Bakolosa
11Paulo moaposetoloi wa ga Keresete Jeso ka thato ya Modimo le mokaulengwe wa rona Timotheo 2go badumedi le bakaulengwe ba ba boikanyego mo go Keresete ba ba kwa Kolosa. A tshegofatso le kagiso tse di tswang ko go Modimo rraetsho di nne le lona. 3Re neela Modimo malebogo, rraagwe Morena wa rona Jeso Keresete gape re le rapelela ka nako tsotlhe.
4Re utlwile ka tumelo ya lona mo go Keresete Jeso le lerato la lona mo go botlhe ba ba tlhaoletsweng Modimo. 5Le na le lerato le, ka lobaka la tsholofelo e e tlhomameng , e le peetsweng kwa legodimong. Le utlwile ka tsholofelo e e tlhomameng e, pele mo lefokong la boammaaruri e bong mafoko a a molemo 6a a tsileng kwa go lona. Mafoko a molemo a ungwa leungo ebile a gola mo lefatshe. Le ntse le dira jaana mo go lona go tsweng letsatsi le le neng le utlwa le fa le ithuta ka tshegofatso ya Modimo mo boammaaruring.
7A ke one mafoko a molemo jaaka le ithutile mo go Ipaforase mothanka yo re mo ratang yo e leng mothanka wa ga Keresete yo o boikanyego mo boemong jwa rona. 8Ipaforase o re itsisitse ka lerato la lona mo moweng.
9Ga re ise re emise go le rapelela fa re sale re utlwa ka se ka baka la lerato le. Re ntse re kopa gore le tladiwe ka kitso ya go rata ga gagwe le botlhale le go tlhaloganya ga semowa. 10Re ntse re rapela gore le tsamaye ka fa go tshwanetseng Morena mo tseleng tse di itumedisang.Re ntse re rapela gore le nne le maungo mo tirong nngwe le nngwe le gore le gole mo kitsong ya Modimo.
11Re rapela gore le nonotshiwe mo bokgoning jotlhe go eng ka maatla a kgalalelo ya gagwe mo boitshokong le bopelotelele. 12Re rapela gore le neele rara malebogo ka boitumelo yo a le dirileng gore le kgone go nna le seabe sa bojaboswa le badumedi mo leseding.
13O re golotse mo thateng ya lefifi a re fitisetsa mo bogosing ja morwa wa gagwe yo a rategang, 14Mo morweng wa gagwe re na le kgololesego le boitshwarelo jwa dibe.
15Morwa ke tshwano ya Modimo yo a sa bonweng. Ke ene motsalwa pele wa lebopo lotlhe. 16Dilo tsotlhe di diriwe ke ene, tse di mo magodimong le tse di mo lefatsheng, dilo tse di bonalang le tse di sa bonaleng. E ka nna magosana,babusi kana ditaolo tsotlhe di dirilwe di ba di direlwa ene. 17O fa pele ga dilo tsotlhe gape mo go ene dilo tsotlhe di a tshwaragana.
18Ke ene tlhogo ya mmele e bong kereke. Ke ene tshimologo le motsalwa pele mo go ba ba suleng, jalo o na le maemo a ntlha mo dilong tsotlhe. 19Gonne Modimo o ne a itumeletse gore botlalo jotlhe jwa gagwe bo nne mo go ene 20le go letlanya dilo tsotlhe mo go ene ka morwa. Modimo o dirile kagiso ka madi a mokgoro wa gagwe .Modimo o letlantse dilo tsotlhe mo go ene, e ka nna dilo tse di mo lefatsheng kana kwa legodimong.
21Le lona ka nako nngwe le ne le sa itsiwe ke Modimo, le le baba ba gagwe ka dikakanyo le ditiro tse di bosula. 22Jaanong o le letlantse nae ka mmele ka go swa ga gagwe, o dirile se go le supa le le boitshepho, le se na molato gape le sena patiko fa pele gagwe. 23Fa le tswelela mo tumelong le tlhomasitswe le tsepame le sa sutisiwe mo tsholofelong e le e utlwileng ya mafoko a molemo. A ke one makoko a molemo a neng a bolelelwa motho mongwe le mongwe yo a bopilweng ka fa tlase ga legodimo. A ke one mafoko a molemo a nna Paulo ke nnileng mothanka wa one.
24Ke ipela mo dipogisegong tsa me ka lebaka la lona. Ke tlatsa mo nameng ya me se dipogisego tsa ga Keresete se se tlhaelang ka lebaka la mmele wa gagwe, e bong kereke. 25Ke ka lebaka la kereke eo go bo ke le motlhanka go eng ka boikarabelo jo Modimo a bo nneetseng ka lebaka la lona go diragatsa molaetsa wa Modimo. 26Jo ke boammaaruri jo bo fitlhegileng ka dingwaga le dikokomane mme bo setse bo senoletswe ba ba dumetseng mo go ene. 27Ke ka bone Modimo a neng a batla go itsise lehumo la kgalalelo ya masaitseweng kwa Baditshabeng. Ke Keresete yo o mo go lona, tlhomamiso ya kgalalelo e e tlang.
28Yo ke ene yo re mmolelang. Re tlhagisa motho mongwe le mongwe, re ruta mongwe le mongwe ka botlhale gore re supe motho mongwe le mongwe a feletse mo go Keresete. 29Ka ntlha ya se, ke a dira ebile ke a kgaratlha go eng ka nonofo ya gagwe e dirang mo go nna ka maatla.
21Gonne ke batla le itse gore ke sokotse gole kae ka ntlha ya lona, ba ba ko Laotesia, le ba bantsi baba iseng ba bone sefatlhego same mo nameng. 2Ke berekela gore dipelo tsa bone di kgothale kago tlisiwa gammogo mo leratong lemo mahumong a go tlahloganya mo go tlhomameng, mo kitsong ya boammaruri jo bo fitlhegileng jwa Modimo, e leng Keresete. 3Mahumo otlhe a kitso le botlhale a hitlhegile mogo ene.
4Ke bua sena gore ope a seka ale tsietsa ka puo ee ngokelang. 5Lefa ke sena le lona mo nameng, kena le lona mo moweng. Ke ipelela go bona ditiro tsa lona tsedi siameng le tumelo ya lona mogo Keresete.
6Jaaka le amogetse Keresete ebong morena, tsamayang mogo ene. 7Tlhomamang mogo ene, ikageng mogo ene, tlhomamang mo tumelong jaaka le rutilwe, le tlale ka ditebogo.
8Elang tlhoko gore gago ope yo o le tshwarang ka botlhale jwa setho le tsietso ee lolea ee tswang mo ngwaong ya setho, ba itebagantse le dilo tsa lefatshe e seng tsedi ikaegileng ka Keresete. 9Gonne mogo ene go tshela botlalo jwa Modimo mo mmeleng.
10Mme le tladitswe mo go ene. Gonne ke tlhogo ya nonofo le taolo nngwe le nngwe. 11Mogo ene le lona le rupisitswe, ka thupiso e e sa dirweng ke batho kago kgaola letlalo, mme ele mo thupisong yaga Keresete. 12Lene la fitlhiwa le ene ka kolobetso. Mme mogo ene la tsosiwa ka tumelo ka nonofo ya Modimo, o o mo tsositseng mo baswing.
13Mme fa lene le sule mo ditlolong tsa lona, le go thoka go rupisiwa ga nama. One a le tshidisa gammogo le ene mme are itshwarela maleo a rona rotlhe. 14O phimotse dikoloto tsa rona le melawana e re e tlodileng. O di phimotse tsotlhe adi kokotela mo sefapanong. 15O sutisitse dinonofo le dithata. O di beile mo pontsheng, a di etelela pele ka boipelo jwa phenyo ka ntlha ya sefapaano.
16Jalo he, a ope ase le atlhole ka go ja le go nwa, kana ka go ipelela moletlo wa letsatsi kana ngwedi e ntsha, kana ka ga malatsi a sabatla. 17Se ke moriti ya dilo tsedi tlang, mme boamaaruri ba sone ke Keresete.
18A motho ope yo o batlang boikobo le kobamelo ya baengele a se le utswele sekgela . Motho wa go nna jalo o tsena mo dilong tse a di boneng a bo a tlala ka boikgogomoso ka ntlha ya dikakanyo tsa gagwe tsa senama. 19Ga a itswarelela ka tlhogo. Dikarolo tsotlhe tsa mmele di laolwa di bo di tshwaraganngwa ga mmogo ke tlhogo; e gola ka kgolo e e newang ke Modimo.
20Fale sule le Keresete mo dilong tsa Lefatshe, ke eng le tshela ekare le patikiwa ke lefatshe? 21O seka wa tshwara, kana wa utlwa, kana wa kgoma, 22dilo tseo tsotlhe phelelo ya tsone ke tshenyego goya kafa ditaelong le dithuto tsa setho. 23Dilo tseo dina le botlhale jwa tumelo ya maitirelo, le boikokobetso le go senya mmele. Mme gadi na mosola mogo thuseng go kganela dikeletso tsa senama.
31Fa Modimo a le tsositse le Keresete, batla dilo tse di kwa godimo, kwa Keresete a ntseng teng ka fa letsogong la moja la Modimo. 2Tlhatlhanyang ka dilo tse di kwa godimo, eseng ka dilo tse di mo lefatsheng. 3Gonne o sule, mme botshelo jwa gago bo fitlhilwe le Keresete mo Modimong. 4Fa Keresete a bonala, yo e leng botshelo jwa gago, o tla bonala nae mo kgalalelong.
5Bolayang dilo tsa lefatshe, e bong, makgaphila a thobalano, bomaswe, maikutlo a tlhakanelo dikobo kwa ntle go lenyalo, keletso tse dibosula, bopelotshetlha, mo e leng kobamedi ya medimo ya disetwa. 6Bogale jwa Modimo bo tshologela mo go ba ba senang kutlo ka ntlha ya dilo tse. 7Lokile la bo le tsamaya mo dilong tse. 8Mme jaanong le tshwanetse la kgaogana le dilo tse, bogale, tenego, keletso tse dibosula, matlhapa, le dipuo tse di bosula go tswa mo melomong ya lona.
9Le seka la aketsanya, ka gore le apotse motho yo mogologolo le ditiro tsa gagwe, 10mme le apere motho yo mosha yo o shafadiwang mo kitsong go nna mo tshwanong ya yo o o tlhodileng. 11Fa go senang Mogerika kgotsa Mojuta, yo o rupileng le yo o sa rupang, batswakwa, le ba Sentia, batlhanka, ba ba gololesegileng, mme Keresete ke tsotlhe, o mo go botlhe.
12Aparang boutlwelobotlhoko, tshiamo, boingotlo, bonolo, le bopelotelele jaaka ba ba kgethilweng ke Modimo, ba ba boitshepo, ba ba rategang. Itshokelelaneng. 13Utlwelanang botlhoko. Fa mongwe a ngongorega ka yo mongwe, le itshwareleng jaaka Keresete a mo itshwaretse. 14Mo godimo ga dilo tsotlhe, nnang le lerato le le re tshwaraganyang ka kagiso.
15A kagiso ya ga Keresete e buse mo dipelong tsa lona. Ke ka kagiso e go bo le bileditswe go nna mmele o le mongwe. Mme lebogang. 16A lefoko la ga Keresete le nne mo go lona ka botlalo. Rutanang ka botlhale, le kgothatsane ka dipesalema le dipina tsa semowa. Opelelang Modimo ka malebogo mo dipelong tsa lona. 17Sepe se le se dirang, e ka nna ka lefoko kgotsa ka ditiro, se direng ka leina la ga Jeso Keresete. Neelang Modimo malebogo ka ene.
18Basadi ba le nyetsweng ikobeleng banna ba lona, jaaka go tshwanetse mo Moreneng. 19Banna ba le nyetseng, ratang basadi ba lona, le seka la ba shakgalela. 20Bana utlwang batsadi ba lona mo dilong tsotlhe, gonne mo go kgatlha morena. 21Bo rrabana, se kgopiseng bana ba lona, gore le seka la ba kgobisamarapo.
22Batlhanka, obamelang beng ba lona ka fa nameng mo dilo tsotlhe, e seng fela fa ba le bona gore le itumedise batho, mme e le ka dipelo tsa lona tsotlhe. Boifang Morena. 23Sengwe le sengwe se o se dirang, se dire ka mowa wa gago otlhe jaaka o direla Morena, e seng batho. 24Le a itse gore le tla amogela tuelo, e leng boswa go tswa mo Moreneng. Le direla Morena ebong Keresete. 25Ope yo o dirang tshiamololo, o tla a mogela katlholo ya tshiamololo ye a e dirileng, ga gona go mpampetsa.
41Barena, neelang batlhanka se se molemo, se sa gobelele. Le itse fa le lona le na le morena kwa legodimong.
2Tswelelang le tlhomame mo thapelong.Disang le le mo thapelong le malebogo. 3Gape re rapeleleng gammogo, gore Modimo a bulele lefoko la gagwe dipati, go bua masaitseweng a boammaruri jwa ga Keresete. Ke mo dikeetaneng ka se. 4Le rapele gape gore ke rere go utwala jaaka go tshwanetse.
5Tsamayang ka Botlhale mo go bao ba ba ko ntle , le dirise nako sentle. 6A mafoko a lona a nne tshegofatso ka nako tsotlhe. A a lokwe ka letswai, gore le itse ka fa le ka arabang mongwe le mongwe ka teng.
7Mme ka ga dilo tse di nkamang, Titshakaso o tla a di le itsisi. Ke mokaulengwe yo o rategang,motlhanka yo o ikanyegang, yo re mo bokgobeng mo moreneng mmogo. 8Ke mo rometse ko go lona ka lebaka le, gore le itse ka tse di re amang, gore a kgothatse dipelo tsa lona. 9Ke mo rometse gammogo le Onesimase, mokaulengwe yo o ikanyegang, yo o rategang yo e leng mongwe wa lona. Ba tla a le bolelela sengwe le sengwe se se diragetseng fa.
10Arisetatshote, legolegwa ka nna, o a le dumedisa le Mareko ntsalaa Barenabase (yo le amogetseng ditaelo ka ga gagwe; fa a tla kwa go lona le mo amogele) 11le Jeso yo o bidiwang Josutose. Ba ke badiri ka nna fela mo go ba ba rupileng, mo bogosing jwa Modimo. Ba ntse ba nkgomotsa.
12Epafarase o a le dumedisa. Ke mongwe wa lona, lekgoba la ga Jeso Keresete. O nna a le lwela mo thapelong, gore le eme lefeletse, le tlhomame mo go rateng ga Modimo. 13Gonne ke supa ka ga gagwe gore o le direla ka thata, le ba ba kwa Laodisea, le ba ba kwa Hirapolesa. 14Luke, ngaka e e rategang le Temase ba a le dumedisa.
15Dumedisang bakaulengwe ba ba kwa Laodisia, Nimfa le kereke e e mo ntlong ya gagwe. 16Fa lekwalo le le sena go balwa magareng ga lona, a le balelwe le kereke ya Laodiseana, le netefatse gape gore le bala lekwalo le le tswang ko Laodisia. 17Le ree Aritshiposo le re" Lebelela bodiredi jo o bo amogetseng mo Modimong, gore o bo dirafatse."
18Madume a a tla ka letsogo lame -Paulo. Gakologelwang dikeetane tsame. A tshegofatso e nne le lona.