Ditiro
11Mo Lokwalong lame le ke le kwadileng gole pele, Theofilo, kene ka rulaganya dilo tsotlhe tse Jeso ane simolotseng a di dira le go diruta, 2go fitlha letsatsi le a neng a tlhatlogela kwa godimo.Se se ne sa nna morago ga gore a fe barutwana ba gagwe ba a neng a ba itlhopetse taelo ka Mowa o Boitshepo. 3Ene ya re morago ga bogisiwa, a itshupa mo barutwane ba gagwe a tshela, ka ditsela tse di farologanyeng. O ne a ba itshuphegetsa ka malatsi a le masome a mane, a bua le bone ka puso ya Modimo.
4Ya re a kopane le bone a ba fa taelo ya gore ba seka ba tswa mo Jerusalema go fitlhela ba bona tsholefetso e Rara a ba e solofeditseng, e ne ya re a bua ka ga yone aba raya are " Le utlwile kana gore 5Johane o ne a kolobetsa ka metsi hela, mme mo malatsing a makhutswane lona le tla kolobetswa ka Mowa o Boitshepho."
6E ne ya re ba kopane ba le mmogo ba mmotsa ba re, " Morena, a e ke nako ya gore jaanong Rara a busitse puso mo Israele?" 7A ba raya are " Ga le a tshwanna go itse ka dinako le dipaka tse Rara a di beileng ka Taolo ya gagwe. 8Mme le tla amogela nonofo, fa Moya o Boitshepho o tla mo go lona, le tla nna basupi bame mo Jerusalema, Jutia, Samarea, le go ya kwa bokhutlong jwa lefatshe."
9Morago ga gore Morena Jeso a bue dilo tse, fa ba santse ba lebile kwa godimo, a tsholelediwa ko godimo, leru la mofitlha gotswa mo matlhong a bone. 10Yare ba santse ba mo lebeletse ka kelotlhoko jaaka a tlhatlogela kwa legodimong, ka ponyo ya leitlho ga e ma fa go bone banna ba le babedi ba apere diaparo tse ditsweu. 11Ba re, "Lona banna ba Galalea, le lelaletseng kwa legodimo? Jeso ene yo tlhatlogetseng kwa legodimong, o tla boa a tla ka tsela e e le moneng aya kwa le godimong ka yone."
12Ba ne ba bowela Jerusalema go tswa ko thabeng ya Letlhware e neng e bapile le Jerusalema, mosepele fela wa letsatsi la sabata. 13ba gorogele kwa ntlong e e kwa godimo, kwa ba neng ba nna teng. E ne ele Petere, Johane, Jakobe, Anterio, Filipo,tomase Batelemeo, Mathaeo, Jakobe morwa Alefeose, Simone morwa Selote le Jutase morwa Jakobe. 14Ba ne ba tshwaragane ba le seopo sengwe ba rapela ka kelelelo ka nako tsotlhe. Bane ba nale le basadi, ebong Marea maagwe Jeso, le Bomorwaraagwe.
15Mo malatsing ao Petere o ne a ema mo gare ga bakaulengwe, ba ba neng ka dipalo ba le lekgolo le masome a le mabedi, a bua jaana a re, 16"Bakaulengwe, gonne go tshwanela gore dikwalo di rurufadiwe, tse Mowa o Boitshepho a dibuileng ka molomo wa ga Tafita, ka ga Jutase yo o neng a kaela batho ba ba neng ba tshwara Jeso.
17Gonne e ne ele mongwe wa rona, yo o neng a amogela seabe sa gagwe sa bodiredi jo." 18( Monna yo o ne a reka tshimo ka madi a boneng ka go dira bosula, o ne a wa ka sefatlhego pele, mmele wa gagwe wa phatloga, mala a gagwe otlhe a atsologela kwa ntle. 19Batho botlhe ba ba neng ba nna mo Jerusalema ba utlwa ka se, ba bitsa tshimo ka teme ya bone ba re "Akeladama" se se rayang "Tshimo ya madi".)
20Go nne go kwadilwe mo bukeng ya dipesalema gatwe "A tshimo ya gagwe etswe legola, a go senne motho ope yo a nnang teng; 'ebile maemo a gagwe a boeteledipele atsewe ke yo mongwe'.
21Go a tlhokafala Jaanong gore mongwe wa banna ba ba tsamaileng le rona fa Morena a ne a santse a na le rona, 22go simolola ka nako ya kolobetso ya ga Johane, go fitlha nako e a neng a tsewa mo go rona, o tswanetse go tswa mosupi le rona ka ga tsogo ya gagwe." 23Ba ne ba ntsha banna ba le babedi, Josefa yo o neng a bidiwa gotwe Barabasa, yo a neng gape a bidiwa gotwe Jasetase, le Matease.
24Ba ne ba rapela ba re, "Wena, morena ke wena o itseng dipelo tsa batho botlhe, jaanong re supegetse gore mobobedi jo o tlhophile 25mang tsaya bodiredi le boaposetola jo a botlogetseng go ya tatlhegong." 26Ba dira khupelekhupele, ba tlhopha Matiase, yo a neng jaanong a tlatsa ba ba lesome le motso.
21Fa letsatsi la pentakosete le tla, ba ne ba le mmogo mo lefelong le le lengwe. 2Ka bonako ga tla mosumo o mogolo go tswa legodimong o utlwala jaaka phefo ee masetla, mme ya apesa ntlo yotlhe e ba neng ba ntse mo go yone. 3Ga tla mo go bone diteme tse di mo tshwanong ya molelo , tsa nna mo go mongwe le mongwe wa bone. 4Botlhe ba ne ba tladiwa ka Moya yo o Boitshepo mme ba bua ka diteme tse di farologanyeng, jaaka Moya o ba neetse go bua.
5Mme ga bo go le Bajuta ba ba nneng ba nna mo Jerusalema, batho ba ba boifang Modimo, go tswa mo tshabeng nngwe le nngwe tlase ga legodimo. 6Fa mosumo o o utlwala, bontsintsi jwa batho jwa phuthega mme jwa tsietsega ka gore mongwe le mongwe o ne a utlwa ba bua ka teme ya gagwe. 7Ba ne ba hakgamala thata ba re,"Tota! a gase gore botlhe ba ba buang ba ke Bagalalea?
8Ke ka goreng re ba utlwa, bangwe le bangwe ka puo ya rona e re tshotsweng ka yone? 9Bapharatha, Bamedia, le Baelame le ba ba nnang mo Mesopotamia, mo Jutia le Kapatokia, mo Ponto le mo Asia, 10Mo Feregia le Pamefilia, mo Egepeto le dikarolo tsa Lebia ka Kirene, le baeng go tswa ko Roma, 11Bajuta le Baditshaba ba ba sokologetseng mo sejuteng, Bakereta le Baarabia, re ba utlwa ba bua ka diteme tsa rona ka ditiro tse dikgolo tsa Modimo''.
12Ba sala ba hakgametse, mme ba raana bare, ''se se rayang eng?'' 13Bangwe ba ba sotla mme bare, ''ba tagilwe ke mofine o mosha.''
14Mme Petere a ema le ba ba lesome le motso, a tsholetsa lentswe la gagwe, a ba raya are,'' banna ba Jutea le botlhe ba ba nnang mo Jerusalema , itseng se, sekegelang mafoko ame tsebe. 15Batho ba ga baa tagwa jaaka le akanya, ka gore e santse ele oura ya boraro ya letsatsi.
16Mme se ke se se boletsweng ke moporofiti Joele ,1717 'Mo malatsing a bofelo,' Modimo are, 'ke tlaa tshela moya wame mo bathong botlhe. Barwa le barwadia lona ba tlaa porofeta, makawana ba tlaa bona diponatshegelo mme bannabagolo ba tlaa lora ditoro.
18Gape mo malatsing ao ke tlaa tshela Moya wa me mo batlhankeng bame ba basimane le basetsana mme ba tla a porofita. 19Ke tlaa supa dikgakgamatso tsa madi, molelo, le mosi mo lewaping le mo lefatsheng ko tlase.
20Letsatsi le tlaa fifala, ngwedi o tlaa nna jaaka madi,pele ga letsatsi le legolo la Morena le tla. 21Mme mongwe le mongwe yoo bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa.
22Banna ba Israele utlwang mafoko a; Jeso wa Nnasaretha yo ditiro tsa gagwe tse dikgolo di supilweng ke Modimo mo gare ga lona jaaka lo itse, 23Ka ntlha ya lenaneo la Modimo le kitso ya pele ya Modimo , o ne a neelwa mo diatleng tsa baba, mme lona, ba le senang molao, la mmapola la mmolaya. 24Yo Modimo a mo tsositseng, a ntsha ditlhabi tsa loso mo go ene, ka gore go ne go sa kgonege gore loso le ka mo rua.
25Gonne Tafita o buile ka ga gagwe a re, 'ke bone Morena fa pele ga sefatlhego sa me ka nako tsotlhe, gonne o ka fa letsogong le legolo la me gore ke seka ka suta. 26Ka jalo pelo yame ya itumela, loleme lame la ipela le mmele wame o tla nna ka boitekanelo.
27Mme gao kitla o tlogela moya wame go ya diheleng, le gone ga o kitla o letlelela Moitshepi wa gago go bola. 28O ntshupegeditse ditsela tsa botshelo; sefatlhego sa gago se tla ntlatsa ka boitumelo.
29Bagaetsho, nka bua le lona ka bopelokgale ka rraetsho Tafita: yo o suleng mme a fitlhwa, le lebitla la gagwe le na le rona gompieno. 30Jalo he, e ne ele moporofiti mme a itse gore Modimo o ikanne, gore o tlaa tlotlomatsa lengwe la leungo la mmele wa gagwe mo teroneng ya gagwe. 31O ile a bonelapele selo se, mme a bua ka tsogo ya ga Keresete, 'Ga a tlogelwa mo diheleng, le mmele wa gagwe ga wa bola'.
32Jeso yo- Modimo o mo tsositse, mme le rona re basupi. 33Jaanong o tsholeleditswe kwa letsogong le legolo la Modimo o amogetse tsholofetso ya Moya yo o Boitshepo go tswa mo Modimong, o re ntsheditse se, se re se bonang re bo re se utlwa.
34Gonne Tafita gaa ise a tlhatlogele kwa legodimong, mme are, "Morena o ne a raya morena wame are,"Nna mo letsogong le legolo lame, 35go fitlhela ke dira baba ba gago bobeo jwa dinao tsa gago." 36Jalo he, a botlhe ba ntlo ya Iseraele ba itse gore Modimo o mo dirile Morena le Keresete, ene Jeso yo le mmapotseng.
37Fa ba utlwa se, ba tlala ka boikotlhao mo dipelong tsa bone, mme ba raya Petere le botlhe baaposetolo bare" Bagaetsho, re dire eng? 38Petere a ba raya are," A mongwe le mongwe wa lona a ikotlhae, a bo a kolobediwe mo leineng la ga Jeso Kereste gore le itshwarelwe dibe,mme le tla amogela neo ya Moya yo o Boitshepo. 39Gonne tsholofetso ke ya lona, le bana ba lona, le ba ba kgakala, botlhe ba morena modimo wa rona o tla ba bitsang."
40A paka ka mafoko a le mantsi, a ba gwetlha a re, '' Ipolokeng mo kokomaneng e e bosula e''. 41Bane ba amogela lefoko la gagwe mme ba kolobediwa, mme ga tladiwa barutwa ka letsatsi leo ka mewa ele dikete tse tharo. 42Ba ne ba tswelela mo thutong ya baaposetolo le botsalano, mo go robaganyeng borotho, le mo thapelong.
43Poifo ya tla mo go botlhe, dikgakgamatso le ditshupetso di ne tsa dirwa ka baaposetoli. 44Ba ba neng ba dumela ba ne bale mmogo mme ba na le dilo tse di tshwanang. 45Ba ne ba rekisa dithoto le tsotlhe tse ba nang natso mme ba abela batho botlhe, mongwe le mongwe go ya ka fa a tlhokang ka teng.
46Letatsi le letsatsi bane ba tswelela ka tumalano ele nngwe mo tempeleng , mme ba ngathogana borotho mo malwapeng a bone, ba kgaogana dijo ka boitumelo le pelo ee ikokobeditseng; 47Ba galaletsa Modimo mme ba bona botsalano mo bathong botlhe. Morena a ba oketsa tsatsi le letsatsi ka bao ba ba neng ba bolokwa.
31Jalo Petere le Johane ba ne ba ya tempeleng ka nako ya thapelo ka oura ya boferabongwe. 2Monna mongwe, yoo tsetsweng ka bogole one a isiwa tsatsi le letsatsi fa kgorong ya tempele ee bidiwang Bontle ,go ikopela dimpho mo bathong ba ba tsenang mo tempeleng. 3Ya re a bona Petere le Johane ba tloga ba tsena mo tempeleng, a ba kopa dimpho.
4Petere a tsepamisa matlho a gagwe mo go ene, ene le Johane ba mo raya ba re, ''re lebe". 5Monna wa segole a ba leba, ka tsholofelo ya gore ba tla mofa sengwe. 6Mme Petere a mo raya a re, '' selefera le gauta ga ke na natso, se ke nang le sone ke tla a se go neela.Ka leina la Morena Jeso Keresete wa Nnasaretha, tsamaya''.
7Petere a mo tsaya ka letsogo la moja go mo emisa; mme ka ponyo ya leitlho dinao tsa gagwe le marapo a manyenyana a gagwe a nonofa. 8Monna wa segole a tlola, a ema a tsamaya; mme a tsena le Petere le Johane mo tempeleng, a tsamaya, a tlolatlola, ebile a galaletsa Modimo.
9Batho botlhe ba mmona a tsamaya ebile a galaletsa Modimo. 10Ba lemoga gore ke monna yo o ntseng a amogela dimpho fa kgorong ya tempele ya Bontle,mme ba ne ba tletse ka kakabalo le kgakgamalo ka se se mo diragaletseng.
11Fa a ntse a na le Petere le Johane ,batho botlhe ba ya ko go bone mo motlaaganeng o o bidiwang wa ga Solomone, ba hakgametse thata. 12Fa Petere a bona se, a araba a re, ''Lona banna ba Iseraele ke eng le hakgametse? Ke eng le re lebile jaaka ekete ke rona re dirileng gore a eme ka maatla kgotsa bomodimo jwa rona?
13Modimo wa ga Aborehame,Isake le Jakoba, Modimo wa bo rraetsho ,o galaleditse motlhanka wa gagwe Jeso.Ke ene yo le mo isitseng la bo la mo itatola fa pele ga matlho a ga Pilato,fa ene a ne a re o a mo golola. 14Le ganne yo o Boitshepo le Tshiamo, mme la kopa go gololelwa mmolai mo boemong jwa gagwe.
15Le bolaile kgosana ya botshelo, yo Modimo a mo tsositseng mo baswing-mme re basupi ba se. 16Jaanong, ka tumelo e e mo leineng la gagwe-monna yo le mmonang yo ebile le mo itse-leina le ke lone le mo neileng nonofo.Tumelo mo go Jeso ke yone e mo fileng botsogo jo bo feletseng mo matlhong a lona lotlhe.
17Jaanong, bagaetsho, itse gore lona le babusi ba lona le dirile se ka botlhoka kitso. 18Mme dilo tse Modimo a sa leng a di boletse ka melomo ya baporofiti botlhe,gore Keresete o tla boga,o setse a di diragaditse.
19Jalo hee, ikotlhaeng le bo le sokologe,gore dibe tsa lona di itshwarelwe, gore go tle go tle nako ya go nonotshwa go tswa mo Moreneng. 20Gore a tle a tlise Keresete yo le mo neilweng ebong Jeso.
21Ke ene yo legodimo le tshwanetseng go mo amogela go fitlhela puseletso ya dilo tsotlhe,ka se Modimo a se buileng bogologolo ka melomo ya baporofiti ba gagwe ba ba boitshepo. 22Moshe ka nnete o rile, 'Morena o tla ntsha moporofeti yo o tshwanang le nna go tswa mo go bagaeno. Le tla a reetsa sengwe le sengwe se a tla se buang le lona. 23Go tlaa diragala gore ope fela yo o sa reetseng moporofiti yoo, o tla nyelediwa gotlhelele mo bathong.
24Ee, baporofite botlhe go tswa kwa go Samuele, le ba ba tlang fa morago ga gagwe, ba buile ebile ba le itsisitse ka malatsi a. 25Le barwa baporofiti, le ba kgolagano e Modimo a e dirileng le borraeno, jaaka a buile le Aborehama, 'Mo peong ya gago malwapa otlhe a lefatshe a tla segofadiwa.' 26Fa Modimo a sena go tsisa motlhanka wa gagwe, o mo rometse kwa go lona pele, gore a tle a le segofatse ka go le ntsha mo ditseleng tsa lona tsa boikepo.''
41Fa Petere le Johane ba bua le batho, baperesiti le balaodi ba tempele le Basadukae ba tla ko go bone. 2Ba ne ba tshwenyegile thata ka gore Petere le Johane bane ba ruta batho ka tsogo ya baswi jaaka Jeso a tsogileng mo baswing. 3Ba ne ba ba tshwara ba ba tsenya mo kgolegelong go fitlhelela mo mosong, ka letsatsi lenele setse le phirima. 4Mme banna ba le bantsi baba neng ba utlwile molaetsa ba dumela, mme palo ya ba ba dumetseng ya nna dikete tse tlhano.
5Ga diragala gore letsatsi le le latelang, babusi ba bone, bagolwane le bakwadi ba kopana ga mmogo mo Jerusalema. 6Annase, moperesita o mogolo abo ale teng, Kaifase, Johane,Alekesentera le botlhe ba ba sikanang le moperesita o mogolo. 7Fa ba sena go baya Petere le Johane magareng ga bone, ba ba botsa ba re, ''le dirile dilo tse ka nonofo le leina la ga mang ?''
8Petere a tletse ka Moya oo Botshepo aba raya are, ''lona babusi ba batho, le bagolwane, 9fa gompieno re botswa ka tiro e ntle, e e diretsweng monna wa molwetsi - re kare monna yoo o fodisitswe ka tsela efe? 10A se se itsege mogo lona lotlhe le batho botlhe ba Iseraele gore ka leina la ga Jeso Keresete wa Nasaretha, yo le mmapotseng, yo Modimo a mo tsositseng mo baswing -ke ka ga gagwe gore monna yo a bo a eme fa pele ga lona a itekanetse .
11Jeso Keresete ke lentswe le lona jaaka baagi le le nyaditseng, mme lele dirilweng lentswe legolo la motheo. 12Ga gona poloko mo mothong ope gape: Ga gona leina lepe ka fa tlase ga legodimo, le le neetsweng batho gore re bolokwe ka lone''.
13Fa ba bona bopelokgale jwa ga Petere le Johane, ba bona gore ke batho fela, ba ba sa rutegang, ba ne ba gakgamala , ba lemoga gore Petere le Johane ba ne ba na le Jeso. 14Ba ne ba tlhoka se ba ka se buang kgatlhanong le se, ka ba ne ba bona monna yo o fodisitsweng a eme le bone.
15Fa ba sena go koba baaposetolo go tswa mo bokopanong ba lekgotla, ba buisanya magareng ga bone. 16Ba re,'' re ka reng banna ba? Ka gore motlholo o ba o dirileng, o itsewe ke mongwe le mongwe yoo nnang mo Jerusalema; ga re kake ra latofatsa seo. 17Mme go itsa gore e seka ya jwelelela mo bathong, a re ba kgalemele gore ba seka ba tlhola ba bua le ope ka leina le. 18Ba bitsa Petere le Johane ba ba laela gore ba seka ba tlhola ba bua ka leina le, le eseng go ruta ka leina la Jeso.
19Mme Petere le Johane ba ba araba ba re, '' kanokang gore a go siame go utlwa Modimo kana go utlwa lona . 20Gonne ga re kake ra kgona go emisa go bua ka dilo tse re di boneng le tse re di utlwileng.''
21Fa ba sena go kgalemela Petere le Johane gape, ba ba golola. Ba ba tlhokela molato wa go ba otlhaya, ka gore batho botlhe bane ba galaletsa Modimo, mogo se se dirilweng. 22Monna yo o neng a amogetse motlholo o wa pholo one ana le dingwaga di feta masome a mane.
23Morago ga ba sena go gololwa, Petere le Johane ba ya kwa go ba ga bone baba bolelela se baperesiti ba bagolo le bagolwane ba se ba reileng. 24Fa ba utlwa se, ba goeletsa botlhe kwa Modimong, bare ''Morena wena yo o tlhodileng legodimo le lefatshe le lewatle, le tsotlhe tse di mo go tsone, 25wena yo ka Moya oo Boitshepo, ka molomo wa rraarona Tafita, motlhanka wa gago, wa re, 'ke eng baditshaba ba tenega, le batho ba gopola dilo di sele fela?
26Dikgosi tsa lefatshe tsa kopana, babusi ba nna ga kopana kgatlhanong le Morena, le Keresete.'
27Ammaaruri, Herote le Ponte Pilato, ga mmogo le baditshaba le batho ba Iseraele, ba phuthaganela mo toropong e, kgatlhanong le motlhanka wa gago yo o boitshepo Jeso, yo o mo tloditseng. 28Ba phuthagane ga mmogo go dira se letsogo la gago le keletso ya gago e rulagantseng go le pele gore se tlaa diragala.
29Jaanong Morena, lebelela matshosetsi a bone, o bo o neela batlhanka ba gago go bua lefoko la gago ka bopelokgale. 30Gore fa o phutholola letsogo la gago o fodisa , metlholo le dikgakgamatso di tle di diragale ka leina la motlhanka wa gago yo o boitshepo Jeso.'' 31Fa ba fetsa go rapela, lefelo le ba neng ba phuthaganetse mo go lone la roroma, botlhe ba tladiwa ka Moya o o Boitshepo, mme ba bua lefoko la Modimo ka bopelokgale.
32Bontsi jwa badumedi, ba bo ba le pelo nngwe le moya o le mongwe: go sena ope yo a reng sepe se a nang le sone ke sa gagwe; mme ba ne ba tlhakanetse dilo tsotlhe. 33Ka nonofo e kgolo, baaposetolo bane paka ka tsogo ya Morena Jeso, tshegofatso ya Modimo e ne e le mo go bone botlhe.
34Go ne go sena motho ope mo go bone yoo tlhokang sepe, ka gore botlhe ba ba neng bana le lefatshe le matlo bane ba a rekisa ba tlisa madi a dilo tse ba neng ba di rekisa, 35ba a baya fa dinaong tsa baaposetolo.Madi a kgaoganngwa modumedi mongwe le mongwe goya ka fa a tlhokang ka teng.
36Josefe, wa Molefi, monna wa Seporase, a neelwa leina la Barenabase ke baaposetolo ( fa go ranolwa ke gore, morwa wa kgothatso). 37Ka a ne a na le tshimo, o ne a e rekisa a tsisa madi fa dinaong tsa baaposetolo .
51Jaanong go ne go na le monna mongwe a bidiwa Ananiase , ene le mosadi wa gagwe Safira , ba rekisa lefatshe 2mme a fitlha bontlha bongwe jwa madi a thekiso e ( mosadi wa gagwe o ne a itse ) mme a tsisa bontlha bongwe jwa madi a thekiso e a a baya fa dinaong tsa moaposetolo .
3Mme Petere a mo raya a re , '' Ananiase , ke eng Satane a tsene mo pelong ya gago mo ebileng a go dira gore o aketse Moya o o Boitshepo le go fitlha bontlha bongwe jwa tlhwatlhwa ya lefatshe le o le rekisitseng ? 4Fa lefatshe le le santse le ise le rekwe a le ne le se la gago? Le fa le sena go rekisiwa , a le ne le se mo taolong ya gago ? Go tsile jang gore o tlelwe ke mogopolo o o ntseng jaana mo pelong ya gago ? Ga o a aketsa motho , o akeditse Modimo '' . 5E rile a utlwa se , Ananiase a wela fa fatshe a swa . Mme poifo e kgolo ya wela botlhe ba ba neng ba utlwa mafoko a . 6Makawana ba tla kwa pele ba mo tsaya ba mo phutha , ba mo rwala ba tsamaya ba ya go mo fitlha .
7Morago ga dioura di ka nna tharo , mosadi wa gagwe a goroga , a sa itse gore go diragetseng . 8Petere a mo raya a re '' mpolelele gore a le rekisitse lefatshe ka bokana '' . A araba a re '' ee , re le rekisitse bokalo '' .
9Petere a mo raya a re , '' Go tsile jang go bo le dumalane mmogo go leka Moya wa Morena ? Bona , dinao tsa ba ba tswang go fitlha monna wa gago di fa kgorong , mme ba tsile go go rwala ba tswa ka wena '' . 10Ka ponyo ya leitlho a wela fa fatshe fa dinaong tsa gagwe , a swa , makawana ba tsena mme ba fitlhela a sule ; ba mo tsaya ba ya go mo fitlha go bapa le monna wa gagwe . 11Poifo e kgolo ya wela kereke yotlhe , le botlhe ba ba utlwileng mafoko a .
12Ditshupo le dikgakgamatso tse dintsi di ne tsa diragala mo gare ga batho ka diatla tsa baaposetolo . Ba ne ba ntse mmogo mo motlaaganeng wa ga Solomone 13.Mme ga bo go sena yo o pelokgale go nna mongwe wa bone; le fa go ntse jalo ba ne ba tlotlwa ke botlhe.
14Batho ba le bantsi ba ne ba tla mo Moreneng , matshwititshwiti a banna le basadi , 15mo ba ileng ba rwala balwetse ba bone ba ba baya mo tseleng ka malao le ditilo , gore ere Petere a feta , moriti wa gagwe o wele mo bangweng ba bone . 16Gone ga ba ga kgobokana palo e kgolo ya batho go tswa ditoropong tse di gaufi le Jerusalema , ba tsisa balwetse le bao ba neng ba bogisiwa ke mewa e e bosula , mme ba fodisiwa botlhe .
17Mme moperesiti mogolo a ema , ga mmogo le ba ba neng ba na le ene , ( ba e leng lekoko la Basadukai ) ; ba tletse ka lefufa 18mme ba tshwara baaposetolo ba ba tsenya mo kgolegelong ya sechaba.
19Mo bosigong moengele wa Morena a bula mabati a kgolegelo a ba ntshetsa kwa ntle , a ba raya a re ,'' 20tsamayang le eme mo tempeleng le bue le batho mafoko otlhe a botshelo jo '' . 21E rile ba utlwa se , ba tsena mo tempeleng ka nako ya fa letsatsi le tswa ba ruta . Mme moperesiti mogolo a tla , mmogo le ba a neng a na le bone , a bitsa lekgotla go kopana , bagolo botlhe ba Iseraele , a roma bangwe go ya go tla le baaposetolo kwa kgolegelong.
22Mme badisa magolegwa ba ba neng ba rongwa kwa kgolegelong ba seka ba ba fitlhela , ba bowa ba tla go bega , 23'' Re fitlhetse kgolegelo e tswetswe sentle le badisa ba disitse dipati , mme fa re bula kgolegelo ra fitlhela go sena ope '' .
24Jaanong e rile molaodi wa tempele le baperesiti bagolo ba utlwa mafoko a , ba gakgamala thata ba ipotsa gore tota go tsile go felela jang . 25Mme mongwe a tla a ba bolelela gore , '' Banna ba le neng le ba tsentse mo kgolegelong ba eme mo tempeleng ba ruta batho '' .
26Molaodi wa tempele a tsamaya le badisa magolegwa, ba ba tsaya kwa tempeleng , ba tla le bone kwa ntle ga ntwa , gonne ba ne ba boifa gore batho ba ka ba kgobotletsa ka matlapa . 27Fa ba sena go tla le bone ba ba baya fa pele ga lekgotla . Moperesiti mogolo a ba botsolosa , 28a re , '' Re le laetse thata gore le seka la ruta ka leina le , mme , le tladitse Jerusalema ka dithuto tsa lona , ebile le batla go re kaya molato ka polao ya monna yo '' .
29Mme Petere le baaposetolo ba araba ba re , '' Re tshwanetse go nna kutlo mo Modimong go na le go nna kutlo mo mothong . 30Modimo wa borraetsho o tsositse Jesu , yo le mmolaileng ka go mo kaletsa mo setlhareng . 31Modimo o mo tsholeleditse kwa godimo a mmaya ka kwa letsogong la moja gore a nne kgosana le mmoloki , go gogela Israele ko boikotlhaong , le boitshwarelo ja dibe . 32Re basupi ba dilo tse , le Moya o o Boitshepo Yo Modimo a Mo neileng botlhe ba ba mo utlwang '' .
33Fa maloko a lekgotla ba utlwa se , ba tenega mo go golo mo ba neng ba batla go bolaya baaposetolo . 34Mme Mofarasai yo o bidiwang Gamaliele , morutintshi wa molao , yo o neng a tlotlwa ke batho botlhe , a ema ka dinao a laola gore baaposetolo ba ntshediwe kwa ntle ka nakwana .
35A ba raya a re , '' Banna ba Iseraele , elang tlhoko thata se le batlang go se dira ka batho ba . 36Gonne nakong e e fetileng , Theudiase o kile a tsogologa a ipolela fa a le motho mongwe mo morafeng , a na le palo ya banna , ba ka nna makgolo mane . O ne a bolawa , botlhe ba ba neng ba mo sala morago ba phatlalala mme se a neng a se dira sa fetoga lefela . 37Morago ga monna yo , Judase wa Galalea a tsogologa ka malatsi a palo ya batho e e fetileng , a gogela batho go mo sala morago . Le ene o ne a swa , botlhe ba ba neng ba mo sala morago ba phatlalala .
38Jaanong ke le raya ke re , tlogelang banna ba , fa ele gore lenaneo kgotsa tiro e ke ya batho , e tla fenngwa . 39Fa e le ya Modimo ga le kake la kgona go ba fenya ; boemong jwa moo le tla iphitlhela le tlhabana le Modimo '' . Mme ba mo reetsa .
40Ke gone ba biletsa baaposetolo kwa go bone , ba ba kgwathisa ba ba kgalemela gore ba se ka ba tlhola ba bua sepe mo leineng la ga Jeso, ba ba lesa ba tsamaya . 41Ba tswa fa pele ga lekgotla ba ipela ka go bo ba bonwe ba tshwanetse go boga le go tlontlololwa ka ntlha ya leina la Morena . 42Go tloga hoo letsatsi le letsatsi , mo tempeleng le go tswa ntlong go ya kwa go e nngwe , ba ne ba tswelela go ruta le go rera gore Jeso ke Keresete .
61Ka malatsi one a, fa palo ya barutwana e ntse e oketsega, go ne ga tlhagoga ngongorego magareng ga batlholagadi ba Bajuta ba Segerika kgatlhanong le Bahebera gonne batlholagadi ba bone ba ne ba ikgatholosiwa mo kabong ya dijo ya letsatsi le letsatsi.
2Barutwana ba ba lesome le bobedi ba bo ba bitsa barutwana botlhe mme ba ba raya ba re, "ga go a tshwanela gore re ka emisa go rera lefoko la Modimo mme re ye go laola kgaoganyo ya dijo. 3Jalo he, batlang magareng ga lona banna ba le supa ba ba itsegeng ka ditiro tse di molemo , ba tletse ka Moya le botlhale, ba le ka ba tlhomang go dira tiro e. 4Rona re tle re tswelele ka thapelo le bodiredi ja lefoko"
5Kgang ya bone ya itumedisa botlhe. Ba tlhopha Setefane, monna yo o neng a tletse ka tumelo le Moya yo o Boitshepo, le Felipo, Perokoro, Nikanore, Timone, Paremenase le Nikolao wa moditshaba yo o sokologetseng mo Sejuteng a tlholega ko Antioke. 6Badumedi ba tlisa banna ba fa pele ga Ba-apostolo ba ba neng ba rapelela le go ba baya diatla.
7Lefoko la Modimo le ne la anama le go feta, palo ya barutwana mo Jerusalema le yone ya oketsega go menagane ebile bontsi ja baperesite ba ne ba ineela mo tumelong.
8Setefane yo o neng a tletse ka tshegofatso le maatla, o ne a dira dikgakgamatso tse dikgolo le ditshupo mo bathong. 9Mme le fa go ntse jalo go ne ga nna le bangwe ba ba neng ba nganyisana le Setefane tebang le mafoko a gagwe, bone ya bo ele ba ba tswang ko sinagogeng e e bediwang gotwe Bagololwa, le Bakurunia, le Baalekesanteria, le Bakilikia, le Baasia.
10Mme ba ne ba retelelwa ke go emelana kgatlhanong le botlhale le Moya o Setefane a neng a bua ka one. 11Morago ga seo ba ne ba dira lemena le banna bangwe ka sephiri gore ba tle ba re, "Re utlwile Setefane a bua mafoko a tlhapatsang kgatlhanong le Moshe le Modimo."
12Morago ga seo ba rotloetsa morafe, le bogolwane, le bakwadi, Ba ne ba latela Setefane, ba mo tshwara mme ba mo isa fa pele ga khuduthamaga. 13Ba tlisa basupi ba maaka, mme bone ba feta ba re, "Monna yo ga a emise go bua kgatlhanong le lefelo le le boitshepo lena le molao. 14Gonne re mo utlwile a re Jeso wa Nasaretha o tla senya lefelo le a be a fetola molao o Moshe a re o fileng." 15Mongwe le mongwe yo o neng a le mo khuduthamageng, o ne a mo tlhomile matlho mme a bona sefatlhego sa gagwe se ntse jaaka sa moengele.
71Moperesite mogolo a mmotsa a re, "A dilo tse di boammaruri?" 2Setefane a re, "Bakaulengwe le bontate, ntheetsang: Modimo wa kgalalelo o ne a iponagaletsa rraarona Aberahame fa a le ko Mesopotamia, pele ga a nna ko Harane; 3o ne a mo raya a re, "Tswaa mo lefatsheng la ga lona o kgaogane le masika a gago, mme o e ko lefatsheng le ke tla le go supegetsang."
4A tswa mo lefatsheng la Saletea a ya go nna ko Harane; morago ga rraagwe a sena go tlhokafala, Modimo a mo tsisa mo lefatsheng le o nnang mo go lone gompieno. 5Ga a ka a le mo neela ele boswa le fa ele fa a ka bayang lenao teng. Mme a mo solofetsa, le fa Aberahame a ne a sena ngwana, o ne a mo solofetsa gore o tla mo fa lefatshe leo ga mmogo le kokomanae ya gagwe.
6Modimo o ne a mmolelela gore dikokomane tsa gagwe di tla nna mo lefatsheng la seyeng, le gore batho ba lefatshe leo ba tla ba dira makgoba ebile ba sa ba tshware sentle dingwaga di le makgolo a le mane. 7Modimo a mo raya a re, "Ke tla a atlhola lefatshe le ba tla bong ba le makgoba mo go lone, mme morago ga seo ba tla tswa mo lefatsheng leo go tla go nkobamela mo lefelong le". 8A neela Aberahame kgolagano ya thupiso. Aberahame a tsala Isake, a mo rupisa ka letsatsi la beferabobedi, Isake a tsala Jakoba mme Jakoba ene a tsala borraetsho ba le lesome le bobedi.
9Borraetsho ba ne ba tlhotlheletswa ke lefufa ba rekisa Josefa kwa Egepeto, mme Modimo a bo a na le ene, 10a mo golola mo dipogisegong tsotlhe a bo a mo neela lesego le botlhale mo matlhong a ga Faro, Kgosi ya Egepeto. Faro a mo tlhoma mmusi mo Egepeto le mo lwapeng la gagwe.
11Borraarona ba ne ba tlhoka dijo gonne go ne ga nna leuba le legolo mo Kanana le Egepeto, mme ba boga mo go golo. 12Fa Jakoba a utlwa gore go na le mabele ko Egepeto, a roma bo rraarona la ntlha. 13Lekgetho la bobedi, Josefa a ikitsisi bo morwarraagwe, mme Faro le ene a ba itsisiwe.
14Josefa a romela bo morwarraagwe ko Kanana go ya go bolelela Jakoba rragwe le lesika la gagwe lotlhe, le le neng le le masome a supa le botlhano gore ba tle ko Egepeto. 15Jakoba a ya ko Egepeto, a swela koo ga mmogo le bo rraetsho. 16Ba ya go ba fitlha ko Shekeme mo phuphung e Aberahame a e rekileng ka selefera mo baneng ba ga Hamore ko Shekeme.
17Fa nako ya tsholofetso e Modimo a e neetseng Aberahame e atamela, kokomane ya gagawe ya gola ya ntsifala mo Egepeto, 18go fitlhela go busa Kgosi e e neng e sa itse ka ga Josefa. 19Kgosi e, e ne ya tsietsa ya bo ya bogisa borraetsho, ba tseenya masea a bone mo kotsing, ka tsholofelo ya gore ba tla sireletsega.
20ka nako eo, Moshe o ne a tsalwa; o ne a le montle ka sebopego fa pele ga Modimo mme a amusiwa mo ntlong ya ga Rraagwe dikgwedi tse tharo. 21Ya re a sena go ntshiwa mo ntlong, morwadie Faro a mo tsaa, a mo ikgodisetsa jaaka ngwana wa gagwe.
22Moshe o ne a rutegile mo dithutegong tsotlhe tsa Egepeto gape o ne a nonofile mo lefokong le ditiro. 23E ne ya re a le dingwaga di le masome a mane, ga mo tlela mo pelong ya gagwe gore a etele bomorwarragwe e bong bana ba Iseraele. 24Moshe a lwela Moiseraele mongwe morago ga go bona Moegepeto mongwe a mo kgokgontsha; 25o ne a solofetse gore bomorwarraagwe ba tla tlhaloganya gore Modimo o mo dirisa go ba golola mme ba seka ba tlhaloganya.
26Letsatsi le le latelang a tla kwa Baiseraeleng bangwe ba neng ba omana; a leka go ba agisanya, a ba raya a re, "Borra, le bana ba motho; le lwela eng?" 27Mme yo o neng a foseditse morwarragwe a mo fetola ka go re, 'Ke mang yo o go dirileng molaodi le moatlhodi wa rona? 28Aa o batla go mpolaya jaaka o bolaile Moegepeto maabane?'
29Ya re a sena go utlwa mafoko a, Moshe o ne a siela kwa lefatsheng la Mediane kwa a fetileng a tsala bana ba basimane ba le babedi. 30Morago ga dingwaga di le masome a le mane, moengele o ne a tla kwa go Moshe mo sekakeng mo thabeng ya Senai, a le mo tshwanong ya setlhatshana se se shang.
31Ya re Moshe a bona molelo, a gakgamalela pono e, fa a atumela, lentswe la Morena la bua nae la re, 32'Ke Modimo wa bo rraeno, Modimo wa ga Aberahame, le Isake, le Jakoba.' Moshe o ne a boifa mme a tshaba go leba.
33Morena a mo raya a re, ''Rola ditlhako tsa gago, gonne lefelo le o emeng mo go lone le boitshepo. 34Ke bone tshotlego ya batho bame kwa Egepeto, ke utlwile selelo sa bone mme ke fologetse tlase go tla go ba golola; tlaya jaanong, ke tle ke go rome kwa Egepeto''.
35Ene Moshe yo, Modimo a mo roma go nna molaodi le moatlhodi wa bone, ba ne ba mo gana ba mmotsa gore, 'Ke mang yo go dirileng molaodi le moatlhodi?'- Modimo o ne a mo roma, a dirisa moengele yo o neng a tla kwa go Moshe mo tshwanong ya setlhatshana se se shang. 36Moshe o ne a ba ntsha mo Egepeto morago a sena go dira metlholo le ditshupo mo Egepeto, le mo lewatleng le lehibidu, le mo sekakeng dingwaga di le masome a mane. 37Ke ene Moshe yo o neng a raya batho ba Iseraele a re, 'Modimo o tla ipiletsa moporofiti yo o tshwanang le nna, e le mongwe wa bana ba lona.
38"Yo ke ene monna yo o neng a le mo phuthegong e e neng e le mo sekakeng, yo o neng a na le moengele, yo o neng a bua le ene mo thabeng ya Sione. Monna yo, ke ene yo a neng le bo rraetsho; ke ene yo o amogetse mafoko a tshelang gore a a re neele. 39Ke ene yo borraarona ba ganneng go mo reetsa, ba mo kgaphela ntle go tswa mo go bone; ba boela ko Egepeto mo dipelong tsa bone. 40Ka nako eo, ba raya Arone ba re, "Re direle medingwana e e tla re etelelang pele. Fa e le ka ga Moshe yo o re eteletseng pele go tswa Egepeto,ga re itse se se modiragaletseng."
41Ba ne ba dira namane, ba direla modimo wa disetwa setlhabelo, mme ba itumelela tiro ya diatla tsa bone. 42Modimo o ne a ba leseletsa go obamela dinaledi tsa loapi, jaaka go kwadilwe mo baporofeting gotwe, 'lona ba ntlo ya Iseraele, a le kile la ntsisetsa ditlhabelo tsa dipoo mo dingwageng tse di masome a mane fa le le mo sekakeng?'
43Le amogetse motlaagana wa ga Moleke le naledi ya modingwana Refane, le ditshwantsho tse le di dirileng go e obamela: mme ke tla le falaletsa kgakala go pota Babilone ka kwa.
44Borraetsho ba ne ba na le motlaagana wa bopaki mo sekakeng, fela jaaka Modimo a ne a laotse Moshe gore a tle a dire motlaagana o o tshwanang le o a o bontshitsweng. 45E keone motlaagana o borraetsho ba tsileng ka one mo lefatsheng le Joshua. Mo go diragetse fa bo rraetsho ba rua boswa ba merafe e modimo a e lelekileng fa pele ga bone. Go ne ga nna jaana go fitlha dinako tsa ga Tafita, 46yo o neng a bona lesego fa pele ga Modimo, yo o neng a eleditse go agela Modimo wa ga Jakoba ntlo ya bonno.
47Mme Solomone o ne a agela modimo ntlo. 48Le fa go ntse jalo, Modimo Mogodimodimo ga a nne mo matlong a a agilweng ka diatla; fela jaaka moporofeti a rile, 49'Legodimo ke bonno jwame, mme lefatshe ke bobeo jwa dinao tsame. O tla nkagela ntlo e e ntseng jang? le gone Lefelo lame la boitapoloso le kae? 50Aa diatla tsame dirile dilo tse tsotlhe?
51Lona batho ke lona ba dingangatlela, ba le sa rupang mo dipelong le mo ditsebeng, le nna le gana Moya wa Modimo; le dira fela jaaka bo rraeno ba ne ba dira. 52Aa go na le moporofeti mongwe yo borraeno ba sekang mmogisa? Ba bolaile baporofiti botlhe ba ba tsileng pele ga yo o boitshepo; le lona le mo sotlile la bo la mmolaya; 53lona batho ba le amogetseng molao go tswa mo baengeleng, ga le aka la o tshegetsa."
54Fa lekgotla le utlwa mafoko a, ba shakgala ba shenela Setefane meno. 55Mme ene ka a ne a tletse ka Moya o o Boitshepo, a leba kwa legodimomg ka kelelelo e kgolo, mme a bona kgalalelo ya Modimo; mme a bona Jeso a eme ka fa letsogong la moja la Modimo. 56Setefane a re, "Bonang, ke bona magodimo a bulega, le morwa motho a eme ka fa letsogong la moja la modimo."
57Fa lekgotla le utlwa mafoko a, ba goa ka lentswe le le kwa godimo, ba ithiba ditsebe, ba mo kgogogela ka mogoro; 58ba mo latlhela kwa ntle ga toropo mme ba mo kgobotletsa ka matlapa: mme basupi ba baya diaparo tsa bone fa dinaong tsa lekwana le le bidiwang Saulo.
59Ya re ba ntse ba kgobotletsa Setefane ka matlapa, o ne a goeletsa kwa Moreneng a re, "Amogela moya wame, Morena Jeso". 60A khubama mme a goeletsa ka lentswe le le kwa godimo a re, "Morena, o seka wa ba kaya molato". Ya re a sena go bua se, a robala.
81Saulo abo a dumalana le polao ya gagwe. Go simologa letsatsi leo ga nna pogisego e kgolo mo kerekeng ya Jerusalema; badumedi botlhe ba phatlalala le Jutia le samarea, ga sala baaposetolo fela. 2Banna ba ba ineetseng ba fitlha Setefane, ba mo lelela thata. 3Mme Saulo a bogisa kereke; a tsena ntlo e ngwe le e ngwe a tshwara banna le basadi a ba isa kgolegelong.
4Mme badumedi ba rera lefoko gongwe le gongwe kwa ba neng ba phatlalaletse teng. 5Filipo a tsamaya a rerela batho ka Jeso ko toropong ya Samarea.
6Ya re batho ba le bantsi ba utlwa ba bo ba bona ditshupo tse Filipo a di dirang, ba mo reetsa. 7Mewa ee maswe ene ya tswa mo bathong e goa; ba ba neng ba sule mohama le digole ba ne ba fodisiwa. 8Ga nna boitumelo jo bogolo mo toropong eo.
9Ga bo gole monna mongwe mo toropong a bidiwa Simone, e ne e le moloi; O ne a etle a gakgamatse batho ba Samarea, a bolela fa a le mogolo. 10Basamarea botlhe, bannye le bagolo ba ne ba reetsa monna yo thata ba re, ''Monna yo ke nonofo e kgolo ya modimo''. 11Ba ne ba mo reetsa ka ane a bagakgamaditse ka lobaka, ka boloi jwa gagwe.
12Mme yare ba dumela se Filipo a se rerileng, efangedi ya bogosi jwa Modimo le leina laga Jeso Keresete, banna le basadi ba ne ba kolobediwa. 13Simone le ene a dumela: fa a sena go kolobediwa, a tswelela ana le Filipo; fa a bona ditshupo le dikgakgamatso di diragala, a makala.
14Fa baaposetolo kwa Jerusalema ba utlwa gore kwa Samarea ba amogetse lefoko la Modimo, ba ne ba romela Petere le Johane teng. 15Fa ba goroga , ba ba rapelelela, gore ba amogele Moya yo o Boitshepo. 16Go fitlha ka nako eo, Moya yo o Boitshepo o ne o ise o tle mogo ope wa bone, ba ne ba kolobeditswe fela ka leina la Morena Jeso. 17Petere le Johane ba ba baya diatla mme ba amogela Moya yo o Boitshepo.
18Fa Simone a bona gore Moya yo o Boitshepo o amogelwa ka peo ya diatla tsa baoposetolo, a re o ba neela madi. 19A ba raya a re, ''Nneelang nonofo ee lenna, gore ope fela yo ke mmayang diatla a amogele Moya yo o Boitshepo."
20Mme Petere a mo raya a re, ''Nyelela le selefera sa gago, ka o akantse gore neo ya modimo e a rekwa. 21Ka pelo ya gago esa itekanela mo Modimong, ga ona karolo mo bodireding jo. 22Ikotlhaye mo boikepong jwa gago, gore Morena a tle a go itshwarele mo boikepong jwa pelo ya gago. 23Ka gore ke bona gore pelo ya gago e tletse bosula ebile e bofilwe ke boleo.
24Simone a araba Petere a re, ''Nthapelela gore sepe sa dilo tse o di buileng se seka sa ntiragalela.''
25Fa Petere le Johane ba sena go paka ba bo ba bua lefoko la Morena, ba boela Jerusalema; ba tsamaya ba rera mafoko a molemo mo metsaneng ya Samaria.
26Moengele wa Morena a bua le Filipo a re, ''Tsoga o tsamaye oye borwa mo tseleng e e yang Jerusalema e fetela ko Gasa'', ( Tsela e emo sekakeng.) 27A tsoga a tsamaya. Ga bo gole monna a tswa Ethopiya, moopahadiwa yo o nang le taolo e kgolo, a le kafa tlase ga Kantase, mohumagadi wa Baethopiya. O ne a tlhokometse lehumo la gagwe lotlhe. O ne a tsile mo Jerusalema go tla go obama. 28O ne a bowa, a le mo koloing ya gagwe a bala lokwalo la ga moporofiti Esaya.
29Moya wa bua le Filipo gore, ''Atamela koloi e. 30Filipo o ne a mo tabogela, a utlwa a bala lokwalo la ga moporofiti Esaya, mme a mmotsa gore, ''A o tlhaloganya se o se balang?'' 31Moethopiya a mmotsa a re, ''ke ka tlhaloganya jang, go sena yo o ntlhalosetsa?'' A kopa Filipo go pagama koloi, a bape nae.
32Lokwalo le Moethopiya a neng a le bala le ne le re, '' O ne a gogiwa jaaka nku e ya go bolawa; a didimetse jaaka konyana eya go beolwa, a seka a bula molomo. 33Ba ne ba mosotla ba mo atlhola katlholo e e sa mo lebanang: ke mang yo o tla a buang ka dikokomane tsa gagwe? ka botshelo jwa gagwe bo ile jwa tlosiwa mo lefatsheng.''
35Moopahadiwa a botsa Filipo, ''moporofita o bua ka ga mang, ka ene kgotsa ka motho mongwe?'' 34Filipo a simolola a bua; a simolola ka temana e e mo go Esaya go rera ka Jeso.
36Fa ba ntse ba le mo tseleng, ba bona metsi; mme moopahadiwa a re, '' Bona metsi ke a, ke eng se se kganelang gore ke kolobediwe?'' 37Filipo are,'' fa o dumela ka pelo ya gago yotlhe o tla a kolobediwa''. Moethopiya a re.''Ke dumela fa Jeso e le morwa Modimo''. 38Moethopiya a emisa koloi. Filipo le moopahadiwa ba tsena mo metsing, Filipo a mo kolobetsa.
39Fa ba tswa mo metsing, moya wa Modimo wa tsaya Filipo; moopahadiwa a seka a tlhola a mmona gape, mme le fa go ntse jalo one a tsamaya a itumetse. 40Filipo a iponafatsa ko Asatosi. O ne a feta mo mafelong a o a rera mo ditoropong tsotlhe, go fitlha kwa Kaisarea.
91Mme Paulo o ne a ntse a bua matshosetsi a go bolaya barutwa ba Morena, aya kwa moperesiteng yo mogolo, 2go kopa makwalo a a tla mo fang tetla ya go ya kwa di senagogeng tsa Damasekase, kwa etlareng a fitlhela mosadi kgotsa monna ope fela yo o dumelang mo tseleng e, a ba tshware, a ba ise kwa Jesrusalema.
3E ne yare a santse ale mo mosepeleng, a atumela Damasekase, ka bofefo lesedi le le tona gotswa legodimong la phatsima go modikologa; 4a wela fa fatshe mme lentswe la mora ya lare, "Saulo, Saulo o mpogisetsang?"
5Saulo a araba a re, " Morena, o mang?" Morena a re, " Ke nna Jeso yo o mpogisang; 6mme ema, o tsene mo toropong, otla bolelelwa gore o dire eng." 7Banna ba ba neng ba tsamaya le Saulo ba felelwa ke mafoko, ka ba utlwa lentswe, mme ba sa bone ope.
8Saulo a tsoga fa fatshe, fa a bula matlho, a seka a bona sepe, jalo ba mogoga ka letsogo ba mo isa Damasekase. 9A nna matsatsi a mararo a sa bone, a sa je, ebile and sa nwe sepe.
10Ga bo go le morutwa ko Damasekase a bidiwa Ananiase; morena a bua le ene mo ponatshegelong a re, "Ananiase". A bo a re, "Bona, ke fano Morena." 11Morena a mo raya a re, "Ema o ye kwa tseleng e bidiwang Tolamo, o ye ko ntlong ya ga Judase, otla fitlhela monna wa kwa Tarasuse yo bidiwang Saulo, o a rapela, 12mme o bone mo ponatshegelong monna yo o bidiwa Ananiase, a mmaya matsogo gore a bone gape."
13Mme Ananiase a araba a re ," Morena ke utlwile ka batho ba le bantsi ka ga monna yo, le ka fa a tlhokofaditseng baitshepi ba gago ka teng kwa Jerusalema. 14O neetswe taolo ke baperesiti ba bagolo go tshwara botlhe ba ba bitsang leina la gago." 15Mme Morena a mo raya a re, "Tsamaya, go nne ke mo ikgethetse, go paka ka leina lame mo baditshabeng, dikgosi le bana ba Iseraela; 16ke tla a mo supegetsa ka fa a tsileng go boga ka teng ka ntlha ya leina lame."
17Ananiase a tsamaya, a tsena mo ntlong. Fa a mmaya matsogo a mo raya a re," Mokaulengwe Saulo, Morena Jeso yo aneng a go iponagaletsa motseleng fa otla, o nthumile gore o tle o kgone go amogela pono ya gago le go tladiwa ka Mowa o Boitshepho." 18Ka ponyo ya leitlho dikgapetlana tsa wa mo matlhong a ga Saulo, a amogela pono ya gagwe; a ema, a kolobediwa; 19mme a ja, a nna le nonofo. A nna le barutwa mo Tamasekase malatsi a le mmalwa.
20A simolola go rera ka ga Jeso mo di senagogeng, a bolela fa e le morwa Modimo. 21Botlhe ba baneng ba mo utlwa ba sala ba gakgametse, ba bua bare, "A monna yo gase ene yo aneng a bolaya batho botlhe kwa Jerusalema ba ba neng ba bua ka leina le? ebile o tsile go ba tshwara a ba bofa a ba isa kwa baperesiting ba bagolo." 22Mme Saulo a tswela ka go nonofa, a tsisa tlhobaelo mo Bajuteng ba ba mo Tamasekase ka go rurufatsa fa Jeso ele keresete.
23Morago ga malatsi, Bajuta ba loga segwenegwene sa go mmolaya. 24Saulo a itse selo se. Ba nna ba disitse dikgoro bosigo le motshegare gore batle ba mmolaye. 25Mme barutwa ba gagwe bamo tsaya bamo tlodisa lebota bosigo, ba motsentse mo kgamelong.
26Fa a tsena kwa Jerusalema, Saulo a leka go kopana le barutwa mme ba mo tshaba, ka bane ba sa dumele fa ele morutwa. 27Mme Barenabase amo tsaya a mo tsisa kwa baaposetolong. A ba bolelela ka fa Saulo a boneng morena mo tseleng ka teng, le gore Morena o ne a bua le ene, le ka fa Saulo a neng a rera ka bopelokgale ko Tamasekase mo leineng la ga Jeso.
28A kopana le bone jaaka ba ne ba tswa ba tsena mo Jerusalema. A bua ka bopelokgale ka leina la Morena Jeso, 29a ganetsana le Bajuta ba ba Gerika; mme bane ba tswelela ka go batla go mo mmolaya. 30Yare bakaulengwe ba lemoga se, ba mo isa kwa Kasarea, ba mo romela ko Tarasuse.
31Ka Jalo, kereke mo Jutia,Galalea le Samarea ya nna le kagiso, ya agiwa; le go tsamaya mo poifong Modimong, le mo kgomotsong ya Moya yo o Boitshepho, kereke ya gola ka dipalo. 32Ga diragala gore jaaka Petere ane a tsamaya mo kgaolong yotlhe, a ya kwa bakaulengweng ba baneng ba nna mo toropong ya Leyata.
33Gone koo a kopana le monna mongwe yo o bidiwang Anease, a na le dingwaga dile boferabobedi ale mo bolaong, ka ane a sule mohama. 34Petere amo raya are "Anease, Jeso o a go fodisa. Tsoga o alololea bolao ba gago." 35A tsoga ka bonako. Mongwe le mongwe yo nnang mo Layeta le Sharone ba bona monna yo, ba sokologela mo Moreneng.
36Gabo gole morutwa mongwe ko Jopa, wa leina la Tabeta gotewa "Tokase". Mosadi yoo o ne a dira ditiro tse di molemo le ditiro tsa boutlwelo botlhoko mo go ba ba humanegileng. 37Ga diragala mo malatsi ao gore a lwale, mme a swa; ba mo tlhapisa, ba mmaya kwa ntlong e e kwa godimo.
38Ka gore Layata o ne a bapile le Jopa, barutwa ba utlwa gore Petere o koo, ba roma banna ba babedi ba mo kopa ba re, "Tlaa kwa go rona ka bofefo". 39Petere a ema a tsamaya le bone.Yare a goroga bamo isa kwa ntlong e kwa godimo. Batlholagadi botlhe ba bo ba eme fa go ene ba lela ba mo supegetsa dikobo le diaparo tse Tokase a di dirileng fa a santse a na le bone.
40Petere a ba ntshetsa kwa ntle ga ntlo, a khubama a rapela; go leba moswi a re, "Tabita, tsoga". A bula matlho a gagwe, mme yare a bona Petere a nna ka marago. 41Petere amo neela letsogo, amo emeletsa ka dinao; a bitsa badumedi le batlholagi, a ba mo neela a tshela. 42Kgang e ya itsege Jopa otlhe, bontsi ba batho ba dumela mo moreneng. 43Mme Petere a nna malatsi a le mantsi mo Jopa kwa monneng wa mosugi wa matlalo yo a bidiwang Simone.
101Ga bo go le monna mongwe kwa toropong ya Kaisaria , a bidiwa Koroneliase , molaodi wa mophato wa sesole sa Itale 2.E ne e le monna yo o boineelo , a obamela Modimo le botlhe ba ntlo ya gagwe ; o ne a abela Bajuta madi a mantsi ebile a rapela Modimo ka nako tsotlhe .
3E ne e ka nna oura ya boferabongwe motshegare, a bona moengele wa Modimo a tla kwa go ene mo ponatshegelong. Moengele a mo raya a re,'' Koronoliase ! '' 4Koronoliase a tlhoma moengele matlho ka letshogo a re , '' go rileng , rra ? '' Moengele a mo raya a re , '' merapelo ya gago le dimpho tse o di abelang batlhoki ke segopotso fa pele ga Modimo. 5Jaanong roma banna kwa toropong ya Jopa ba go biletse Simone yo o bidiwang Petere . 6O nna le Simone, monna wa mosugi wa matlalo, yo ntlo ya gagwe e leng fa letshitshing la lewatle '' .
7Fa moengele yo o neng a bua le ene a sena go tsamaya , Koronoliase a bitsa batlhanka ba le babedi ba ntlo ya gagwe , le lesole le le obamelang Modimo go tswa mo masoleng a a neng a mo direla. 8Koronoliase a ba bolelela tsotlhe tse di diragetseng, a ba roma kwa Jopa .
9Mo letsatsing le le latelang ka nako ya borataro , jaaka ba ne ba le mo loetong ba le gaufi le go tsena mo toropong , Petere a palamela kwa godimo ga ntlo go rapela . 10A tshwarwa ke tlala mme a batla go ja sengwe , mme e rile batho ba santse ba apeile dijo , a bona ponatshegelo , 11a bona legodimo le bulega go bo go fologa mophuthelo mongwe , sengwe se se tshwanang le kobo e e lefefe e kgolo e fologela mo lefatsheng , e lepelediwa ka memeno ya yone e e kwa dikhutlong tsa yone tse nne . 12Mo go yone ga bo go le diphologolo tse di maoto mane ka mefuta ya tsone , dilo tse di gagabang fa fatshe le dinonyane tsa loapi .
13Lentswe la bua le ene ; '' Emelela , Petere , tlhaba o je .'' 14Mme Petere a re, '' Nnyaa , Morena ; ga ke ise ke je sepe se leswafetse ebile se se phepa . 15''Lentswe la bua le ene labobedi ; ''O seka wa kaya sepe se Modimo a se itshekisitseng gore se itshekologile.'' 16Se se diragetse gararo ; go tloga foo mophuthelo wa tlosiwa wa ya legodimong .
17Fa Petere a santse a tsieditswe ke gore ponatshegelo e a e boneng e raya eng , banna ba ba romilweng ke Koronoliase ba ema fa kgorong , morago ga ba sena go botsa tsela ya go tla kwa ntlong. 18Ba botsa gore a Simone , yo o bidiwang Petere , o nna gone fa .
19Fa Petere a santse a akantse ka ponatshegelo , Moya wa mo raya wa re, '' Bona , gona le banna ba bararo ba ba go batlang . 20Emelela o fologele ko tlase o tsamaye le bone . O se ka wa tshaba go tsamaya le bone , gonne ke nna ke ba romileng .'' 21Petere a fologela kwa tlase kwa banneng a re, '' Ke nna yo le mmatlang . Ke eng le tsile kwano ? ''
22Ba re , ''Molaodi wa masole yo o bidiwang Koronoliase, monna yo o molemo yo o obamelang Modimo,yo o buiwang bontle ke tshaba yotlhe ya Juta, o laetswe ke moengele gore a go bitse, gore otle omo neele molaetsa. 23Petere a ba kopa go lala nae. Mo mosong o o latelang a tsamaya le bone ana le badumedi bangwe go tswa Jopa.
24Letsatsi le le latelang ba goroga kwa Kaisarea. Koronoliase o ne a ba emetse; O ne a biditse masika le ditsala tsa gagwe.
25Ya re fa Petere a goroga, Koronoliase a mo kgatlhantsha a khubama fa dinaong tsa gagwe go mo obamela. 26Petere a mo emisa ka dinao , a re,'' Emelela! ke motho fela jaaka wena''.
27Fa Petere a bua le ene, a tsena mo ntlong mme a bona batho ba kgobokane ba le bantsi. 28A ba raya a re, ''Le a itse gore ga go ka fa molaong gore mojuta a etela motho wa morafe o sele. Mme Modimo o mpontshitse gore ke seka ka bitsa motho ope ke re ga a phepa kana o leswefaleditswe. 29Ke sone se e rileng ke bidiwa, ka seka ka gana. Jaanong ke botsa gore le mpileditseng''.
3033Koronoliase a re, ''Malatsi a le mane a a fetileng, ka oura yone e, ke ne ke rapela mo ntlong ya me ka oura ya boferabongwe , mme ga ema fa go nna monna a apere diaparo tse ditshweu. 31A re, ''Koronoliase, Modimo o utlwile merapelo ya gago, le go abela batlhoki dimpho ga gago,go dirile gore Modimo a go gakologelwe. 32Jaanong romela mongwe ko Jopa a bitse Simone yo o bidiwang Petere. O nna mo ntlong ya ga Simone wa mosugi wa matlalo fa letshitshing la lewatle.
34Petere are ke a rurafatsa gore Modimo ga a nke a nna mo letlhakoreng la ga ope. 35Modimo o amogela mongwe le mongwe mo merafeng yotlhe yo o mo obamelang a bo a dira ditiro tse di amogelesegang fa pele ga Modimo.
36Lo itse molaetsa yo a o romeletseng batho ba Iseraele, fa a bua dikgang tse di molemo ka kagiso mo go Jeso Keresete, Morena wa botlhe. 37Le itse ditiragalo tse di diragetseng mo Jutea, go simolola fela ko Galalea kwa Johane a neng a kolobetsa batho teng; 38ditiragalo ka ga Jeso wa Nasaretha, ka fa Jeso a mo tlooditseng ka teng ka Moya yo o Boitshepo le nonofo. Ka Modimo ane a na le ene, o ne a tsamaya a dira ditiro tse di molemo a bo a fodisa botlhe ba ba neng ba gateletswe ke mmaba.
39Re basupi ba dilo tse a di dirileng ko Juta le ko Jerusalema-Jeso yo ba mmolaileng, ka go mmapola. 40Monna yo, Modimo o mo tsositse ka letsatsi la boraro, mme a dira gore a itsewe, 41e seng ke batho botlhe, mme e leng basupi ba ba tlhophilweng ke modimo, rona, ba re neng ra nwa ra ba ra ja le ene a sena go tsoga mo baswing.
42O re laotse go rerela batho le go ba pakela gore ke ene a kgethilweng ke Modimo go nna moatlhodi wa baswi le batshedi. 43Baporofiti ba paka ka ga gagwe gore yo o dumelang mo go ene o tla a bona boitshwarelo jwa dibe mo leineng la gagwe.
44Fa Petere a bua dilo tse, Moya yo o boitshepo wa wela mo go ba ba reeditseng. 45Badumedi ba ba rupileng, botlhe ba ba tsileng le Petere, ba makala go bona baditshaba ba tladiwa ka Moya o o Boitshepo.
46Ba utlwa baditshaba ba bua ka diteme di sele ba galaletsa Modimo. Petere a re, 47''A go na le mongwe yo o ka itsang batho ba go kolobediwa ka metsi, ba ba setseng ba amogetse Moya yo o Boitshepo jaaka rona? 48A laola gore ba kolobediwe ka leina la ga Jeso Keresete. Ba mo kopa go nna le bone malatsinyana.
111Jaana baaposetolo le bakaulengwe ba ba ko Jutea ba utlwa fa baditshaba ba amogetse lefoko la modimo. 2Fa Petere a sena go tla ko Jerusalema, bao ba e neng e le ba setlhopha sa ba ba rupisang ba mo kgala; 3ba mo raya bare,"o itomagantse le banna ba ba sa rupang ebile o jele le bone!"
4Mme Petere a simolola go ba tlhalosetsa kgang ka botalo; a re, 5ke ne ke rapela ko toropong ya Jopa, ka nna le ponatshegelo ya sejana se fologelela ko tlase, jaaka kobo e tona e fologa e tswa legodimong ka dikhutlo tsa yone tse nne. Ya fologelela mo go nna. 6Ka e lebelela ebile ka akanya ka yone. Ka bona diphologolo tse di maato , mane tsa lefatshe, le dibatana tsa naga, le diphologolo tse di gagabang, le dinonyane tsa lewapi.
7Ka utlwa lentswe le nthaya lere, "tsoga Petere; bolaya o je!" 8kare, "ga go a nna jalo Morena: ga go sepe se se seng boitshepho kgotsa se se leswe se se kileng sa tsena ka molomo wame." 9Mme lentswe la araba gape gotswa ko legodimong, "se Modimo a boletseng gore se phepa, o seka ware se leswe." 10Se se diragetse makgetho a le mararo, mme sengwe le sengwe sa busetswa ko legodimong gape.
11Bonang, gone foo ga bo gole banna ba le bararo ba eme fa pele ga ntlo e re neng rele mo go yone; ba ne ba romilwe gotswa ko go Kaesara go tla kwa go nna. 12Mowa o ne wa ntaolela gore ke tsamaye le bone, le gore ke seka ka ba farologanya. Bakaulengwe ba barataro ba ba tsamaya le nna, ra tsena mo ntlong ya monna. 13A re bolelela ka fa a bonyeng moegele a eme ka teng mo ntlong ya gagwe a re, "romelang banna ko Jopa le bo le busa Simone yo o bitswang Petere. 14O tla bua le lona molaetsa o le ka bolokwang ka one- wena le botlhe ba ntlo ya gago."
15Jaaka ke ne ke simolola go bua le bone, Mowa yo o Boitshepho wa tla mo go bone, jaaka ko go rona mo tshimologong. 16Ka gakologelwa mafoko a Morena, fa a re," ele ruri Johane o ne a kolobetsa ka metsi; mme lona le tla kolobediwa mo Moweng yo o Boitshepho."
17Jaanong fa Modimo o ba neetse mpho ee tshwanang le ya rona fa re ne re dumela mo go Morena Jeso Keresete, nna ke ne kele mang, yo o ka ganetsang Modimo?" 18Fa ba utlwa dilo tse, ba seka ba bua sepe, mme ba galaletsa Modimo bare, "jaanong Modimo o neetse baditshaba botshelo ka boikotlhao."
19Jaana ba ba neng ba phatlaletse ka lebaka la dithokofatso tse di simologileng le leso la ga Setefano ba ne ba gasama go ya bokgakala jwa Fenekia, Saeporase, le Antioko, mme ba bua molaetsa wa ga Jeso ko Bajuteng fela. 20Mme bangwe ba bone, banna go tswa ko Saeporase le Saerine, ba tla ko Antioko ba bua le Bagerika, ba ba bolelela dikgang tse di molemo ka ga Morena Jeso. 21Jalo letsogo la Morena la bo le le mo go bone; palo e ntsi ya dumela ba retologela ko Moreneng.
22Dikgang ka ga bone tsa goroga ko kerekeng mo Jerusalema: ba romela Banabase go fitlha ko Antioko. 23E rile a tla a bo a bona mpho ya Modimo, o ne a itumela; a ba kgothatsa bothe gore ba sale le Morena ka dipelo tsa bone tsothe. 24Gonne ene ele monna yo o siameng a tletse ka Mowa yo o Boitshepho le tumelo, le bontsi jwa batho ba okelediwa mo Moreneng.
25Banabase a tswa a ya ko Tareso go ya go batla Saulo. 26Fa a sena go mmona, amo tlisa ko Antioko. Ga diragala gore ngwaga otlhe ba phuthagana le kereke go ruta batho bale bantsi. Barutwana ba bidiwa Bakeresete ele lantlha ko Antioko.
27Jaana mo malatsing a, baporofiti bangwe ba tla ko Antioko ba tswa Jerusalema. 28Mongwe wa bone, yo o bidiwang Agapase, a supa ka Mowa gore go tla nna leuba lefatshe lotlhe. Mo go diragetse mo malatsing a ga Kelaodiase.
29Jaana, barutwana, jaaka mongwe le mongwe wa bone a ne a kgona, ba tsaya tshwetso ya go romela thuso ko bakaulengweng ba ba ko Jutea. 30Ba dira se; ba romelela madi ko bagolwaneng ka diatla tsa ga Banabase le Saulo.
121Jaanong ya re ka nako eo kgosi Herote a tshwara bangwe ba e leng ba kereke gore a tle a ba kgokgontshe. 2A bolaya Jakobe morwa rraagwe Johane ka tshaka.
3Morago ga go bona fa se se itumedisitse Bajuta, A tswelela a isa le Petere kgolegelong. E ne e le mo malatsing a borotho jo bo senang sebidiso. 4Morago ga go mo tlhatlhela, a mmaya mo kgolegelong a bo a laela ditlhophana tse nne tsa masole a le mane go mo disa; o ne a ikaeletse go mo tlisa ko bathong morago ga Tlolagano.
5Jalo Petere a bewa mo kgolegelong, mme ba ba mo kerekeng ba mo rapelela ka tlhwaafalo mo Modimong. 6Letsatsi pele ga Herote a mo ntshetsa kwa ntle, bosigo joo Petere o ne a robetse fa gare ga masole a mabedi, a funetswe ka dikeetane tse pedi, badisa dikago ba ba fa pele ga lebati ba bo ba lebeletse kgolegelo.
7Bonang, moengele wa Morena ka bonako a iponagatsa fa go ene, mme lesedi la phatsima mo kgolegelong, a betsa Petere mo letlhakoreng a mo tsosa a mo raya a re, ''Emelela ka bonako.'' Dikeetane tsa gagwe tsawa mo matsogong a gagwe. 8Moengele a mo raya a re, ''Apara o bo o rwala ditlhako tsa gago.'' Petere a dira jalo.Moengele a mo raya a re, ''Apara kojwana ya gago o ntshale morago.''
9Ka jalo Petere a sala moengele morago ba tswela ko ntle. O ne a sa itse gore se se neng se dirwang ke moengele se a diragala ka boammaruri. O ne a akanya gore o bona ponatshegelo. 10Fa ba sena go feta ka modisa magolegwa wa ntlha le wa bobedi, ba tla ko kgoronwaneng ya tshipi e e isang mo toropong; ya ipula. Ba tswela ko ntle ba tsamaya mo mekgwatlheng, moengele a mo tlogela gone foo.
11Fa Petere a itharabologelwa, a re, ''Jaanong ke a itse ka boammaruri gore Morena o rumile moengele wa gagwe go nkgolola mo diatleng tsa ga Herote, le mo di tsholofelong tsotlhe tsa Bajuta.'' 12Fa a sena go lemoga se, a tla ko ntlong ya ga Marea mmaagwe Johane yo sefane sa gagwe e neng e le Mareko; badumedi ka bontsi ba ne ba kgobokane koo ba rapela.
13Fa a kokota ko lebating , mosetsana wa lelata yo o bidiwang Roda a tla go araba. 14Fa a lemoga lentswe la ga Petere, ka boitumelo a palelwa ke go bula lebati; boemong, a tla a tabogetse mo kamoreng; a bolela fa Petere a eme ko lebating. 15Ba mo raya ba re, ''o a tsenwa.'' Mme a gatelela gore go ntse jalo. Ba re, '' Ke moengele wa gagwe.''
16Mme Petere a tswelela ka go kokota, mme fa ba bula lebati, ba mmona ba hakgamala. 17Petere a ba supegetsa ka letsogo la gagwe gore ba didimale, a ba bolelela ka fa Morena a mo ntshitseng mo kgolegelong ka teng. A re,''Begelang Jakoba dilo tse le barwarraagwe.'' A bo a tswa a ya ko lefelong le lengwe.
18Jaanong fa go nna motshegare, ga bo go sena le fa e le boitumelo mo masoleng, ka se se diragaletseng Petere. 19Morago fa Herote a sena go mmatla a bo a sa mmone, a botsa badisa dikago a bo a laola gore ba bolawe. A bo a tswa mo Jutea a ya Kaisarea a ya go nna teng.
20Jaanong Herote a tlala bogale le batho ba Ture le Sidoma.Ba ya ko go ene botlhe. Ba pateletsa Bolasetose , mothusa kgosi go ba thusa. Ba bo ba kopa kagiso, ka gore lefatshe la bone le ne le amogela dijo go tswa kwa lefatsheng la kgosi. 21Ka letsatsi le le beilweng Herote a apara dilwana tsa gagwe tsa bogosi a bo a nna mo setilong sa bogosi, a bo a ba fa molaetsa.
22Batho ba goeletsa ba re,'' Le ke lentswe la modingwana, ga se la motho!'' 23Ka bofefo moengele wa Morena a mmetsa, ka gore o ne a sa galaletse Modimo; o ne a jewa ke diboko a swa.
24Mme lefoko la Modimo la gola la bo la ntsifala. 25Morago ga gore Banabase le Saulo ba wetse maikaelelo a bone ko Jerusalema, ba bowa teng , ba tsaya Johane yo sefane sa gagwe e neng e le Mareko.
131Jaanong kwa Antioke, mo kerekeng gabo gole baporofiti le baruti. Ene ele Banabase, Semeone (o bitswang Nega), Lusase wa Serene, Manaeng (morwa rre oo tsaletsweng Herote wamo teterake), le Saulo. 2Fa ba ntse ba obamela Morena ba itemile dijo, Mowa oo Boitsepo ware ¨Nkgaoganyetsa Saulo le Banabase go dira tiro e ke e ba bileditseng¨. 3Fa ba sena go itima dijo, le go rapela, le go ba baya banna bao diatla, baba golola.
4Mme Saulo le Banabase ba obamela Mowa oo Boitshepo ba gologela ko Selesia; go tswaa foo ba tsamaya ka mokoro goya setlhaketlhakeng sa Saporase. 5Fa ba le ko toropong ya Salamise, ba bua lefoko la Modimo modi senagogeng tsa Bajuta. Ba ne bana le Johane Mareko ele mothusi wa bone.
6Fa ba sena go ralala setlhaketlhake sotlhe go ya Pafose, ba fitlhela maselamose mongwe, moporofiti wa maaka wa Mojuta o leina la gagwe e neng ele Bara Jeso. 7Maselamose yo one a dirisanya le molaodi Sediase Paulo o e neng ele monna oo rutigileng. Monna o a laola gore go bitswe Barabase le Saulo ka gore one a batla go utlwa lefoko la Modimo. 8Mme Elesemase "wa maselamose" (ke kafa leina la gagwe le ranolwang ka teng) a ba ganetsa; a leka go fetola molaodi gore a seka a nna le tumelo.
9Mme Saulo, o gape a bitswang Paulo, a tladitswe ka mowa oo Boitshepo a mo tlhoma matlho asa bonye 10abo are, "Wena ngwana waga satane, o tletse ka tsietso le bosula. O mmaba wa tshiamo yotlhe. A tota otla kitla o emisa go soka tsela ya Morena ee tlhamaletseng?
11Ka jalo bona, letsogo la Modimo lemo go wena, mme otla nna sefofu. Gao kake wa bona letsatsi ka sebaka." Ka bonako Elesemase a welwa ke mmuwane le bontso; a semolola go kopa batho gore bamo goge ka letsogo. 12Morago ga molaodi a sena go bona sese diragetseng, a dumela, ka gore one a kgatlhilwe ke thuto kaga Morena.
13Jaanong Paulo le ditsala tsa gagwe ba tsamaya ka mokoro go tswa Fafose a tla Pega mo Pamphelia. Mme Johane aba tlogela a boela Jerusalema. 14Paulo le ditsala tsa gagwe ba tsamaa batswa Paga batla mo Antioke wa Pisidia. Gone koo ba feta ba ya senagogeng ka Sabata ba dula fa fatshe. 15Morago ga go balwa ga molao le baporofiti, baeteledipele ba senagogwe ba romela molaetsa bare, "Bakaulengwe, fa lena le molaetsa wa kgothatso go bua le batho, o bueng."
16Mme Paulo a ema ka dinao, a supa ka letsogo la gagwe are "Banna ba Iseraele, le lona bale tlotlang Modimo, reetsang. 17Modimo wa batho ba ba Iseraele, o kgethile bo rraarona mogolo mme a dira batho bantsi fa bane bale ko lefatsheng la Egepeto, mme ka letsogo lele ko godimo waba etelela pele gotswa mogo lone. 18Ka dingwaga dika tshwara masome a mane aba itshokela bale mo sekakeng.
19Morago ga a sena go nyeletsa merafe ele supa mo lefatsheng la Kanana, a neela batho ba rona lefatshe la bone go nna boswa. 20Ditiragalo tsena tsotlhe di tsere dingwaga dile makgolo a mane le masome a matlhano. Morago ga dilo tsena tsotlhe, Modimo aba neela baatlhodi go fitlhela moporofiti Samuele.
21Mme batho ba kopa go nna le kgosi, mme Modimo aba neela Saulo morwa Kishe, monna gotswa morafeng waga Benjamene go nna kgosi dingwaga dile masome a mane. 22Morago ga Modimo a sena go mo ntsha mo bogosing, a tsholetsa Tafite go nna kgosi ya bone, ene ele kaga Tafite fa Modimo are 'Ke bone Tafite morwa Jese go nna monna yoo fa morago ga pelo yame, o o dirang dilo tsotlhe tse ke batlang a di dira.'
23Go tswa mo dikokomaneng tsa monna yo, Modimo o tlisitse mo Iseraele mmoloki, Jeso hela jaaka a solofeditse go dira. 24Sena se semolotse go diragala leng, pele ga Jeso atla, Johane lantlha one a rera kolobetso ya boikotlhao mo bathong botlhe ba Iseraele. 25Fa Johane a fetsa tiro ya gagwe, are, "Le akanya gore ke mang? Gake ene. Mme reetsang, gotla ko morago ga me ene yo le dikgole tsa ditlhako tsa gagwe kesa lekanang godi hunolola.'
26Bakaulengwe, bana ba letso laga Aberehame, leba ba mo go lona baba obamelang Modimo, molaetsa o wa poloko o rometswe mogo rona. 27Gonne bao ba tshelang mo Jerusalema, le balaodi ba bone, gaba aka bamo lemoga, mme ba rurifatsa puo ya baporofiti e e balwang ka Sabata mongwe le mongwe kago mmona molato.
28Le fa basa itlhela lebaka lepe lago mmaya molato oo tswannwang ke leso, ba kopa Pilato gore a mmolae. 29Fa ba sena go feleletsa dilo tsotlhe tse di kwadilweng ka ga gagwe, bamo folosa mo setlhareng mme bamo robatsa mo lebitleng.
30Mme Modimo o mo tsositswe mo baswing. 31O ne a bonwa ke bontsi jwa batho baba neng ba tlile le ene gotswa Galalia goya Jerusalema. Batho ba ke bone basupi ba gagwe mo bathong.
32Re le tlisetsa mafoko aa molemo ka ga ditsholofetso tsedi neng tsa direlwa bo rrarona mogolo. 33Morena o tshegeditse ditsholofetse tse mo go rona ,bana ba bone, ka gore o tsositse Jeso. Se gape ke sone se se neng se kwadilwe mo Pesalema ya bobedi 'O Morwaake, tsatsi la gompieno ke nna Rrago'. 34Gape ka boammaruri jwa gore omo tsositse mo baswing gore a seka a bola, o buile jaana "Ketla go neela boitshepo le ditshogofatso tsaga Tafite.'
35Se ke sone sea buang le mo pesalemeng e nngwe 'Gao kake wa letlelela oo boitshepo wa gago go bola.' 36Gonne morago ga Tafite a sena go dira dikeletso tsa Modimo mo kokomaneng ya gagwe, one a robala, a robadiwa le rraagwe mme a bola', 37mme ene o Modimo amo tsositseng, gaa bona gobola.
38Mme a go itsefaleng mo go lona, bakaulengwe, gore lefa ntswa monna o a le bolelela boitswarelo jwa dibe. 39Ka ene mongwe le mongwe yo dumelang o a baakanngwa mo dilong tsotlhe tse molao wa ga Moshe o neng o ka seke o go baakanye.
40Mme jaanong elang tlhoko gore dilo tse baporofiti ba buileng ka tsone gore di seka tsa le diragalele. 41'Bonang, lona bale ilang, le makaleng mme le nyeleleng; gonne ke dira tiro mo malatsing a lona, tiro ele ka sekang la kitla le e dumela, lefa motho aka ele bolelela.'''
42Erile jaaka Paulo le Banabase ba tsamaya, batho ba ba kopa gore batle go bua gape mafoko a a ntseng jalo ka Sabata oo tlang. 43Erile bokopano jwa senagogwe bo sena go fela, bontsi jwa Bajuta leba ba ntsha mo tumelong bale boineelo ba sala Paulo le Banabase morago, baba neng ba bua le bone baba kgothatsa go tswelela mo leratong la Modimo.
44Ka letsatsi la Sabata o o latelang, a bo eka nna toropo yotlhe e kgobokane go utlwa lefoko la Morena. 45Fa bajuta ba bona matshwititshwiti, ba tlala ka lefufa mme ba bua kgatlhanong le dilo tsedi neng di buiwa ke Paulo mme ba mo tlhapatsa.
46Mme Paulo le Banabase ba bua ka bogaka bare "Gone gole botlhokwa gore lantlha mafoko a Morena a buiwe le lona. Ka go lebega lea kgarameletsa ntle le bona le sa tshwanelwe ke botshelo jo bo sa khutleng, bona, retla leba ko Baditshabeng. 47Ka gore Morena ore laotse are, 'Ke le beile jaaka lesedi mo Baditshabeng, gore le tlise poloko mo dikarolong tsedi ko teng tsa lefatshe.'"
48Erile Baditshaba ba utlwa se, ba tlala ka boitumelo ba galaletsa lefoko la Morena. Bontsi jobo neng bo lebagwanwe ke botshelo jobo sa khutleng jwa dumela. 49Lefoko la Morena la gasiwa mo kgaolong yotlhe.
50Mme Bajuta ba gakatsa basadi ba ba boineelo bale botlhokwa le banna baba eteletseng toropo pele. Se sa baka dipitlagano kgatlhanong le Paulo le Banabase, mme ba latlhelwa ko ntle ga toropo. 51Mme Paulo le Banabase ba itlhotlhora lerole mo dinaong kgatlhanong le bone, baya toropong ya Ikoniamo. 52Mme barutwa ba tladiwa ka boitumelo le ka Mowa oo Boitshepo.
141Gone ga diragala gore Paulo le Banabase bale mo Ekoname ba tsena mo senagoge ya Bajuta ba bua ka tsela e eleng gore matshwititshwiti jwa Bajuta le Bagerika ba dumela. 2Mme batlhoka kutlo ba Bajuta ba hudua maikutlo a ba ditshaba ba tlala ka kutlo botlhoko kgatlhanong le barwa rraabo.
3Ka jalo ba nna foo ka lebaka le leleele, ba bua ka bogaka ka nonofo ya Morena, fa a ntsha bosupi ka molaetsa wa tshegofatso ya gagwe. A dira se ele go dira ditshupo le dikgakgamatso gore di dirwe ka diatla tsa ga Paulo le Banabase. 4Bontsi jwa toropo ba kgaogana: bangwe baya ko letlhakoreng la Bajuta, fa bangwe la Baaposetolo.
5Baditshaba le Bajuta ba leka go pateletsa baeteledi pele ba bone go tlhokofatsa le go kgobotletsa Paulo le Banabase ka matlapa, 6ba lemoga seo mme ba siela ko ditoropong tsa Lekonia,Lesetara le Derebe le dikgaolo tse di bapileng le bone, 7koo ba bo ba rera mafoko aa molemo.
8Kwa Lesatara monna mongwe o ne a ntse fa fatshe a sa kgone go ema ka dinao e le bogole bo a tshotsweng ka bone, a ise a tsamae. 9Monna yo o ne a utlwile Paulo a bua.Paulo a mo tlhoma matlho mme a bona a na le tumelo ya go fodisiwa.Mme a mo raya a re ka lentswe le le kwa godimo, 10''Ema ka dinao tsa gago'' Ka jalo monna a tlola a tsamaya mo tikologong.
11Matshwititshwiti a bona se Paulo a se dirileng, ba goeletsa, ka puo ya lekonia, ''Badimo ba re gorogetse ba le mo setshwanong sa batho.'' 12Ba bitsa Banabase'' Seuse, '' le Paulo ''Heremese'' ka gore ene e le sebui segolo. 13Mopereseti wa ga Seuse, yo tempele ya gagwe eneng e le kwa ntle ga toropo, a tlisa pholo le serwalo ko dikgorong. Ene le matshwititshwiti ba ne ba batla go ntsha setlhabelo.
14Mme fa baaposetolo, Banabase le Paulo, ba utlwa ka se, ba ikgagolola diaparo ba tsena mo matshwititshwiting ka bofefo, ba goa 15bare, ''Bathong, ka go reng le dira dilo tse? Le rona re batho ba ba nang le maikutlo a a tshwanang le a lona. Re le tliseditse dikgang tse di molemo, gore le tswe mo dilong tse di senang mosola tse le ye ko Modimong yo o tshelang, yoo o dirileng Legodimo, lefatshe, lewatle le tsotlhe tse di mo go tsone. 16Mo dingwageng tse di fetileng, o ne a letleletse ditshaba tshotlhe go tsamaya ka ditsela tsa tsone.
17Mme jalo, a seka a itesa a sena mosupi, ka seo a dira molemo ale neeela dipula go tswa ko legodimong le paka e e nang le maungo a tlatsa dipelo tsa lona ka dijo le boitumelo.'' 18Ka mafoko a, Paulo le Bananase ba rata go palelwa ke go kganela matshwititshwiti go dira setlhabelo.
19Mme Bajuta bangwe go tswa Antioke le Ekoname ba tla ba pateletsa bontsi jwa batho. Ba ngata Paulo ka matlapa ba mo gogela ko ntle ga toropo, ba akanya gore o sule. 20Ya re Barutwa ba eme ka dinao ba mo dikaganyeditse, a tsoga a tsena mo toropong. Tsatsi le le latelang aya Derebe le Banabase.
21Morago ga go rera mafoko a a molemo mo toropong eo babo ba dira barutwa ba bantsi, ba boela Lesetera, ko Ekoname le ko Antioke. 22Ba tswelela ka go nonotsha mewa ya barutwa le go ba kgothaletsa go tswelela mo tumelong, bare, ''Re tshwanetswe go tsena mo bogosing ba Modimo ka dipugisego tse dintsi.''
23Fa ba sena go ba supegetsa bagolwane mo di kerekeng tsotlhe, ba sena go rapelela ba itimile dijo, ba ba tshepisa mo Moreneng yo ba dumetseng mo go ene. 24Ba ne ba ralala Pisidia ba fitlha mo Pamefilia. 25Fa ba sena go bua mafoko mo Perege, ba ya Atalea. 26Go tsweng foo ba tsamaya ka mokoro go ya Antioke, fa ba ntseng bale boineelo go dira mo tlhokomelong ya Modimo tiro e ba setseng ba e feditse.
27Fa ba goroga mo Antioke ba tshwaraganya kereke ga mmogo, ba bega tsotlhe tse Modimo a di dirileng ka bone, le ka fa a buletseng baditshaba setswalo sa tumelo ka teng. 28Ba nnile ka lebaka le le leele le barutwa.
151Banna bangwe batswa mo Jutia ba ruta bakaulengwe, bare, "Ga o kake wa bolokwa, fa osa rupisiwa ka fa tsamaisong ya ga Moshe." 2Morago ga puisanyo le kganetsanyo ya ga Paulo le Barenabase le bone, bakaulengwe ba tsaya tshwetso ya gore, Paulo, Barenabase, le bangwe ba bone baye kwa Jerusalema kwa ba aposetoloing le bagolwane ka kgang e.
3Bone, ka bane ba rumilwe ke phuthego, ba feta ka Fenekia le Samaria go bolela ka phetogo ya baditshaba. Ba tlisa boitumelo jo bogolo mo bakaulengweng botlhe. 4Fa ba goroga mo Jerusalema, ba amogelwa ke phuthego, ba aposetoloi le bagolwane, mme ba ba bolelela dilo tsotlhe tse Modimo o di ba diretseng.
5Mme bangwe ba ba neng ba dumela, e le ba setlhopha sa Bafarasai, ba ema ka dinao bare, ''Go botlhokwa gore ba rupisiwe le go ba laola gore ba tshegetse molao waga Moshe." 6Ka jalo ba aposetoloi le bagolwane batla ga mmogo go sekaseka kgang e.
7Morago ga kganetsanyo e kgolo, Petere a ema ka dinao a ba raya are, "Bakaulengwe lo a itse gore mo nakonyaneng e e molemo e e fetileng, Modimo a tlisa boikgethelo mo go lona, gore ka molomo wame baditshaba ba utlwe mafoko a a molemo, mme ba dumele. 8Modimo, yoo itseng pelo, a ba pakela, a ba abela Moya oo Boitshepo, hela jaaka a re diretse, 9mme ga a dira pharologanyo epe magareng ga rona le bone, a dira dipelo tsa bone dintle ka tumelo.
10Mme jaanong ke eng le leka Modimo, ka go baya joko mo melaleng ya barutwa, e rona lefa ele bo rraarona re sa kgonang go e sikara? 11Mme re dumela gore re tlaa bolokwa ka tshegofatso ya Morena Jeso, fela jaaka bone."
1212 Matshwititshwiti otlhe a didimala ba reeditse Barenabase le Paulo ba ba bolelela ka ditshupo le dikgakgamatso tse Modimo a di dirileng mo Baditshabeng ka bone.
13Fa ba sena go emisa go bua, Jakobe a bua, are, "Bakaulengwe, ntheetsang. 14Simone o re boleletse kafa Modimo o tlhomogetseng Baditshaba pelo ka teng go itseela mo go bone batho ba leina la gagwe.
15Mafoko a baporofeta a dumalana le se, jaaka go kwadilwe, 16´Morago ga dilo tse ke tlaatla gape, mme ke tlaa aga gape ntlo ya ga Tafite, e e oleng; ke tlaa baakanya kebo ke buseletsa matlotla a yone gape, 17gore masalela a batho atle a batle Morena, le Baditshaba botlhe ba ba bidiwang ka leina lame.´ 18Se ke se Morena o se buang, yo o dirileng dilo tse di saleng di itsege gotswa bogologolong.
19Mme jaanong, ka fa ke bonang ka teng, ga re a tshwanela go kgoreletsa Baditshaba ba ba boelang mo Modimong; 20mme re ba kwalele gore ba kgaogane le bosula botlhe ba kobamelo ya medimo ya disetwa, le mo boleong jwa tlhakanelo dikobo, le mo go se se kgamilweng, le mo mading . 21Gotswa bogologolong mo toropong nngwe le nngwe go ntse gona le batho ba ba rerang le go bala Moshe mo matlung a thuto le ka Sabata mongwe le mongwe.
22Ga lebega go le molemo mo ba aposetoloing le bagolwane, le phuthego yotlhe, go tlhopha Jutase yoo bidiwang Baresabase, le Silase, ba e neng e le baeteledipele ba phuthego, go ba romela kwa Antioka le Paulo le Barenabase. 23Ba kwala se: "Ba aposetoloi, bagolwane le bakaulengwe, le bakaulengwe ba Baditshaba mo Antioke, Siria le Kelekia, re a le dumedisa.
24Re utlwile ka banna bangwe ba ba duleng mo go rona, re sa ba neela taolo epe, ba lo tshwentse ka dithuto dingwe tse di tshwentseng mewa ya lona. 25Mme jaanong ra bona gole molemo mo go rona go dumalana go tlhopha banna mo go rona go ba romela koo go lona le baratwa ba rona Barenabase le Paulo, 26batho ba ba beileng matshelo a bone mo diphatseng ka leina la Morena Jeso Keresete.
27Jalo re rometse Paulo le Silase, ba le bone ba tlaa le bolelelang dilo tse di tshwanang. 28Ka gobo go lebega go le molemo mo Moweng o o Boitshepo le mo go rona, gore re seka ra le rwesa morwalo ope o o bokete fa ese dilo tse di botlhokwa tse; 29gore le kgaogane le dilo tsotlhe tse di neetsweng mo badimong, madi, le mo go tse di kgamilweng, le mo boleong jwa tlhakanelo dikobo. Fa o ikgaoganya le dilo tse tsotlhe o tlaa siamelwa. Salang sentle."
30Mme bone, e rile ba setse ba letlelelwa go tsamaya, ba tsena mo Antioka; yare ba sena go phutha matshwititshwiti ga mmogo, ba gorosa mokwalo. 31Fa ba sena go o bala, ba itumelela kgothatso. 32Jutase le Silase, ka e le baporofeta, ba kgothatsa bakaulengwe ka mafoko a mantsi le go ba thatafatsa.
33Fa ba sena go fetsa lobakanyana gone, ba gololwa ka kagiso gotswa mo bakaulengweng go boela kwa go ba ba ba rumileng. 3435Mme Paulo le Barenabase ba nna mo Antioka le ba bangwe ba bantsi , ba ruta le go rera lefoko la Morena teng.
36Morago ga malatsinyana Paulo a raya Barenabase a re, "A re boele morago re etele bakaulengwe mo metseng yotlhe e re rerileng lefoko la Morena mo go yone, re tlhole bakaulengwe gore ba tsoga jang. 37Barenabase a batla gore ba tsamae le Johane yo o neng a bidiwa Mareko. 38Mme Paulo a bona gose molemo go tsaya Mareko, yo o neng a kgaogana le bone kwa Pampilia a seka a tswelela le bone mo loetong lwa tiro.
39Mme ga tsoga kgang e e botlhoko ya go tlhoka go dumalana mo gare ga bone, e e neng ya ba kgaoganya, ka jalo Barenabase a tsaya Mareko ba tsamaya ka mokoro go ya Kipero. 40Mme Paulo a tlhopha Silase mme a tswa, a sena go neelwa mo tshegofatsong ya Morena ke bakaulengwe. 41A tswa a ralala Siria le Kilikia, a nonotsha diphuthego.
161Paulo le ene a tla ko Derebe le ko Lesitare; mme bonang, morutwana mongwe yo o bidiwang Timotheo a bo a le koo, morwa wa mosadi wa Mojuta yo o dumetseng; rraagwe e ne e le Mogerika. 2O ne a buiwa bontle ke barwarraagwe ba ba neng ba le kwa Lisetara le Ikoniamo. 3Paulo o ne a mmatla gore a tsamae le ene. Ka mabaka a Bajuta ba ba neng ba le mo dikgaolong tseo, a mo tsaya a mo rupisa ka gore botlhe ba ne ba itse gore rraagwe ke Mogerika.
4Ya re ba le mo ditseleng tsa bone mo gare ga ditoropo, ba neela dikereke ditaelo gore ba di obamele, tse di kwadilweng ke baaposetolo le baeteledipele mo Jerusalema. 5Jaanong dikereke tsa nonotshiwa mo tumelong tsa bo tsa gola ka dipalo letsatsi le letsatsi.
6Paulo le bangwe ka ene ba ralala dikgaolo tsa Firigia le Galatia, ka ba ne ba iditswe ke Mowa o Boitshepo go rera mafoko mo mafelong a Asia. 7Fa ba atumela Misia, ba leka go tsena mo Bithinia, mme Mowa wa ga Jeso wa ba kganela. 8Jaanong fa ba feta ka Misia, ba tsena mo toropong ya Toroase.
9Mo bosigong Paulo a bona ponatshegelo; Monna wa Masetonia o ne a eme foo, a mmitsa a re, ''Tlaya jaana mo Masetonia o tle go re thusa.'' 10Morago ga Paulo a sena go bona ponatshegelo, ka bofefo ra phutha go ya ko Masetonia. Ra tsaya tshwetso ya gore Modimo o re biditse go ba rerela mafoko a molemo.
11Ra tswa ka mokoro mo Teroase, ra tlhamalelela ka Samotherase, letsatsi le le latelang ra tla ko Neapolise. 12Go tsweng foo ra ya ko Filipi, e e leng toropo ya Masedonia, toropo e e botlhokwa thata mo kgaolong le mo lefelong le le ipusang la Baroma, mme ra nna mo toropong e malatsi. 13Ka letsatsi la Sabata ra tswela ko ntle ga kgoro e e fa nokeng, ko re neng re akanya gore gona le lefelo la thapelo. Ra nna fa fatshe ra bua le bomme ba ba neng ba ikgobokantse.
14Mosadi mongwe yo o bidiwang Lidia, a tswa mo toropong ya Thiatira, morekise wa matsela a phepole, yo o obamelang Modimo a re reetsa. Morena a mmula pelo go reetsa dilo tse di neng di buiwa ke Paulo. 15Fa a kolobediwa le ba ntlo ya gagwe, a re kopa, a re; ''Fa o atlhotse gore ke boikanyego mo Modimong, a re ye ko ntlong ya me le e go nna teng.'' Ra dumalana le ene.
16Ga tla nako eo e re neng re ya ko lefelong la thapelo, kgarejwana nngwe e e nang le mowa wa boloi a re kgathantsha. A isetsa beng ba gagwe khumo e kgolo ka go bua boitseanape. 17Mosadi yo a sala Paulo le rona morago a goa, a re, ''Banna ba ke batlhanka ba Modimo yo o ko godimo. Ba bua le lona mafoko poloko.'' 18A dira se malatsi a le mantsi. Mme Paulo ka go tlatswa bogale ke ene,a retologa a raya mowa a re , '' Ke go laela ka leina la ga Jeso Keresete gore o tswe mo go ene.'' Wa tswa gone foo.
19Fa beng ba gagwe ba lemoga gore tsholofelo ya kgolo ya bone e nyeletse, ba tshwara Paulo le Silase ba ba gogela ko marekisetsong fa pele ga baeteledipele. 20Fa ba sena go ba tsisa fa pele ga baatlhodi, ba re, ''Banna ba ke Bajuta, ba tsisa mathata mo toropong ya rona. 21Ba ruta dilo tse di seng ka fa molaong mo go rona go di amogela kgotsa go di lebelela re le Baroma. ''
22Mme matshwititshwiti a tsogologela Paulo le Silase; Baatlhodi ba ba kgagolela diaparo,ba ntsha taolo ya gore ba betswe ka dithobane. 23Fa ba sena go ba betsa mo go botlhoko, ba ba tseya mo kgologelong mme ba laela modisa kgolegelo go ba tlhokomela thata. 24Morago ga go amogela taelo eo modisa kgolegelo a ba isa mo kgolegelong e e ko teng a ba funela maoto mo sesaneng.
25Gare ga bosigo Paulo le Silase ba bo ba rapela ba opelela Modimo difela, mme magolegwa a mangwe a ne a ba reeditse. 26Ka bonako ga nna le thoromo e kgolo ya lefatshe e e leng gore motheo wa kgolegelo o ne wa tshikinyega; ka bofefo mabati otlhe a bulwa le dikeetane tsa batho botlhe tsa funololwa.
27Modisa magolegwa a tsoswa mo borokong a bo a bona mabati a butsweng a kgolegelo; Ka gore o ne a akanya fa magolegwa a tshabile,a somola tshaka ya gagwe,ya re a re wa ipolaya. 28Paulo a goa ka lentswe le legolo, a re, ''O seka wa ikgobatsa ka gore rotlhe re fa.''
29Modisa magolegwa a re a dipone di tle a bo a itlhaganelela go tsena mo kgolegelong,a roroma ke letshogo,a wela fa fatshe fa pele ga ga Paulo le Silase, 30a ba isa ko ntle a re, ''Borra, ke ka dira eng go bolokwa?'' 31Ba re, ''Dumela mo go Morena Jeso, o tla bolokwa, wena le ba ntlo ya gago.''
32Ba mmolelela lefoko la Morena, le botlhe ba ba mo ntlong ya gagwe. 33Ka sone sebaka seo modisa magolegwa a ba tsaya a ba tlhapisa dintho. Ka bofefo ene le bantlo ya gagwe ba kolobediwa. 34A isa Paulo le Silas ko ntlong ya gagwe a bo a ba fa dijo. A itumela mo go golo le ba ntlo ya gagwe, ka gore botlhe ba dumetse mo Modimong.
35Jaanong ya re go le motshegare, baatlhodi ba romela molaetsa ko badisa magolegweng ba re, ''Tlogela banna bao ba tsamae.'' 36Modisa magolegwa a bega mafoko ko go Paulo, a re, ''Moatlhodi o nthomeletse molaetsa wa gore ke le tlogele le tsamae; Jaanong ka jalo tswaang le tsamae ka kagiso.''
37Mme Paulo a ba raya a re, ''Ba re biditse mo matlhong a setshaba, banna ba ba sa bonwang molato ba Baroma, e bile ba re latlhetse mo kgolegelong; A jaanong ba batla go re ntsha mo sephiring? Nnyaa; a batle ka bo bone ba tle go re ntsha.'' 38Badisa magolegwa ba bega mafoko a ko baatlhoding; Baatlhodi ba ne ba tshoga fa ba utlwa gore Paulo le Silase e ne e le Baroma. 39Baatlhodi ba tla kwa go bone ba ba kopa go tsamaya; Mme ya re fa ba ba ntshitse mo kgolegelong ba ba kopa gore ba tswe mo toropong.
40Ka jalo Paulo le Silase ba tswa mo kgolegelong ba tla kwa ntlong ya ga Lidia, fa ba bona barwarraabo, ba ba kgothatsa ba bo ba tswa mo toropong.
171Jaana e rile ba sena go ralala ditoropo tsa Amfipolisa le Apolonia, ba tla ko toropong ya Theselonika, ko go neng go na le sinagoge ya Bajuta. 2Paulo, ka ana a tlwaetse, a ya ko go bone, a ganetsana le bone ka dikwalo malatsi a bo Sabata ale mararo.
3O ne a phutholola dikwalo ebile a ba tlhalosetsa gore go ne go tshwanetse gore Keresete a bogisiwe le gore atsoge gape mo baswing. A re, "Jeso yo ke le mo bolelelang ke ene Keresete." 4Bangwe ba Bajuta ba ne ba tlhaloganya mme ba ikopanya le Paulo le Silase, go akaretsa Bagerika ba ba rapelang, bontsi jwa bomme ba ba eteletseng pele le matshwititshwiti.
5Mme Bajuta ba ba sa dumeleng, ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke lefufa, ba tsaya banna ba ba boikepo go tswa ko marekisetsong, ba kgobokanya batho, ba tlisa tlhakatlhakano mo toropong. Ba tlhasela ntlo ya ga Jasone, ba ne ba batla go ntshetsa Paulo le Silase ko bathong. 6Mme e rile ba sa ba bone, ba gogela Jasone le bakaulengwe bangwe ko balaoding ba toropo, ba lela, "Banna ba ba tlisitseng mathata mo lefatsheng le bone ba tsile kwano. 7Banna ba ba Jasone a ba amogetseng ba dira kgatlhanong le ditaolo tsa ga Kaisara; ba re go nale kgosi e nngwe ebong Jeso."
8Fa batho le balaodi ba toropo ba utlwa dilo tse, ba ne ba tshwenyegile. 9Morago ga go duedisa Jasone le ba bangwe, ba ba tlogela ba tsamaya.
10Bosigo joo bakaulengwe ba romela Paulo le Silase ko Berea. Fa ba goroga koo, ba tsena mo sinagogeng ya Bajuta. 11Jaanong batho ba ba ne ba eletsa go reetsa go nale ba ba ko Theselonika, ka ba amogetse lefoko ka tlhaloganyo yotlhe e e ipaakantseng, ba sekaseka dikwalo malatsi otlhe go bona gore a dilo tse di ntse jalo. 12Ka jalo bontsi jwa bone ba dumela, le basadi ba ba tlotlegang ba Bagerika le banna ba ba le bantsi.
13Mme fa Bajuta ba Theselonika ba utlwa gore Paulo le ene o bolela lefoko la Modimo ko Berea, ba ya teng ba tsisa tlhakatlhakano le letshogo mo bathong. 14Ka bofefo bakaulengwe ba romela Paulo go ya ko lewatleng, mme Silase le Timotheo ba sala koo. 15Bao ba neng ba tsamaisa Paulo ba mo isa ko toropong ya Athena. Jaaka ba tlogela Paulo koo, ba amogela ditaolo tsa gagwe gore Silase le Timotheo ba tle ka bofefo jo bo ka kgonegang.
16Jaanong fa Paulo a ba emetse ko Athena, mowa wa gagwe o ne wa tenega fa a bona toropo e tletse medimo ya disetwa. 17A buisana le Bajuta ba ba obamelang Modimo mo Sinagogeng le bao ba a neng a kopana le bone ko marekisetsong malatsi otlhe.
18Mme gape matlhale a Baepikurea le Basetoika ba kopana le ene. Ba bangwe bare, "Ana mmalabadi yo o leka go reng?" Ba bangwe bare, "O lebega e le moreri wa medimo ya disetwa," ka gore o ne a rera ka Jeso le tsogo.
19Ba tsaya Paulo ba mo isa ko go Areopago, bare, "A re ka itse thuto e ntsha e o neng o e bolelang? 20Gonne o tsisa dilo tse re sa di itseng mo ditsebeng tsa rona. Jaanong re batla go itse gore dilo tse di raya eng." 21(Jaanong Baathena botlhe le baeng ba ba nnang teng ba tsaya nako ba sa dire sepe mme e bile ba sa bue sepe kgotsa ba sa reetse sepe se se sesha.)
22Jaana Paulo a ema fa gare ga Areopagose a re, "Lona batho ba Athena, ke bona gore le tletse ka tumedi mo tseleng tsotlhe. 23Gonne e rile ke feta ke leba dilo tse le di obamelang, ke ne ka fitlhela aletara e na le mokwalo oo reng, "Go Modimo oo sa itseweng." Ka jalo se le se obamelang ka boikgatholoso, se ke a le se bolelela.
24Modimo yo o dirileng lefatshe le sengwe le sengwe se se mo go lone, ka gore ke Morena wa legodimo le lefatshe, ga a tshelele mo ditempeleng tse di agilweng ka diatla. 25E bile ga a direlwe ka diatla tsa batho, jaaka o kare o tlhoka sengwe, ka gore ene a neelang batho botshelo le mowa le sengwe le sengwe.
26Go tswa mo monneng a le mongwe a dira ditshaba tsotlhe tse di nnang mo godimo ga lefatshe, ka o tlhomamisitse dipaka tsa bone le melolwane e ba tshelelang mo go yone. 27Jalo, ba tshwanetse go batla Modimo gongwe ba tla o fitlhelela a bo ba o bona, mme ka boammaruri ga a kgakala le ope wa rona.
28Gonne mo go ene re a tshela, re a tsamaya e bile re batho, jaaka mongwe wa baboki ba lona a buile a re, 'Gonne le rona re bana ba o ne.' 29Ke gone e re ka re le bana ba Modimo, ga re a tshwanela go akanya gore bomodimo bo tshwana le gouta, kgotsa silefera, kgotsa matlapa aa betlilweng ka botswerere le dikakanyo tsa motho.
30Ke gone dinako tsa go tlhoka kitso Modimo o ne a di ikgatholosa, mme jaanong o laola batho botlhe gongwe le gongwe gore ba ikotlhae. 31Se ke ka gore o tlhomile letsatsi le a tsileng go atlhola lefatshe mo tshiamong ka monna yo a mo tlhophileng. Modimo o rurifaleditse batho botlhe ka o mo tsositse mo baswing.
32Jaanong fa batho ba Athena ba utlwa ka tsogo ya baswi, bangwe ba sotla Paulo; mme ba bangwe bare, "Re tla go reetsa gape ka kgang e." 33Morago ga mo, Paulo a ba tlogela. 34Mme batho bangwe ba ikopanya le ene ba dumela, go akaretsa Dionisio wa Moareopago, mosadi a bidiwa Damarise, la ba bangwe ba na le bone.
181Morago ga dilo tse Paulo a tswa mo Athenese a ya Korinta. 2Koo a fitlhela monna mongwe wa mojuta a bitswa Akwila, monna wa Pontose ka letso; e ne ele gone a tlang go tswa Etale le mosadi wa gagwe Poresela, Ka gore Telaodiase one a laoletse Bajuta botlhe go tlogela Roma; jaanong Paulo atla kogo bone; 3Paulo a nna abo a bereka le bone ka gore one dira diro e thswanang le ya bone. Ene ele badiri ba di tante.
4Jaanong Paulo a ntsha mabaka mo Senagoneng Sabata mongwe le mongwe. A dira gore Bajuta le Bagerika ba dumele. 5Mme fa Selase le Timotheo ba fologela go tswa Mesedonia, Paulo a dirwa ke mowa go pakela Bajuta gore Jeso ene ele Keresete. 6Fa Bajuta ba mo ganetsa ba bo bamo tlhapatsa, Paulo a tlhotlhorela seaparo sa gagwe mogo bone a ba raya are, "A madi a lona a nne mo ditlhogong tsa lona; ga kena molato. Go tswa gompieno ke tla ya ko Baditshabeng.''
7Jaanong atswa hoo aya ko ntlong yaga Thaethase Jusetose, monna yo obamelang Modimo. Ntlo ya gagwe ene e bapile le Senagoge. 8Keresepase, moeteledipele wa Senagoge le botlhe ba ntlo ya gagwe bane ba dumela mo Moreneng. Bontsi jwa Bakorinta ba ba neng ba utlwa Paulo bane ba dumela mme ba kolobediwa.
9Morena a raya Paulo bosigo ka ponatshegelo are, ''O seka wa boifa, mme bua o seka wa didimala. 10Gonne kena le wena, mme ga gona ope o o ka lekang gogo utlwisa botlhoko, gonne kena le batho bale bantsi mo toropong e.'' 11Paulo a nna koo ngwaga le sephatlo, a ruta lefoko la Modimo magareng ga bone.
12Mme yare Galaleo a nna molaodi wa Achia, Bajuta ga mmogo ba tsogologela Paulo, bamo tlisa fa pele ga setilo sa tshekiso; 1313 bare, ''Monna oo o dira gore batho ba obamele modimo ntswa go se kafa molaong.''
14Fa Paulo a tloga a bua, Galalio a raa Bajuta are, "lona Bajuta, fa nne ele ka kgang ya molato kana borukutlhi, nkabo go siame gore ke tsenelele. 15Mme ka gore dipotso tse ke ka ga mafoko le maina le molao wa lona, e buweng kabo lona. Gake eletse go nna moatlhodi wa dikgang tse."
16Galaleo aba dira gore ba tswe mo setileng sa bosekelo. 17Mme botlhe ba tshwara Sosethese, molaodi wa Senagoge, ba mmetsa fa pele ga setilo sa bosekelo. Mme Galaleo a seka a kgathala kase ba se dirileng.
18Paulo, a sena go nna koo malatsi ale mantsi, a tlogela bakaulengwe a tsamaya ka mokoro goya Seria ana le Poresila le Akwila. Pele ga a emelela fa seemelong sa mekoro, Sencherae, a ipeola tlhogo ka gore one a tsere sekano sa mo Nnasareta. 19Fa ba tla mo Ephesase, Paulo a tlogela Poresila le Akwila teng, mme ene a tsena mo senagogeng a fana mabaka le Bajuta.
20Fa ba kopa Paulo go nna lebakanyana, a gana. 21Mme fa a ba tlogela, are, "Ketla boela gape kogo lona fa ele gorata ga Modimo." Jaanong a tswa ka mokoro mo Efesase.
22Fa Paulo a goroga ko Kaesarea, a tsamaa aya go dumedisa kereke ya Jerusalema mme a tsamaa aya ko Antioke. 23Fa a sena go tsaa nakonyana, Paulo a tsamaa a ralala kgaolo ya Galatea le Pirigia a kgothatsa barutwa botlhe.
24Jaanong Mojuta mongwe a bitswa Apoloso, Moalekesanta ka tsalo, atla Efesase. O ne a abetswe puo e bile a itse dikwalo. 25Apolose o ne a laetswe mo thutong ya Morena. A tiile mo moweng, one a bua abo a ruta ka boammaaruri dilo tsedi amanang le Jeso, mme one a itse fela kolobetso yaga Johane. 26Apoloso a simolola go bua ka matlhagatlhaga mo di senagogeng. Yare Poresila le Akwila ba mo utlwa, ba mo dira tsala a bo ba mo tlhalosetsa tsela tsa Modimo ka boammaaruri.
27E rile a eletsa go tlolela ko Akia, bakaulengwe ba mo kgothatsa ba kwalela barutwa ko Akia go mo amogela. Fa a goroga, a thusa thata ba ba neng ba dumela ka tshegofatso. 28Apoloso o ne a palela Bajuta mo phatlalatseng ka maatla le kitso, a supa ka dikwalo gore Jeso ene ele Keresete.
191Jaanong e rile Apolose ale ko Korinta, Paulo a ralala lefatshe le le ko godimo a fitlha a tla ko Efeso, a bona barutwa bangwe teng. 2Paulo a ba raya are, ''A le amogetse Mowa oo Boitshepo fa le dumela?'' Ba mo raya, ''Nnyaa, ga reise re utlwe ka Moya oo Boitshepo.''
3Paulo are, ''le kolobesitswe mo go eng?'' Bare, ''Mo kolobetsong ya ga Johane.'' 4Jalo Paulo a fetola are, ''Johane one a kolobetsa ka kolobetso ya boikotlhao. A bolelela batho gore ba batshwanetse go dumela mo go yo o tlaatlang morago ga gagwe, a raya gore, mogo Jeso.''
5Fa batho ba utlwa se, bane ba kolobediwa mo ineng la Morena Jeso. 6Jalo fa Paulo a sena go ba baya diatla, Moya oo Boitshepo wa tla mo go bone mme ba bua ka diteme tse dingwe mme ba porofita. 7Botlhe ka palo e ne ele banna bale lesome le bobedi.
8Paulo a tsena mo Senagogeng a bua ka bogaka ka sebaka sa kgwedi tse tharo. O ne a eteletse pele dipoisanyo a kgothaletsa batho ka ga dilo tsa bogosi jwa Modimo. 9Mme fa Bajuta bangwe ba thatafala ba tlhoka kutlo, ba simolotse go bua bosula ka tsela yaga Keresete fa pele ga matshititshiti. Foo Paulo a ba tlogela a etelela badumedi pele go tswa mo go bone. A simolotse go bua tsatsi le letsatsi mo ntlung ya thuto ya Tiranase. 10Se sa tswelela dingwaga tse pedi, gore botlhe ba ba nnang mo Asia bane ba utlwa lefokola la Morena, botlhe Bajuta le Bagerika.
11Modimo one a dira ditiro tse dikgolo ka letsogo la ga Paulo, 12le balwetsi tota ba ne ba fodisiwa, le mewa ee bosula ya tswa mo go bone, fa ba tsaya matsela le dikhiba go tswa mmeleng wa ga Paulo.
13Mme gone gona le Bajuta ba ba kobang mewa ee bosula ba ba tsamayang le mafelo ba tsere leina la ga Jeso go le iterisetsa. Bane ba le bua mo go ba baneng bana le mewa ee bosula; bare, ''Ke go laola ka leina la Jeso le Paulo a rerang gore letswe." 14Ba baneng ba dira jaana ene ele barwa ba le supa ba Moperesita mogolo Bajuta, Sekefa.
15Mme mowa oo bosula wa ba araba, ''Jeso ke a mo itse, le Paulo ke a mo itse, mme wena o mang?'' 16Mowa oo bosula wa tlolela banna wa ba fekeetsa wa ba betsa. Ba tswa mo ntlung ba sia ba sa apara bale dintho. 17Se sa itsewe ke botlhe, Bajuta le Bagerika, ba ba neng ba nna ko Efeso. Ba tshoga fela thata, mme leina la Morena Jeso la tlotliwa.
18Gape, badumedi bale bantsi bane ba tla go ipolela lego amogela bosula jo ba bo dirileng. 19Ba le bantsi ba maselamose a ditshwantsho ba tlisa dibuka tsa bone ga mmogo ba di tshuba mo ponong ya botlhe. Fa ba tlhakanya palo ya tsone, ene ele dikete tse di masome matlhano ya dipepetlana tsa selefera. 20Lefoko la Morena la anama thata ka tsela ee matla.
21Mme Paulo morago ga go feleletsa bodiredi jwa gagwe ko Efeso, a tsaya tshwetso mo Moweng go ralala Masetonia le Akhia mo tseleng ya gagwe goya Jerusalema; are, ''Morago ga ke sena go nna koo ke tshwanetse go bona Roma.'' 22Paulo a romela ko Masetonia barutwa bale babedi, Timotio le Ereseta, ba ba thusitseng. Mme ene ka boene o ne a nnile mo Asia ka lebakanyana.
23Ka nako eo ga tsoga khuduego e kgolo ko Efeso ka Tsela ya bokeresete. 24Monna mongwe wa mmetli wa tshipi ya selefera wa leina la Demeterio, oo dirileng ditshwantsho sa selefera sa ga Diana, a tlisetsa babetli papadi e kgolo. 25Mme a phutha banna botlhe ba tiro eo are, ''Borra, lea itse gore mo kgwebong e re dira madi a mantsi.
26O a bona o utlwa se, e seng ko Efeso fela, mme mo Asia otlhe, Paulo o dirile gore bale bantsi ba dumele ba fetoge. A re ga gona badimo baba dirilweng ka diatla. 27Gase fela gore tiro ya rona ga eye go tlhole e batliwa, le gape gore tempele ya ga modimogadi o mogolo Diana eka tseiwa e se sepe. Jaanong a latlhegelwe ke bogolo jwa gagwe, ene yo eleng gore Asia otlhe oa mo obamela.''
28E rile ba utlwa se, ba tlala ka bogale ba lela ba goeletsa, bare, ''Go mogolo Diana wa Baefesia.'' 29Toropo yotlhe ene e tletse ka tsietsego, mme batho ba tabogela mo lebaleng la bodiragatsi ga mmogo. Ba ne ba tshwere Gaase le Aristatose ba patile baga Paulo go tswa Masetonia.
30Paulo one a batla go tsena mo matshititswiting, mme Barutwa ba mo kganela. 31Gape, baeteledipele bangwe ba lefelo la Asia ba eleng ditsala tsa gagwe ba mo romelela molaetsa ba gatelela kopo ya gore a seka a tsena mo lebaleng la bodiragatsi. 32Batho bangwe bane ba goweletsa selo sengwe, bangwe se sengwe, ka boidiidi bone bole mo tsietsegong. Bontsi ba bone bane ba sa itse le gore ba tletse eng.
33Bajuta ba ba ya Alekesanta mo matshwititshwiting ba mmaya ko pele ga batho. Alekesanta a supa ka diatla tsa gagwe a tlhalosetsa batho. 3434 Mme fa ba lemoga gore ke Mojuta, mme ba goa botlhe ka nako ele nngwe selekanyo sa oura tse pedi, ''Go mogolo Diana wa ba Epheso.''
35Yare mokwalediwa motse a sena go didimatsa matshwititswiti, a bua are, ''Lona banna ba Efeso, ke mang mo go lona yoo sa itseng gore toropo ya Efeso ke motlhokomedi wa tempele ya ga Diana yo mogolo le setshwantsho sa yoo oleng ko legodimong? 36Ba bona gore dilo tse ga se tse di ganediwang, le tshwanetse go didimala le se dire sepe ka potlako. 37Gonne le tsisitse banna ba, ba e seng magodu a dilo tsa tempele le eseng batlhapatsi ba modimogadi wa rona.
38Jaanong, fa ele gore Dametera le bathudi ba anang le bone ba batla go pateletsa mongwe, makgotla a tshekelo a butswe ana le balaodi. Ba lese ba pateletsanye. 39Mme fa ele kgang e sele e tlaa rarabololawa mo bokopanong bo bo tlwaelesegileng. 40Gonne re mo kotsing ya go ka bewa molato ka ntlha ya tsogologelana ya gompieno. Ga gona lebaka lepe go baka tlhakatlakano e bile ga re tlaa seke re kgone go e tlhalosa.'' 41Yare a sena go bua jalo, a phatlalatsa kgobokano.
201Morago ga mekubukubu e sena go fela, Paulo a bitsa barutwa aba kgothata. Jaanong aba laela a tswa go tsena mo Masetonia. 2Fa a sena go ralala dikgaolo tseo a bo a kgothatsa badumedi thata, a ya mo Kerisi. 3Morago gago tsaya dikgwedi tse tharo koo, a beelwa selaga ke Bajuta jaaka ane a tloga a tsamaa ka mokoro goya Seria, jalo tsaa tshwetso go boa ka tsela ee ralalang Masetonia.
4One a patilwe go fitlha ko Asia ke Sopata morwa Phehusa gotwa Berea; Aresetachose le Sekhuntase, botlhe go tswa badumeding ba Thesalonika; Gayase wa Tebe; Timotheo; le Tasekase le Tofomase go tswa Asia. 5Mme banna ba bane ba tsamaetse ko Pele ebile bare emetse ko Toroase. 6Ra tsamaa ka mokoro go tswa Philepe morago ga malatsi a senkgwe se se sa bedisiwang, mme mo malatsiang ale tlhano ratla kogo bone mo Toroase. Koo ra nna malatsi a supa.
7Mo letsatsing la ntlha la beke, fa rene re kgobokane ga mmogo go roba senkgwe, Paulo a bua le badumedi. One a ipaakanyeditse go tsamaya letsatsi lele latelang, jalo a tswelela kago bua go fitlhela bosigo gare. 8Gone gona le mabone a mantsi mo kamoreng ee kwa godimo kwa re neng re phuthegile teng.
9Fa letlhaba phefong gane go ntse mokawana mongwe a bidiwa Ethatase, o neng a thulamela mo go golo. Fa Paulo a bua lebaka, mokawana o, a ntse thulametse, awa go tswa mo ntlong ee ko godimo mme a tshwarwa a setse a sule. 10Mme Paulo a gologela ko tlase, a ikotlololela mogo ene, amo atla. A bo are, ''Le seka la ultwa botlhoko ka gope, gonne o a tshela."
11Mme a boela gape ko godimo a roba senkgwe a ja. Morago ga a sena go bua le bone ka sebaka go fitlhela makuku, a tsamaa. 12Ba tlisa gape mokawana a tshedile, mme ba kgothetse hela thata.
13Rona ra tsamaela ko pele gaga Paulo ka mokoro goya Asose, ko re neng re ipaakanyeditse go pega Paulo teng. 14Se ke sone se le ene a neng a ikaeletse gose dira, ka gore one a ikemiseditse go tsamaa ka dinao. Fa a kopana le rona ko Asose, ramo tsenya mo mokorong goya Metalene.
15Mme ra tsamaya ka mokoro go tswa foo ra goroga tsatsi lele latelang fa pele ga setlhaketlhake sa Tsekose. Tsatsi le le latelang ra goroga ko setlhaketlhakeng sa Samose, ebile letsatsi morago ga re sena go goroga mo toropong ya Meletase. 16Gonne Paulo one a ikaeletse go feta mo Efesase ka mokoro, gore a seka a tsaa nako epe mo Asia; ka gore one a tabogetse go goroga ko Jerusalema ka ntata ya letsatsi la Pentakosete fa nne go kgonagala gore a dire jalo.
17Go tswa Meletase a roma banna ko Efesase mme a ipiletsa bagolwane ba kereke. 18Fa ba sena gotla kogo ene, a ba raya are, ''Le lona lea itse, go tswa letsatsi la ntlha ke baya lenao mo Asia, kafa ke neng ke nna ke tsaa nako le lona ka teng. 19Ka tswelela ke direla Morena ka tlhaloganyo yotlhe ee ikokobeditseng leka dikeledi, le mo tshotlegong ee ntirageletseng ka ntata ya segwenegwene sa Bajuta. 20Lea itse ka fa ke neng ka seka kale lobela gole bolelela sepe ka teng sese mosola, leka fa ke le rutileng ka teng mo phatlaatseng gape le kafa ke neng ke tsena ntlo le ntlwana. 21Le a itse ka fa ke neng ke nna ke tlhagisa Bajuta le Bagerika kaga boikotlhao mo Modimong le tumelo mo go Morena Jeso.
22Jaanong, bonang, ke tsamaa ke bofilwe ke Mowa oo Boitshepo go ya Jerusalema, kesa itse dilo tse di tlaa ntiragalelang teng, 23fela fa ese gore Mowa oo Boitsepo oa mpakela mo ditoropong tsotlhe, are dikeetane le dipugisego di nkemetse. 24Mme gake akanye ka gope gore botshelo jwame bo tlhotlhwa kgolo mo go nna, gore ke tle ke fetse lebelo le bodiredi jo ke bo amogetseng go tswa mo go Morena Jeso, go tshola bosupi ka mafoko aa molemo a tshogofatso ya Modimo.
25Mme jaanong, bonang, ke itse gore lona lotlhe, mogo lona ba ke tsamaileng ke rera bogosi, gale kitla le bona sefatlhego same gape. 26Jalo ke a le ikanela tsatsi leno, gore ga kena molato wa madi aga ope. 27Ka gore ga kea le lobela ka gope gorata mo go feletseng ga Modimo.
28Jalo he ikeleng tlhoko, leka letsomane lotlhe le Mowa oo Boitshepo ole dirileng gore le le okamele. Eleng tlhoko go disa kereke ya Modimo, e a e rekileng ka madi a gagwe. 29Kea itse morago ga go tsamaya game, diphiri tsedi gagolakang ditla tsena magareng ga lona, ebile dise sekegele letsomane. 30Kea itse gore lemo go lona tota banna bangwe batla tla ba bua dilo tsedi senyang, gore batle ba phatlalatse barutwana goba itseela.
31Jalo elang tlhoko. Gakologelwang gore dingwaga dile tharo ga keaka ka emisa go tlhagisa mongwe le mongwe wa lona ke tletse ka kutlo botlhoko bosigo le motshegare. 32Jaanong kele neela mo Modimong lemo lefokong la tshogofatso ya gagwe, le le nonofileng gole aga le go le neela boswa mo go ba ba itshepisitsweng.
33Ga ke a eletsa selefera, gouta, kana seaparo sa monna ope. 34Le lona lea itse gore matsogo a a ntiretse go kopanya botlhoki jwame le jwa ba ke neng kena le bone. 35Mo dilong tsotlhe kele file sekai sa gore le thuse jang batlhoki kago ba direla, le ka fa le tshwanetseng go gakologelwa mafoko a morena Jeso, mafoko a a builweng ke ene are: ''go molemo thata go neela gona le go amogela.''
36Morago ga a sena go bua ka tselae, a khubama a rapela le bone botlhe. 37Botlhe ba lela ba wena mo molaleng waga Paulo bamo suna. 38Ba ne ba utlwele botlhoko segolo jang ke se a se buileng, gore gaba kitla ba bona sefatlhego sa gagwe gape. Mme ba mo pata go ya mokorong.
211Morago ga go kgaogana le bone re tlotse Lewatle , ra tsaya tsela e e tlhamaletseng go ya toropong ya Kose, mo letsatsing le le latelang go ya toropong ya Roto, morago ga moo ra ya toropong ya Patara. 2Ra bona sekepe se tlolela ko Fenekia, mme ra kgona go tlola lewatle.
3Ha re simolola go bona sekaka sa Kipero, ra tsamaela ka ha molemeng go kgabaganyetsa ko Sirea,mme ra goroga mo toropong ya Tiro, ka gore Sekepe se ne se folosa dithoto. 4Morago ga go bona barutwana, ra nna teng malatsi a le supa.Barutwana ba bolella Paulo go tsweng mo moweng gore a seka a tla mo Jerusalema.
5Morago ga go nna malatsi ra emelela ra tswelela le mosepele wa rona. Ba botlhe ba na le basadi le bana ba bone, bane ba re boledisa go fitlhela retswa mo toropong. Re ne ra khubama ra rapela mo thoko ga lewatle, mme morago ra laelana. 6Ra tsamaya goya go pagama sekepe, ha bane ba boela ko malapeng gape.
7E rile re sena go fetsa mosepele go tswa ko Tiro, ra goroga ko potelemai. Teng koo ra dumedisa bo morwa-rre mme ra nna le bone ka letsatsi le le lengwe. 8Mo letsatsing le le latelang ra emelela go ya Kaisarea, ra tsena mo ntlong ya ga Filipo, wa moreri wa efangedi, yo e neng ele mongwe wa baba supa, mme ra nna le ene. 9Jaana monna yo ana le barwadie bale bane ba eneng ele makgela mme ba porofesa.
10Jaaka rene re ntse foo malatsi a le mmalwa, ga tla moporofita mongwe a bidiwa Agabo go tswa ko Judea. 11One atla ko go rona go tla go tsaya lebante la ga Paulo. Ka lone o ne a ipofa mo maotong le mo matsogong mme a bua are, ''go bua Mowa yo o Boitshepo, go tshwanetse ga nna le Bajuta mo Jerusalema ba ba tla bofang motho yo e leng mong wa lebantle le, mme ba tla mo isa mo diatleng tsa baditshaba.''
12Fa re utwa dilo tse, rona le batho ba ba neng ba nna mo lefelong le ra kopa Paulo gore a seka a tsamaela ko Jerusalema. 13Mme Paulo a araba ''le dirang fa le lela ebile le thuba le pelo yame?'' Ke ipaakantse, mme ga ke a ipaakanyetsa go bofiwa fela, ke ipaakanyeditse le go swela leina la morena Jeso ko Jerusalema.'' 14Ka gore Paulo o ne asa eletse go patelediwa, re ne ra emisa go leka ra bua re re, ''A thato ya morena e diragale.''
15Morago ga malatsi a, re ne ra tsaya merwalo ya rona ra ya ko Jerusalema. 16Bangwe ba barutwana gotswa ko Kaiserea ba ne ba tsamaya le rona. Ba na le monna a bidiwa Menasone, monna yo neng ele morutwana wa pele gotswa Kepero yo re tla nnang le ene.
17Fa re goroga mo Jerusalema, barwarre ba re amogela ka boitumelo. 18Letsatsi le le latelang Paulo a tsamaya le rona ko go Jakobo, mme bagolo bane bale teng botlhe. 19Morago ga re fetsa go dumedisa, a tsamaya a tsamaya mo go bone ka bongwe ka bongwe go ba begela dilo tse Modimo a di dirileng magareng ga badichaba go tsweng ka bodiredi jwa gagwe.
20Fa ba utwa seo ba galaletsa Modimo, mme ba mo raya bare, ''wa bona, morwarre, gore go dumetse dikete tsa batho ba le kahe magareng ga Bajuta. Botlhe ba bone ba ikemeseditse go tshwarelela molao. 21Ba boleletswe ka wena gore o ruta Bajuta botlhe ba ba nnang magareng ga baditshaba go ganana le Moshe, le gore o ba bolelela go seka ba rupisa bana ba bone, mme ba seka ba sala tsamaiso ya pele morago.
22Re tshwanetse ra dira eng? Ba tla felela ba utule gore o tsile. 23Ka jalo dira se re go se boleletseng gone jaana: Re na le bo rre ba le bane ba ba dirileng maikano. 24Tsaya banna ba o itlhatswe le bone, o ba duelele dituelo tsotlhe, gore ba te ba beole ditlhogo tsa bone. Batho ba te ba itse gore dilo tsotlhe tse ba di boleletsweng ka wena ga dina boammaruri. Ba tla ithuta gore le wena o sala molao morago.
25Mme go ama baditshaba ba ba dumetseng, re kwadile ebile ra ba neela ditaelo tsa gore ba tshwanetse go ikgapha mo dithabelong tse di diretsweng medingwana ya disetwa, go tsweng mo mading,le mo go tse di betilweng, le go tsweng mo bogokaganing. " 26Mme Paulo a tsaya banna mo letsatsing le le latelang, a itlhatswa le bone, a ya tempeleng go ya go bolela paka ya malatsi a go tlhatswiwa, go fitlhela moneelo o neelwa ka lebaka la mongwe le mongwe wa bone.
27Fa malatsi a le supa a le gaotshwane le go fela, bangwe Bajita go tswa Asia ba bona Paulo mo tempeleng a itumedisa matshwititshwiti, ba mo baya matsogo. 28Ba ne goa, "banna ba Iseraela re thuseng" Yo ke ene monna yo o rutang banna gongwe le gongwe dilo tse di kgathanong le batho, molao le lefelo le. Nte le moo, o tsisitse bagerika mo tempeleng mme ebile o leswefaditse lefelo le le boitshepo.'' 29Ka gore go le pele ba bone Terofimo wa mo Efeso a na le ene mo toropong, bane ba tsaya gore Paulo o mo tisitse mo tempeleng.
30Toropo yotlhe ene e itumetse, batho ba taboga botlhe go tshwara Paulo. Ba mo gogela ko ntle ga tempele, ka ponyo ya leitho dikgoro tsa tswalwa. 31Fa ba ne ba leka go mmolaya, dikgang tsa goroga ko moeeteledipele mogolo wa batlhokomedi gore Jerusalema otlhe o tlhakatlhakane.
32Ka ponyo ya leitho a tsaya masole le bagolwane ba lekgotla ba tabogela ko bontsing ja batho. Fa batho ba bona moeteledipele mogolo le masole, ba emisa go betsa Paulo. 33Mme moeteledipele mogolo a atumela go tshwara Paulo, a laolwa gore a bofiwe ka dikeetane di le pedi. A botsa gore ke mang le gone o dirile eng.
34Batho bangwe mo bontsing jo bane ba goa se sele ba bangwe le bone ba goa se sele. Ka gore moeteledipele o ne asa kgone go bua ka lebaka la modumo a laola gore Paulo a tisiwe mo pele. 35Ha a simololago ema ka dinao, a tsewa ke masole ka lebaka la go bogisiwa ke batho. 36Bontsi ja batho ba mo sala morago ba goa bare, "Ha a tsamaye!"
37Jaaka Paulo ane a atlametswa ko pele, a raya moeteledipele are "a nka bua sengwe?" moeteledipele a bua are "a o kgona go bua segerika?" 38A ga se wena moegepeto, yo o neng a eteletse digogelathoko pele abo a tsaya ditsuulodi ba le dikete di le nne go ba tsenya mo sekakeng?"
39Paulo a re, "ke mojuta, go tswa mo toropong ya Tareso ko Kelekia. Ke monni wa toropo e e botlhokwa.Ke a go kopa, ntetelele go bua le batho." 40Ha moeteledipele a mo fa teta, Paulo a ema ka dinao mme a bua le batho ka letsogo. Ha go nna tshisibalo, a bua le bone ka sehebero. a re,
221´´Bakaulengwe reetsang boikarabelo jwa me´´, 2E rile baphuthegi ba utlwa Paulo a bua Sehebera ba didimala botlhe.A re,
3Ke mo juta ke, tsholetswe mo Taresa wa Selisia,mme ke rutetswe mo toropong e,mo dinaong tsa Gamaliele. Ke laetswe go ya ka fa molaong oo thata wa bo rraarona mogolo.Ke nyorotse Modimo jaaka lona lotlhe mo nakong ya gompieno. 4Ke bogisitse jaana,go isa ko losong.Ke golegile banna le basadi ka ba tsenya ka kgolegelo. 5Baperesita ba bagolo le bagolwane ba ka supa gore ke amogetse dikwalo go tswa ko go barwarre baba ko Damaseko, gore ke ba tseele loeto.Ka tsele e,ke ne ke busa batshwarwa go tswa Jerusalema gore batle ba otlhaiwe.
6Mme ga diragala go e rile ke le mo loetong gaufi le Damaseko,ka nako ya motshegare ga tla lesedi le legolo le tswa ko legodimong la nkapesa. 7Ka wela fa fatshe mme ka utlwa lentswe lere, ´Saulo,Saulo´ o mpogisetsang?. 8Mme kare ,´O mang , Morena?´,A re,´ Ke nna Jeso wa Nasaretha, yo o mmogisang".
9Baba neng ba na le nna ba ne ba bona lesedi, mme ba sa tlhaloganye lentswe la o o neng a bua lenna. 10Ka re, "ke dire eng, Morena",Morena a nthaya are,"tsoga o ye ko Damaseko, mme ba tla a go bolelela dilo tsotlhe tse o tshwanetseng go di dira". 11Ga ke kgone go bona ka ntlha ya kgalalelo ya lesedi,mme ka ya Damaseko ke eteletswe pele ke ba ba neng ke na le bone.
12Mme ka Kopana le monna yo o neng a bidiwa Ananiase,yo o ineetseng ka tlhoafalo mo malaong go ya kafa bajuteng baba neng ba nna ko lefatshing leo. 13Mme a tla ko go nna are,Saulo ema o amogele pono ya gago,mme ke ne ka amogela pono ka mmona
14Mme a nthaa are,´Modimo wa bo rraarona o go kgethile goitse thato ya gagwe,go bona mosiami wa gagwe,go utlwa mafoko aa tswang mo molomong wa gagwe. 15O tla a nna mosupi wa gagwe mo bathong botlhe ka ga dilo tse o di boneng gape o di utlwile. 16Gonne o letile eng?,emelela o kolobe,bitsa leina la gagwe o tle o tlhatswiwe maleo.
17Mme morago ga ke sena go boela ko Jerusalema,mme e rile ke santse ke rapela mo tempeleng ke ne ka fiwa pono. 18Ke ne ka mmona a nthaa are," tswaa mo Jerusalema ka bofefo, gonne ga ba na go amogela bopaki jwa gago ka nna".
19Mme ke ne kare,Morena ba a itse gore ke tsentse ke le mo kgolegelong gape ke iteile ba ba neng ba dumela mo go wena mo senagogeng ngwe le ngwe. 20Mme e rile madi a mosupi wa gago Setefani a tshologa ke ne ke lebile ke dumalana, gape ke ne ke disitse diaparo tsa ba ba mmolaileng. 21Mme a nthaa a re´tsamaa gonne ke tla a go romela ko baditshabeng.""
22Batho ba mo letlelela go bua go fitlhelela ka lebaka le,Mme ba goeletsa bare,a go tlosiwe monna yo, mo lefatsheng gonne ga go na tshwanelo ya gore a tshele. 23E rile ba go eletsa ba ikgagola diaparo,ba tshela lerole ko godimo, 24Molaodi wa mophato a laola gore Paolo a tlisewe ko go ene mo lefelong la batlhabani, a tle a bodiwe ka thupa gore a tle a bolele gore ke eng fa batho ba le kgatlhanong le ene.
25E rile ba sena go mmofa ka dikeetane,Paulo a raa molaodi oo neng a eme foo are,"A go ka fa molaong itaya Moroma ka thupa yo o senang molato"?. 26E rile molaodi a utlwa se, a ya ko go molaodi wa batlhabani a mo raa are",o batla go dira eng? ka monna yo,ke Moroma".
27Molaodi o mogolo a mo raya are,"a o moroma?",Paulo a mo raya are,"ee". 28Molaodi o mogolo a mo raya are,"e ne e le ka tlhotlha e kgolo gore ke nne Moroma",mme Paulo a mo raya are, "ke tshotswe ke le Moroma", 29Mme banna ba ba neng ba tshwanetse go mmotsa dipotso ba mo tlogela ka bofefo.Molaodi o mogolo o ne a tshoga a utlwa fa Paulo e le Moroma ka gore ba ne ba mmofile.
30E rile letsatsi le le latelang molaodi o mogolo a batla go itse boammaaruri ka bajuta gore ke eng ba pateletsa Paulo molato,mme ba bofolola Paolo. Mme a bitsa moperesita yo mogolo, le baeteledi pele go kopana, mme a bitsa Paulo go tla mogo bone.
231Paulo a tlhoma lekgotla matlho ka tlhwaafalo a ba raya are,"Bagaetsho,ke tshedile fa pele ga modimo ka segakolodi se se phepa go fitlhela letsatsi leno." 2Moperesiti o mogolo Ananiase a laola ba ba mo tlhakoreng la gagwe go mo itaya molomo. 3Mme Paulo a mo raya a re,"modimo o tlaa go itaya,moitimokanyi ke wena.A o nkatlhola ka molao,o re ke itewe,mo go kgatlhanong le molao?"
4Ba ba mo emeng mo tlhakoreng ba botsa bare,"a ke ka fa o tlhapatsang moperesiti wa modimo ka teng?" 5Paulo a ba raya a re ,"ke ne ke sa itse bakaulengwe ,fa ele moperesiti mogolo.Ka go kwadile gatwe,o seka wa bua bosula ka babusi ba batho ba ga lona."
6Fa Paulo a lemoga fa bangwe ele Basadukai bangwe ele Bafarasai,a bua ka lentswe le le ko godimo mo pele ga lekgotla are, "Bakaulengwe,ke Mofarasai,morwa Bafarasai.Ke ka lebaka la go dumela mo tsogong ya baswi go bo ke sekisiwa." 7Fa a bua selo se, ga tsoga kgang mo gare ga Bafarasai le Basadukai,mme batho ba fapaana ka mogopolo. 8Ka gore Basadukai bare ga gona tsogo ya baswi,ga gona baengele,le fa ele mowa,mme Bafarasai ba dumela mo go tsone tsotlhe.
9Mme ga tsoga pheretlhego,mme bakwadi bangwe ba lekoko la sefarasai ba ema ba ganetsa bare,"gare bone molato ope mo monneng yo. Go ka nna jang fa ele gore mowa kgotsa moengele o buile le ene?" 10Fa go tsoga kganetsanyo e kgolo,motlhabani o mogolo a tshogela gore Paulo o tlaa gagolakwa,mme a laela batlhabani go fologela tlase go mo tsaya ka dikgoka mo go bone,mme ba mo isa mo lefelong la batlhabani.
11Bosigo bo bo latelang morena a ema mo tlhakoreng la gagwe a mo raya a re,"o seka wa boifa,fela jaaka o supile ka nna mo Jerusalema,o tshwanetse go ya go supa jalo le ko Roma."
12Fa letsatsi le setse le tlhabile,Bajuta bangwe ba nna lekoko ba bua phutso mo go bone:ba ikana gore ga ba kake ba ja le fa ele go nwa go fitlhela ba bolaya Paulo. 13Ene e ka nna banna ba feta masome a mane ba leano le.
14Ba ya ko go baperesiti ba bagolo le bagolwane bare,"Re itsentse ka fa tlase ga phutso e kgolo,ya gore ga re kitla re e ja le fa ele go nwa go fitlhela re bolaya Paulo. 15Jaanong,a ba lekgotla ba bolelele molaodi wa batlhabani go mo tsisa mo go lona jaaka ekete le tsile go sekaseka kgang ya gagwe ka tlhwaafalo.Fa ele ka ga rona,re ikemiseditse go mmolaya pele a goroga fa."
16Mme setlogolo sa ga Paulo sa utlwa ka ga leano la bone,a tsena mo lefelong la batlhabani a bolelela Paulo ka ga selo se. 17Paulo a bitsa mongwe wa batlhokomedi a mo raya are,"tsaya mokawana yo o mo ise ko go molaodi wa batlhani,o mo itsise fa ana le sengwe se a batlang go se mmolelela."
18Mme molaodi a tsaya mokawana a mo isa mo pele ga motlhokomela batlhabani a mo raya a re,"Paulo wa motshwarwa o mpileditse fa go ene,a nthomela go tsisa mokawana yo mo go wena."O na le se a tlhokang go se go itsise." 19Mookamela batlhabani a mo tsaya ka letsogo go ya ko sephiring go mmotsa gore,"ke eng se o batlang go se mpolelela?"
20Mokawana a re,"Bajuta ba dumalane go go kopa go tsisa Paulo kamoso mo pele ga lekgotla,jaaka ekete ba batla go utlwa ka botlalo ka kgang ya gagwe. 21Mme o seka wa dumalana le bone,ka gore go na le banna ba feta masome a mane ba ba mo laletseng.Ba buile phutso mo go bone gore,ga ba kitla ba a nwa le fa ele go ja go fitlhela ba bolaya Paulo.Le ka sebaka se ba iketleeleditse gore o ba neye tetla.
22Mme mookamedi wa batlhabani a mo naya tsela,"o seka wa bolelela ope ka se o se mpoleletseng." 23Mme a ipiletsa balaodi ba le babedi a ba raya are,"tsayang batlhabani ba le makgolo a mabedi go ya go fitlha mo Kaesarea,bapalami ba dipitse ba ba masome a supa,le ba dichaka ba le makgolo a mabedi.Le tlaa emelelela ka nako ya boraro ya bosigo." 24A ba laola gore ba tlamele Paulo ka dipalamo gore ba mo ise ka pabalesego ko go Felekise wa molaodi.
25A kwala jaana are: 26"Kelaudise Lisia go molaodi yo o tlotlegang segolo Felekise,madume. 27Monna yo o ne a tshwerwe ke Bajuta ebile ba iketleeleditse go mmolaya fa ke goroga mo go bone ka batlhabani go mo falotsa,ka ke lemoga fa ele moroma.
28Ke ne ka batla go itse se ba molatofatsang ka sone,mme ka mo isa mo pele ga lekgotla. 29Ka lemoga fa a latofadiwa ka kgang kgatlhanong le molao wa ga bone,mme ga bo go se molato ope o o tshwanelang ke katlholo ya loso kana kgolegelo. 30Mme ka bolelelwa fa go na le leano kgatlhanong le botshelo ba monna yo,jalo ka mo romela ko go wena le ba ba mmonang molato go tla go mo latofatsa fa pele gago.
31Batlhabani ba obamela ditaolo;ba tsaya Paulo go le bosigo ba mo isa ko go Antipatirise. 32Mo letsatsing le le latelang batlhani ka bontsi ba tlogela bapalami ba dipitse go tsamaya le ene mme bone ba boela ko lefelong la bone. 33Fa bapalami ba dipitse ba goroga mo Kaesarea ba tsisa lokwalo le Paulo mo go molaodi.
34Fa molaodi a bala mokwalo,a botsa gore Paulo o tswa ko kae,fa a lemoga a tswa ko Kilikia, 35a re "ke tlaa utlwa kgang ya gago fa balatofatsi ba gago batla".A laola gore a tlhokomelwe mo ntlong ya puso ya ga Herote.
241Morago ga malatsi a le matlhano, moperesita o mogolo Ananiase, bagolwane bangwe, le mmueledi o mogoloTeretulo ba bo ba le teng. Banna ba, ba bo ba tlisitse melato ya ga Paulo fa pele ga molaodi. 2Fa Paulo a ema fa pele ga molaodi, mmueledi Teretulo a mmalela melato,¨ka gore bakeng la gago go rena kagiso le kutlwisisano, ponelo pele ya gago e aga lefatshe; 3Ka jalo re lebogela tse o di dirang borara Felekise.
4Gore ke seka ka go lapisa, o ntheetse sentle, 5Re ne ra filthela rre yoo a rotloetsa bajuta gore ba seka ba sala melao morago, ke moeteledipele wa leloko lengwe la banazaretha. 6O ne a leka go leswafatsa tempele mme ra motshwara.
7Fa o botsisisa Paulo ka dikgang tsena, 8le ,wena, o ka thaloganya gore re bua ka eng. 9"Bajuta le bone ba ne ba dumelana le katlholo e ya ga Paulo, gore tsotlhe tse di builweng ke nnete.
10Mme fa molaodi a laola gore Paulo a bue, Paulo a fetola ka gore, " ke itse gore o nnile molaodi wa morafe ona dingwaga, ka boiutmelo ke ka go araba. 11O ka tlhomamisa gore ga go ise go fete malatsi a le lesome le bobedi ke sa ya go rapela ko jerusalema; 12Mme ba re ba mphitlhela mo tempeleng, ka seka ka ba lwantsa, le fa ele go tsosa khuduego, le fa e le mo senagogeng, le mo motseng; 13mme ga ba ka ke ba tlhomamisa ka melato e ba e buwang ka ga nna gompieno.
14Mme ke dumela gore, ka fa tseleng e ba bitsang lekoko ka teng, ke ka fa ke rapelang modimo wa borraetsho. Ke boikanyego mo go tsotlhe tsa melao le mo dikwalong tsa baporofita. 15ke na le tsholofelo mo modimong, fela jaaka banna ba ba e emetse,go tla ga tsogo ya baswi, ya botlhe basiame le basiamolodi; 16Mme mo go se, ke dira ka segakolodi se se senang molato mo modimong le mo bathong.
17Morago ga dingwaga tse dintsi ka tsisa thuso mo morafeng le dimpho tsa madi. 18Mo go direng se, Bajuta bangwe go tswa Asia ba fitlhela ke le mo moletlong wa itshekisa mo tempeleng, go sena batho kgotsa modumo. 19Banna ba, ba itshupe fa pele ga gago, ga ba na le dingongorego kana sekgopi ka nna.
20Kgotsa, borre ba ba bue molato yo ke o dirileng fa ke eme fa pele ga lekgotla la bajuta ; 21fa ese lentswe le le lengwe le ke le buileng ke eme magareng ga bone, ´ke ka tsogo ya baswi ke sone se ke se sekisetswang mo tsatsing jeno.´´
22Felekise o ne a itse ka botlalo ka tsela, mme a tlosolosa kgang ena. A ba raya are, ¨E tlaa re molaodi wa mophato Lusiase a tsile go tswa Jerusalema, ke tla atlhola kgang. 23''Mme a laola gore go disiwe Paulo, mme ba nne pelonomi, le gore go se nne ope yo o kganelang gore ditsala tsa gagwe di mo tlhole kgotsa di mmone.
24Morago ga malatsi, Felekise a boela gae le mosadi wa gagwe Durusila , yo e leng mojuta, a bitsa Paulo go utlwa ka tumelo mo go keresete Jesu. 25Paulo ya re antse a mo ranolela ka tshiamo, boikgapo, le tsheko, Felekise a boifa a mo raya are, ¨tsamaya, ke tla re ke bone sebaka, ke go bitse.''
26Mme o ne a na le tsholofelo ya gore Paulo o tla mo neela madi, mme a nna a mmitsa gore a bue le ene. 27Mme morago ga ngwaga tse pedi di sena go feta, Porekio Feseto o ne a nna molaodi morago ga ga Felekise, Mme Felekise o ne a batla go kgatlha Bajuta a tlogela Paulo a le mo kgolegelong.
251Jaana Fesetose a tsena mo kgaolwaneng mme morago ga malatsi a le mararo, a tswa kwa Seseria go ya Jerusalema. 2Moperesiti yo mogolo le Bajuta tota ba pega molato mo go Paulo kwa go Fesetose,mme ba bua le Feseto go nonofile. 3Ba kopa Feseto go dumalana le bone ka Paulo go ya le bone Jerusalema gore batle ba mmolaele mo tseleng.
4Mme Feseto a araba ka gore Paulo ke legolegwa kwa Kaesarea, mme o tswhanetse go boela teng . 5"Ka jalo ba ba kgonang", o ne a bua jalo, "ba tshwanetse ba tsamaya le rona,fa gona le sengwe se se molato ka ene lo tla mmona molato."
6Morago fa a sena go nna malatsi a le lesome le go feta, one a boela Kaesarea. Mme ka letsatsi le le latelang a nna mo setilong sa katlholo mme a laela gore Paulo a tlisiwe kwa go ene . 7E rile fa a goroga , Bajuta go tsweng kwa Jerusalema ba ema gaufi nae ,mme ba tlisa melato e mentsi kwa go ene e ba neng ba sa e tlhomamisi. 8Paulo a itshereletsa ka go bua a re, "ga ke a dira sepe se se molato kgatlhanong le molao wa Bajuta,kgotsa kgatlhonong le tempele kgotsa kgatlhonong le Kaesara."
9Mme Fesetose o ne a batla gore Bajuta ba dumalane le ene, ka jalo a araba Paulo a re, "A o batla goya kwa Jerusalema go ya go atlholwa ke nna ka dilo tse?" 10Paulo a re "ke eme fa pele ga setilo sa katlholo sa ga Kaesara fa ke tshwanetseng go atlholwa teng. Fa ke a direla Bajuta molato, fela jaaka le wena o itse sentle.
11Lefa ke kane ke dirile molato kgotsa ke dirile se ke tshwanetsweng go bolawa, ga ke gane go swa, mme fa go mpateletsa ga bone e se boamaruri, ga go ope yo o ka nkisang kwa go bone. Ke bitsa Kaesara. 12Morago ga Fesetose a sena go bua le ba Bogakolodi, a araba, "ka biditse Kaesara; o tla a ya kwa go Kaesara.
13Morago ga malatsi, Kgosi Ageripa le Berenise ba goroga kwa Kaesarea ba etetse Fesetose semmuso. 14Morago ga go nna koo malatsi a le mmalwa, Fesetose a bolelela kgosi kgang ya ga Paulo a re, "monna mongwe o ne a tlogetswe fa ke Felisiti e le legolegwa. 15Fa ke le kwa Jerusalema, moperesiti yo mogolo le bagolwane ba Bajuta ba ne ba tlisa molato kgatlhanong le monna yo ko go nna. 16Mo ka go araba ka gore ga se tsamaiso ya Baroma go neela motho motho ele letlhogonolo; Fa e se gore yo o molato a ipuelele mo go ba ba mmonang molato.
17Jalo, e rile ba sena go nna mmogo, ka seka ka leta, ka letsatsi le le latelang ka nna mo setulong sa katlholo mme ka laola gore monna a bidiwe. 18Fa bapateletsi ba ema ka dinao go mo pateletsa, ka akanya gore melato yotlhe e ba e mo pateletsang ga se e e tlhwaafetseng. 19Boemong, ba ne ba na le dikgotlhang le ene mabapi le tumelo ya bone, le ka Jeso yo o suleng. Yo Paulo a buang fa a tshela'' 20Ke ne ka tsietsega ka go tlhomamisa kgang e, mme ka mo kopa gore a o ka seke a ye Jerusalema go ya go atlholelwa kgang e teng.
21Mme e rile fa Paulo a sena go kopa go bewa mo tlhokomelong a letetse katlholo ya Kgosi, ka mo laola gore a tshegediwe go fitlhelela ke mo romela kwa go Kaesara . 22Ágeripa a bua le Fesetose, le nna ke batla go reetsa monna yo, "Kamoso Festose a re, '' o tla mo utlwa.''
23'Ka jalo tsatsi le le latelang. Ageripa le Berenise ba tla ka moletlo o mogolo; ba tla mo ntlo lehalahala le badiredi ba sesole le bagolwane ba motse . Fa Fesetose a ntsha taolo, Paulo o ne a tlisiwa kwa go bone. 24Fesetose a re, ''Kgosi Ageripa le botlhe ba lo leng fano, le bona monna yo; bontsi jwa Bajuta ba buisantse le nna fano le kwa Jerusalema, ba goa gore monna yo ga a tshwanela ke go tshela.
25Ke ithutile gore ga a dira sepe se a tshwanetseng go swa; mme ka gore o ikopetse go bona Kaesara, ka mo romela ko go ene. 26Mme ga kena sepe se se tlhomameng se ke ka se kwalelang Kaesara, ka lebaka le, bogolo jang ko go wena, Kgosi Ageripa, gore ke nne le sengwe se ke ka se kwalang ka kgang ya gagwe. 27Go nne ga gona mosola gore ke romele legolegwa ke sa bona molato ope ka ene.''
261Mme Agirepa a raya Paulo a re,"O ka go ipuelelela"Mme Paolo a tsholetsa letsogo a ipuelelela. 2"ke ikutlwa ke itumetse, kgosi Agirepa, go tlisa kgang yame fa pele ga gago ya go latofadiwa ke bajuta, 3bogolo jang ka gore o moitseanape mo tsamaisong ya bajuta le dipotso, jalo he,ke kopa o ntheetse ka bo pelotelele.
4Ka boammaaruri, Bajuta botlhe ba itse gore ke tshidile jang mo bo naneng jwa me ko tshabeng ya me ko Jerusalema. 5Ba nkitse go tswa ko tshimologong mme ba tshwanetse go amogela gore ke tshidile jaaka Mofarasai,e le lekoko le le dirang dilo ka fa tlhomamong ya tumelo ya rona.
6Jaanong ke eme fa go tsena mo katlholong ka re ke lebile dilo tsa tsholofetso tse Modimo a di solofeditseng bo rraarona. 7Go nne mo ke tsholofetso ya merafe ee lesome le bobedi,ee solofetseng go amogela jaaka ba obamela Modimo ka tlhwaafalo bosigo le motshegare.Ke ka tsholofetso e, kgosi Ageripa, bajuta ba mpateletsang molato. 8Ke ka ntlha ya eng go bo le sa dumele gore Modimo o tsosa baswi?.
9Ka nako nngwe ke ne ke akanya gore ke tshwanetse go dira dilo di le dintsi tse di kgatlhanong le leina la ga Jeso wa Nnasareta. 10Ke dirile dilo tse dintsi mo Jerusalema.Ke tswaletse badumedi ba le bantsi mo kgolegelong ka taolo ee neng e tswa mo go moperisita o mogolo,mme e rile ba bolawa ke ne ke dumalana le gore ba bolawe. 11Ke bogisitse ga ntsi mo disenagogeng,ke pateleditse go nyatsa,ke ne ke ba gakaletse thata ke ba ke bogisa le ko merafeng e sele.
12E rile ke dira se, ke ne ka ya Damaseko ka taolo le tsamaiso ya moperesita yo mogolo, 13e rile ke le mo loetong ka nako ya motshegare,kgosi,ke ne ka bona lesedi le tswa legodimong le kgalalelo ya lone e neng e feta letsatsi,mme le ne la nkapesa le banna ba ba neng ke le mo loetong le bone. 14E rile re wela rotlhe fa fatshe ka utlwa lentswe le bua le nna ka puo ya sehebera lere ´Saulo,Saulo´o mpogisetsang? Go thata go raga lomapo .
15Mme ke ne kare,"O mang Morena?"Morena are,"Ke Jeso yo o mmogisang. 16Jaanong tsoga o eme ka dinao,gonne ka lobaka le,ke go iponagaleditse,go go kgetha go nna motlhanka le mosupi ka ga dilo tse o di o di itseng ka game le dilo tse ke tla a di go bontshang mo nakong ee tlang. 17Mme ke tla a go golola mo bathong le mo ba ditshabeng ba ke go romang ko go bone, 18go ba bula matlho le go ba fetola go tswa mo lefifing go tla mo leseding le mo nonofong ya ga saatane go tla mo nonofong ya modimo,gore batle ba amogele boitshwarelo jwa dibe ga tswa mo Modimong le boswa jo bo tswang mo go nna jo ke neng ke bo filweng ka tumelo
19Gonne, Kgosi Ageripa,ga ke a ka ka tlhoka kutlo mo ponong ya selegodimo, 20mme ka simolola ka ba ko Damaseko, go latele ba ba ko Jerusalema le go yeng ko lefatsheng lotlhe la Jutea le mo ba ditshabeng, ke ba reretse gore ba tle ba ikotlhae ba retologele ko Modimong, ba dira ditiro tse ditshwanelang go ikotlhaa. 21Gonne ka lobaka le, bajuta ba ne ba ntshwere mo tempeleng ba bo ba leka go mpolaa.
22Modimo o nthusitse go fitlhelela gompieno, ke ema ke paka mo batho ba, le bagolwane ba bone ka sepe se se sa feteng se baporofiti le moshe ba se buileng gore se tla a diragala, 23gore keresete o tla boga, gape o tla a nna wa ntlha mo tsogo ya baswi go tsoga le go rurufatsa lesedi mo Bajuteng le baditshaba"
24E rile Paulo a fetsa go ipuelela, Fesetose a bua ka lentswe le le ko godimo are "Paulo o a tsenwa, thutego e kgolo e go dira setsenwa" 25Mme Paulo are,"ga ke setsenwa, motlotlegi Fesetose; mme ka kgothatso ke bua mafoko a boammaaruri le a tlhaloganyo". 26Gonne kgosi o itse ka ga dilo tse; mme ke bua ka bo pelokgale le phuthologo fa pele ga gagwe;ke tlhomamisa gore ga gona sepe se se fitlhegileng go tswa mo go ene,gonne ga a a direla sepe mo sephiring.
27A o dumela baporofiti,Kgosi Ageripa?Ke a itse gore o a dumela." 28Ageripa a raya Paulo a re,"Ka lobaka lo le khutshwane o tla a nkgona a ba ke nna mokeresete" 29Paulo a re,"ke rapela Modimo gore le fa go ka nna lebaka le le khutshwane kgotsa le le telele, e se wena fela, le baba nkutlwang gompieno,ba tla a tshwana le nna ba se mo dikeetaneng tsa kgolegelo".
30Mme kgosi le molaodi ba ema ka dinao, Benise le ene, le ba ba neng ba ntse le bone; 31rile ba tswa mo ntlong lehalahala, ba raana ba re,"Monna yo,ga a na molato gape ga aa tshwanelwa ke loso kana kgolegelo." 32Ageripa a raa Fesetose a re,"Monna yo o ka bo a gololwa fa a ka bo a sa ikuela ko go Kaisara".
271Fa go tserwe tshwetso ya gore re tshwanetse go kgabaganyetsa ko Italia, Ba baya Paulo le magolegwa a mangwe ka fa tlase ga taolo ya molaodi Juleo wa mophato wa Kaisera. 2Ra pagama Sekepe go tswa Ataramite, Se se neng se le gautshwane le go tlolela go ya ko mafelong a Asia a a ikamileng lewatle. Mme ra ya lewatleng. Arisetego wa ko Thesalonika mo nageng Maketonia a tsamaya le rona.
3Letsatsi le le latelang ra goroga mo toropong ya Setone, ko Juleo a tshwereng Paulo ka bopelontle ebile a mo letlelela go ya ko ditsaleng tsa tsa gagwe go amogela tlhokomelo ya bone. 4Go tsweng foo, ra ya kwa lewatleng go ya go tlola ko sekakeng sa Kipero e e neng e re sireletsa diphefo, ka gore diphefo di ne di le kgatlhanong le rona. 5Fa re sena go tlola metsi go bapa le Kelekia le Pamefila, ra goroga kwa Mira, toropo ya Kekia. 6Gone koo, Molaodi a bona sekepe go tswa Alekesentera se se neng se ya go kgabaganyetsa kwa Italia. A re tsenya mo teng.
7Morago ga go tlola ka iketlo malatsi a le mmalwa re setse re gorogile ka bothata go bapa le Kenito, Phefo e ne e sa thola e re letelela go tsamaya ka tsela eo, Jaanong ra tlola mo letlhakoreng le le sereleditsweng la Korota, go lebagana le Salomone. 8Ra tlola mo letshitshing ka bothata go fitlhela re goroga mo go le lengwe le le bidiwa Magorogelo a mantle, e e bapileng le toropo ya Lasea.
9Re setse re tsere nako e ntsi jaanong, Nako ya itimo dijo ya Bajuta e setse e fitile, Mme go setse go le kotsi go ka tlola, Jaaonong Paulo a ba tsibosa, 10A re "Banna, Ke bona gore loeto le re tlogang re le tsaya le tla nna le dikgobalo le tatlhegelo e kgolo, e seng fela ya dithoto le sekepe, mme le matshelo a rona tota." 11Mme Molaodi o isitse tsepamo e ntsi ko go morena le mo go mong wa sekepe gona le go e baya mo dilong tse neng di buiwa ke Paulo.
12Ka gore magorogelo a ne a sa siamela go nna ka mariga, bontsi ja bakgabaganyi ba ne ba gakologelwa gone foo, Fa e le gore ka nngwe sebaka re ka goroga ko toropong ya Fenikise, go nna teng ka mariga. Fenekise ke magorogelo ko Kerete, mme e lebile ko bokone-botlhaba le borwa-botlhaba. 13Fa phefo ya borwa e simolola go foka go le bonolo, bakgabaganyi ba akanya gore ba setse ba na le se ba se tlhokang, ba somola dikgoge ba tlola ko Kerata.
14Mme morago ga nako e khutshwane phefo e mashetla, e e bidiwang e e tswang Bokone-botlhaba ya simolola go tla mo go rona go tswa go ralala sekaka. 15E rile fa sekepe se thatafalelwa se sa kgone go lebagana le phefo, Re ne ra kgona go ineela mo go yone ebile ra laolwa ke yone. 16Ra tabogela mo letlhakoreng le le sereleditsweng la sekaka se sennye se se bidiwang Kelanta; Mme ka bothata re ne ra kgona go tshegetsa mokoro.
17Ya re ba sena go o tsholetsa, ba dirisa megala ya one go bofa ko tlase ga mokoro. Ba ne ba tshogile gore re tshwanetse ra sianela ko metlhabeng ya Siretise, mme ba folosa disaile ba kgweediwa. 18Re ne re pitlagantswe ke matsubutsubu, mme mo letsatsing le le latelang bakgabaganyi ba simolola go lathela dithoto ko ntlheng e nngwe.
19Mo letsatsing la boraro bakgabaganyi ba tlodisa didiri tsa mokoro ka diatla tsa bone. 20Fa letsatsi le dinaledi di sa phatsime mo go rona ka malatsi a le mantsi, mme matsubutsubu a matona a santse a re tshwenya, tsholofelo epe fela ya gore re ka bolokwa e setse e gannwe.
21Fa ba sena go tsamaya sebaka ba sena dijo, Ka jalo Paulo a ema magareng ga bakgabaganyi a re, "Banna, le kabo lene la ntheetsa, la seka la tlola lewatle ko Kereta, gore le seka la gobala ebile la latlhegelwa jaana. 22Mme jaanong ke le kgothatsa gore le kgothale, ka go bane ga go kitla go nna le tatlhegelo ya botshelo magareng ga lona, mme le tla latlhegelwa ke sekepe.
23Bosigo jo bo fitileng moengele wa Modimo yo ke leng wa gagwe , yo ke mo obamelang gape-moengele wa gagwe a eme fa thoko game. 24A re "O se boife, Paulo. O tshwanetse wa ema fa pele le Kaesare, mme bona, Modimo ka bopelonomi ja gagwe o go neetse batho ba o tla kgabaganyang le wena. 25Jaanong, banna, kgothalang, ka ke tshepa Modimo, gore go tla diragala hela jaaka ke boleletswe. 26Mme re tshwanetse ra tsamaya mo setlhaketlhake sengwe."
27Fa bosigo ja lesome le bone bo setse bo gorogile, Jaaka re ne ra kgweelediwa mo tseleng e e mo lewatleng la Ateria, Bosigo gare bakgabaganyi ba akanya gore ba goroga mo lefelong lengwe. 28Ba tsaya dipalo ba fitlhela tse di masome a mabedi, morago ga sebakanyana, ba tsaya dipalo gape ba fitlhela e le lesome le botlhano. 29Ba ne ba tshogile bare gongwe ba tla thula matlapa, mme ba digela dikgoge di le nne ko morago ga sekepe ba rapela gore moso o goroge.
30Bakgabaganyi ba ne ba batlana le tsela e ka yone ba ka lathang sekepe mme ba gogela sekepe mo lewatleng, mme ba iketsisa o kare ba tla lathela dikgage ko tlase ga mokoro. 31Mme Paulo a raya balaodi le masole a re, "Nteng hela monna yo a nna mo sekepeng, ga le kake la bolokwa" 32Mme masole a kgaola megala ya mokoro ba o tlogela wa tsamaya.
33Fa motshegare o goroga, Paulo a ba rotloetsa botlhe go tsaya dijo. A re, "Letsatsi le ke la bo lesome le bone le ntse le letlile le sa je, ga le ise le je sepe. 34Jaanong ke le kopa go tsaya dijo, go nne mo ke ga go tshela ga lona, mme ga go ope moriri wa lona o o tla le latlhegelang." 35Fa re sena go bua se, a tsaya senkgwe mme a leboga Modimo fa pele ga mongwe le mongwe. A robaganya senkgwe a bo a simolola go ja.
36Jaanong ba botlhe ba kgothala mme ba tsaya dijo. 37Re ne rele batho ba le makgolo a mabedi, masome a supa le borataro mo sekepeng. 38Fa ba sena go ja mo go lekaneng, ba dira sekepe motlhofo ka go latlhela moroko mo lewatleng.
39E rile go le motshegare, ba seka ba lemoga lefelo, Mme ba bona segoro se se nang le motlhaba, mme ba buisana gore a ba ka se kgweeletse sekepe mo go one. 40Ba kgaola segoro ba se tlogela mo lewatleng. Ka nako e e tshwanang ba repisa megala ya dipati tse di sokololang sekepe; mme ba tsamaela ko lewatleng. 41Ba goroga mo lefelong le go kgaoganngwang metsi teng, mme sekepe sa tsena mo lefatsheng. Mokoro wa sekepe wa nwela foo mme wa seka wa satisiwa, mme ko morago ga sekepe ga simolola go thubega ka lebaka la bothata ja makhubu.
42Lenaneo la masole e ne e le go bolaya magolegwa gore go se ope wa bone yo o ka thumang a kgona go falola. 43Mme balaodi ba ne ba batla go boloka Paulo, Jaanong a emisa lenaneo la bone, mme a laola ba ba kgonang go thuma go tlola pele ba tsene mo lefelong. 44Mme banna botlhe ba tla ba sala morago, bangwe ka dipati, ba bangwe ka dilo tse dingwe tse di tswang mo sekepeng. Ka tsela e ga diragala gore botlhe ba rona ba goroge ba gololesegile mo lefelong.
281E rile re sena go tlodisiwa ka pabalelo, ra itsesiwa fa setlhakatlhake se bidiwa Maleta. 2Batho ba teng ba ne ba re tshwara ka botho jo bo siameng, ba ne ba re gotsetsa molelo ba re amogela fela rotlhe, ka ntlha ya dipula tse di neng di na kgapetsa kgapetsa le serame.
3Mme e rile fa Paulo a sena go kgobokanya ngata ya dikgong a di tsenya mo molelong, noga ya tswa mo molelong ya itshopelela mo letsogong la gawe. 4Fa batho ba bona noga mo letsogong la gagwe, ba raana ba re,'' Monna yo e le ruri ke mmolai yo o falotseng mo lewatleng, mme tshiamo ga e letle gore a tshele.''
5O ne a tlhotlhorela noga mo molelong mme a seka a gobala. 6Ba ne ba solofetse gore ba tla a mmona a fufula kana a wela fa fatshe a swa. Morago ga sebakanyana ba mo lebeletse, ga bo go sena sepe se se seng mo mannong, ba fetola megopolo ba re ke modimo.
7Mo lefelong le le bapileng le gone foo ga bo gole masimo a mookamedi wa setlhakatlhake o a bidiwang Pubilio. O ne a re amogela, a re tshwara sentle malatsi a mararo. 8Ga diragala gore rragwe Pubilio a bo a lwala letshoroma le go tshologa madi. Paulo a ya ko go ene, a rapelela, a mmaya diatla, a mo fodisa. 9Morago ga se, batho botlhe mo setlhakatlhakeng ba ba neng ba lwala ba tla mme ba fodisiwa. 10Batho ba re leboga ka dimpho, ya re fa re setse re tsamaya, ba re neela tsotlhe tse re neng re ditlhoka.
11Morago ga kgwedi tse tharo, ra tsena mo sekepeng sa Alekesanteria se se neng se nnetse mariga ko setlhakatlhakeng, letshwao la sone e ne ele la mawelana. 12Fa re sena go goroga ko toropong ya Sirakuse, ra nna malatsi a mararo.
13Go tsweng foo ra tsamaya mme ra goroga ko toropong ya Regio. Morago ga letsatsi ga tsubutla phefo e e neng e tswa borwa, mme morago ga malatsi a mabedi ra goroga ko toropong ya Puteoli. 14Teng ra kopana le bakaulengwe ra lalediwa go nna malatsi a le supa. Ka tsela ena ra goroga ko Roma. 15Go tsweng foo bakaulengwe, ba sena go utlwa ka rona,ba tswa kgakala go tswa ko mmarakeng wa Apiose le ko mantlong a mararo a baeti. Fa Paulo a bona bakaulengwe a leboga modimo mme a kgothala.
16Fa re tsena ko Roma, Paulo a letlelelwa go nna a le nosi le motlhabani yo o neng a modisitse. 17ga diragala gore morago ga malatsi a le mararo Paulo a bitse banna botlhe ba e leng e baeteledi pele mo morafeng wa Bajuta. Fa ba sena go phutlhagana a ba raya a re, ''Bakaulengwe, mme le fa ke sa dira phoso epe magareng ga batho le molao wa bo rraetsho-mogolo, ke golotswe ke le legolegwa go tswa Jerusalema ka tsenngwa mo diatleng tsa Baroma. 18Fa ba sena go mpotsolosa, ba ne ba eletsa go nkgolola, ka gore go ne go sena lebaka mo go nna la katlholelo leso.
19Mme e rile fa Bajuta ba bua kgatlhanong le dikeletso tsa bone , ke ne ka patelesega go ikuela ko go kaisara, mme e ne ese gore ke tlisa molato kgatlhanong le chaba yame. 20Ka boikuelo jwa me, ka jalo, ke kopile go go bona le go buisana le wena. ke katsholofelo ya Baiseraele ya gore ke bo ke golegilwe ka keetane.
21Ba mo raya ba re, ''Ga re ise re amogele dikwalo go tswa Jutea ka ga wena, kgotsa ope wa bakaulengwe go bua sepe se se sa siamang ka wena. 22Mme re batla go utlwa mo go wena gore o akanya eng ka lekoko le, ka gore go itsewe ke rona gore e buiwa kgatlhanong gongwe le gongwe.
23Mme e rile ba sena go mmeela letsatsi, batho ka bontsi ba tla ko go ene mo boagong jwa gagwe, a ba rolela kgang, a ba pakela ka bogosi jwa modimo. A leka go ba sala morago ka Jeso, go tsweng mo molaong wa ga Moshe le baporofita, go tswa mo mosong le mo maitseboeng. 24Bangwe ba ne ba dumela mo go tse di buiwang, mme ba bangwe ba ne ba sa dumele.
25Ya re ba sa dumalane, ba tsamaya fa Paulo a sena go bua lefoko le le lengwe a re, ''Moya o boitshepo o buile sentle go tsweng mo go moporofite Esaiya ko go bo rraetshomogolo. 26A re, 'Ya ko bathong ba, o ba ree o re, '' go utlwa le tla utlwa, mme le tla seke la tlhaloganye; Go leba le tla leba mme la seka la bona.
27Gonne dipelo tsa batho ba di thatafetse, ditsebe tsa bone di utlwela thateng, ba tswetse matlho a bone; gore ba seka bona ka matlho, ba utlwa ka ditsebe, ba tlhaloganya ka dipelo, ba tla a sokologa, mme ke tla ba fodisa.
2829Jalo he, le tla a itse gore poloko e ya modimo e rometswe ko baditshabeng, mme ba tla e reetsa.
30Paulo o ne a nna dingwaga tse pedi tse di tletseng mo ntlong ya gagwe e a e adimilweng, a amogela botlhe ba ba tlang ko go ene. 31O ne a rera bogosi jwa modimo le go ruta ka tsa ga keresete Jeso ka bopelokgale. Go sena ope yo o mo emisitseng.