsa mokgabo. 4Mme, a go dirwe ka setho sa ka ko teng ga pelo, le bontle ja moya o o didimetseng o le bonolo, o o montle fa pele ga modimo.
5Gonne basadi ba ba boitshepo ba kile ba ikgabisa ka tsela e. Ba ne ba na le tshepho mo modimong ba bo ba ikobela banna ba bone. 6Ka tsela e Sarah o ne a nna kutlo mo go Aborahame a bo a mmitsa Morena wa gagwe. Jaanong o nna ngwana wa gagwe fa o dira se se molemo ebile o sa tshabe mathata.
7Ka tsela e, lona banna le tshwanetse go tshela le basadi ba lona go yeng ka go tlhaloganya, jaaka sejana se se bokoa, mosadi. Le tshwanetse la ba fa tlotlo jaaka baja boswa ka lona ba mpho ya botshelo. Le dire se gore dithapelo tsa lona di seka tsa kgoreletsega.
8Sa bofelo, lona lotlhe, nnang ka ditlhaloganyo tse di tshwanang, bopelotlhomoge, le rata jaaka bakaulengwe, pelo e e bonolo, le boikobo. 9Se buseletse bosula ka bosula kana matlhapa ka matlhapa. Mme bogolo, tswelelang ka go segofatsa, ka gore ka se le ne le biditswe, gore le rue tshegofatso boswa.
10"Ene yo o ratang botshelo a bo a bona malatsi a a molemo o tshwanetse go emisa leleme la gagwe mo bosuleng le dipounama tsa gagwe go bua tsietso. 11A tswe mo dilong tse di bosula a bo a dira tse di molemo. A bate kagiso a bo a e sala morago. 12Matlho a modimo a bona basiame, le ditsebe tsa gagwe di utwa dikopo tsa bone. Mme sefatlhego sa modimo se kgatlhanong le ba ba dirang bosula."
13Ke mang ene yo o ka go utusang botlhoko fa o eletsa dilo tse di molemo? 14Mme fa o boga ka lebaka la tshiamo, o segofetse. Se boife sepe se ba se boifang. O seka wa tshwenyega.
15Mme, kgaoganya Morena Keresete yo o mo pelong ya gago a le boitshepo. O nne o ipaakanyeditse ka nako tsotlhe go araba yo o go botsang gore ke eng o na le tshepo mo modimong. Dira se ka bonolo le ka tlotlo. 16Nna le letswalo le le siameng gore batho ba ba rogang botshelo ja gago jo bontle mo go Keresete ba tlhabiwe ke ditlhong ka gore ba bua kgatlhanong le wena ekete o ne o le modira bosula. 17Go botoka, fa modimo a eletsa, gore o bogele go dira molemo gona le go dira bosula.
18Keresete le ene o kile a boga a bogela maleo. Ene yo o siameng o re bogetse, rona ba re neng re sa siama, gore a re tsise ko modimong. O ne a bolawa mo nameng, mme o ne a tshedisiwa ka Moya. 19Ka Moya, a tsamaya a ya go rerela mewa e gone jaana e leng mo kgolegelong. 20Ba ne ba tlhoka kutlo fa ne bopelotelele ja modimo bo eme ka malatsi a ga Noah, mo malatsing a go aga Areka, mme Modimo a boloka batho ba se bantsi - mewa e le boferabobedi - ka metsi.
21Se ke bokao ja kolobetso e e le bolokileng gone jaana - e seng jaaka go tlhatswiwa ga leswe mo metsing. Mme jaaka go ikuela ga letswalo le le siameng ko modimong - go tsweng mo go tsogeng ga ga Jeso Keresete. 22Keresete o mo letsogong le le siameng la modimo. O tsene mo legodimong. Baengele, ditaolo, le maatla a tshwanetse a obama ko go ene.
41Mme jaanong, ka gore Keresete o bogile mo nameng, ithatafatseng ka maikalelo a a tshwanang, ka gore ope yo o bogileng mo nameng o emisitse go tswa mo boleong. 2Ka lebaka, motho wa go tshwana le yo, ka nako yotlhe ya gagwe mo senameng, ga a sa tlhola a tshelela dikeletso tsa setho, mme o tshelela thato ya Modimo.
3Gonne nako e e lekaneng e fitile go dira se baditshaba ba neng ba batla go se dira - dikeletso tse di tseneletseng, lorato, botagwa, go rokotsa, menate, le ditiro tsa medingwana tsa matlhalobisa ditlhong. 4Ba akanya gore ke dilo tse di sa tlwaelesegang go bo le sa kopana le bone mo merwaleleng ya tlhakatlhakano, jaanong ba bua bosula ka lona. 5Ba tla neela pego ko go ene yo o ipaakanyeditseng go atlhola batshidi le baswi. 6Ka lebaka le mafoko a a molemo a ne a reriwa le mo go ba ba suleng, gore, le ntswa ba ne ba atlhotswe mo nameng jaaka batho, ba ka tshela jaaka modimo mo moweng.
7Phelelo ya dilo tsotlhe e tla gautshwane. Mme ke gone nnang le mogopolo o o tlhomameng, nnang le megopolo e e iketileng mo dikakanyong tsa lona ka lebaka la thapelo. 8Ko godimo ga dilo tsotlhe, nnang le lorato la boammaruri mo bangweng ka lona, ka gore lorato le khurumetsa matshwititshwiti a maleo. 9Tshwarang ba bangwe sentle le sa ngongorege.
10Jaaka mongwe le mongwe wa lona a amogetse mpho, e diriseng go direla ba bangwe. Dirang se jaaka batlhokomedi ba dimpho tse dintsi tsa Modimo tsa mahala. 11Fa mongwe a bua, a e nne jaaka ditiro tsa Modimo. Fa mongwe a direla, a e nne mo maatleng a modimo a a neetseng. Dirang dilo tse gore mo ditseleng tsotlhe Modimo o ka galalediwa go tswa mo go Jeso Keresete. A e nne mo go Jeso Keresete kgalalelo le maatla go ya ka bosakhutleng. Amen
12Baratwa, le seka la kaya ele selo se se sa itsegeng molelo o o le diragaletseng, jaaka e kete ke selo se se sa itsagaleng se le diragaletse. 13Mo boemong, le fa go le gontsi mo le go itemogetseng ka Keresete, itumeleng, gore le tle le ipele le bo le itumele mo go supagaleng ga kgalalelo ya gagwe. 14Fa ele gore le rogelwa leina la ga Keresete, o segofetse, ka gore moya wa kgalalelo le moya wa Modimo o ntse mo go lona.
15Mme le se letelele ope wa lona go boga jaaka mmolai, legodu, modira bosula, motho yo o itsenyang mo dikgannyeng tse di sa mo tshwanelang. 16Mme fa mongwe a boga jaaka Mokeresete,a a seka a tlhajwa ke ditlhong; mo boemong, a galaletse modimo ka leina leo.
17Ka gore ke nako ya katlholo go simolola ka ba ntlo ya Modimo. Fa go simolola ka rona, ditlamorago tsa ba ba sa obameleng mafoko a a molemo a Modimo e tla nna nna jang. 18Mme "Fa ele gore monna wa mosiame o bolokwa go le thata, ba ba senang modimo le badira dibe ba tla bonagala jang?" 19Mme jaanong ba ba bogang ka lebaka la la thato ya ga Modimo ba tshephe mewa ya bone mo mmoping yo o boikanyego mo go direng sentle.
51Ke kgothatsa bagolwane magareng ga lona, nna, yo ke leng mongwe wa bagolwane. Le nna gape ke mosupi mo dipogisego tsa ga Keresete, mme gape ke tla nna motsaya karolo mo kgalalelong e e tla senolwang. 2Jaanong, ke a le kgothatsa, bagolwane, tlhokomekomelang letsomane la Modimo le le magareng ga lona. e seng ka gore le a patalesega, mme e le ka go eletsa, go yeng ka thato ya Modimo. Ba tlhokomeleng, e seng ka go batla madi ka bofafalele, mme ka go rata. 3O seka wa itsaya jaaka morena mo godimo ga batho ba ba mo tlhokomelong ya gago. Boemong nna sekao mo letsomaneng. 4Mme e tla a re fa Modisa yo mogolo a sena senolwa, lo tla amogela serwalo sa kgalalelo se se sa swabeng.
5Ka yone tsela e e tshwanang, lona makawana ikokobeletseng ba bagolwane mo go lona.Lona lotlhe, apesang bolona ka boikokobetso a bo lo direle mongwe ka mongwe. Gonne Modimo o ganana le baikgogomosi, mme o neela tshegofatso mo go ba ba ikokobetsang. 6Mme ke gone ikokobetseng ka fa tlase ga letsogo le le thata la Modimo gore a tle a le tsholetse mo nakong e e leng yone. 7Latlhelang go tlhobaela gotlhe ga lona mo go ene, gonne o a kgathala ka lona.
8Itekanele, nna kelotlhoko. mopateletsi wa lona, diabole, o tsamaya a dikologa jaaka tau e e bopang, a senka mongwe go mo senya. 9Emang kgatlhanong le ene. Nonofang mo tumelong ya lona. Lo itse gore ba bangwe ba ba dumetseng mo lefatsheng ba itshokela dipogiso tse di tshwanang.
10Morago fa lo sena go boga ka lobakanyana, Modimo wa tshegofatso yotlhe, yo o lo bileditseng mo kgalalelong ya bosakhutling mo go Keresete, o tla lo siamisa, a bo alo thatafatsa. 11Mo go ene a gonne taolo go ya bosakhutleng, Amen.
12Ke tsaya Selifano e le mokaulengwe yo o boikanyego, mme ke lokwaletse ka bokhutshwane go tswa mo go ene. Ke ya lo kgothatsa e bile ke pakela mo go lona gore se ke se kwadileng ke boammaruri jwa tshegofatso ya Modimo. Emang mo go yone. 13Mosadi yo o kwa Baebilone, yo o tlhophilweng ga mmogo le lona, o a le dumedisa. Gape Mareko, morwaake, o a le dumedisa. 14Dumedisanyang ka katlo ya lorato. A kagiso e nne le lona lotlhe ba lo mo go Keresete.