Baefeso
11Paulo, moaposetolo wa ga Jeso Keresete ka go rata ga Modimo, mo bathong ba Modimo ba ba boitshepo mo Efeso ebile ba ikanyega mo go Jeso Keresete. 2A tshegofatso le kagiso di nne le lona go tswa go Modimo Rara le Morena wa rona Jeso Keresete.
3A Modimo le Morena wa rona Jeso Keresete a galalediwe, yo o re segofaditseng ka tshegofatso nngwe le nngwe ya se moya mo legodimong mo go Keresete. 4Modimo o re tlhophile mo tshimologong ya lefatshe gore re nne boitshepo re sena selabe mo ponong ya gagwe.
5Modimo o re itshenketse gole pele, a re dira bana ba gagwe mo go Jeso Keresete, go ya ka thato ya gagwe. 6Go amogelwa ga rona go dira gore re ipele mo tshegofatsong ya gagwe e a e re fileng mahala mo go ene yo a mo ratang.
7Mo go Jeso Keresete re rekolotswe ra ba ra itshwarelwa dibe ka madi a gagwe, go ya ka dikhumo tsa tshegofatso ya gagwe. 8O goromeditse tshegofatso e mo go rona ka botlhale le tlhaloganyo.
9Modimo o re bontshitse go rata ga gagwe mo go fitlhegileng, go ya ka se se mo itumedisang mme ebile a se supile mo go Keresete. 10Tiro ya ga Keresete e ne ele ya nako ee tletseng, go tsisa dilo tsotlhe ga mmogo, dilo tsotlhe mo lefatsheng le mo legodimong, mo tlhogong ele nngwe fela eleng Keresete.
11Modimo o re kgethile go nna baja boswa mo go Keresete Jeso. O re kgethile go le pele, go yeng ka maikaelelo a ene yo o dirang dilo tsotlhe go ya ka thulaganyo ya gagwe. 12Modimo ore tlhophile re le bajaboswa jwa legodimo gore re tle re nne ba ntlha go nna le tsholofelo ee tletseng mo go Keresete, gore re tle re ise kgalaletso ko go ene.
13Mo go Keresete, le lona, fa le utlwile lefoko la boammaruri, mafoko a poloko ya lona, la dumela mo go ene mme la kanelwa ka Moya yo o boitshepo yo le o solofeditsweng. 14Moya yo o Boitshepo ke tlhomamiso ya boswa jwa rona go fitlhela re bo rua, gore re mo galaletse.
15Ka lebaka le, fa e sale ke utlwa ka tumelo ya lona mo go Morena Jeso le lerato la lona mo baitsheping botlhe. 16ga ke a emisa go leboga Modimo ka lona fa ke le rapelela.
17Ke rapela gore Modimo wa Morena wa rona Jeso Keresete, Modimo wa kgalalelo , a le neele botlhale le tshenolelo go mo itse. 18Ke rapela gore matlho a dipelo tsa lona a phatsimisediwe lesedi, gore le itse tsholofelo e e tlhomameng e a e le bileditseng le lehumo la boswa jwa gagwe fa gare ga baitshepi botlhe ba Modimo.
19Mme ke rapela gore re itse bogolo jwa maatla a gagwe a sena bolekanyetso a a mo go rona ba re dumelang, go ya ka fa tirong ya nonofo ya gagwe e kgolo. 20A ke o ne maatla a Modimo a tsositseng Jeso Keresete ka one mo baswing a ba a mmaya ka fa letsong le legolo la Modimo kwa legodimong. 21A tsholetsa Keresete godimo ga babusi botlhe, taolo, le maina otlhe a a biditsweng. Keresete o tlaa busa eseng mo nakong e fela, le mo nakong ee tla tlang.
22Modimo o beile dilo tsotlhe ka fa tlase ga dinao tsa ga Keresete, mme a mo neela le kereke e le tlhogo ya dilo tsotlhe. 23Kereke ke mmele wa gagwe, mme o re tlatsa rotlhe ka maatla a gagwe jaaka a neela dilo tsotlhe botshelo.
21Lona, le ne le sule mo ditlolong le dibe tsa lona. 2Le kile la tsamaya go ya ka fa mokgweng wa lefatshe le. Le ne le tsamaya go ya ka fa thatong ya ga saatane. Ke moya wa yo o berekang mo go ba ba senang kutlo. 3Re kile ra bo re le bangwe ba ba sa dumeleng. Re ne re dira go ya ka dikeletso tse di bosula tsa nama ya rona. Re ne re dira thato ya nama le ya tlhaloganyo. Ka tlholego re ne re lebanwe ke bogale jwa Modimo jaaka ba bangwe.
4Mme Modimo o humile mautlwelo botlhoko ka ntlha ya lerato le legolo le a re ratileng ka lone. 5Fa re ne re sule mo ditlolong, a re tsisetsa botshelo jo bosha mo go Keresete. Ke ka tshegofatso go bo le bolokilwe. 6Modimo o re tsositse, a dira gore re nne mmogo le Jeso Keresete mo legodimong. 7O dirile se gore mo lebakeng le le tlang a re supegetse bogolo jwa lehumo la tshegofatso ya gagwe. O re bontsha se ka bopelontle jwa gagwe mo go Jeso Keresete.
8Gonne Modimo o go bolokile ka tshegofatso ka ntlha ya tumelo ya gago mo go ene, mme se ga se tswe mo go lona, ke mpho ya Modimo. 9Ga se ka gore re dirile ditiro tse di molemo gore ope a seka a ikgantsha. 10Re tiro ya Modimo, re bopilweng mo go Keresete Jeso go dira ditiro tse dintle tse Modimo a sa leng a di baakantse gore re di dire.
11Jalo he, gakologelwang gore le kile la bo le le baditshaba mo nameng. Le bidiwa ba ba sa rupang ke ba ba rupisitsweng mo nameng. 12Gonne ka nako eo le ne le kgaogane le Keresete. Le ne le le baeng mo bathong ba Iseraele.Le ne le sena seabe mo kgolaganong ya tsholofetso. Le ne le sena bokamoso.Le ne le sa itse Modimo mo lefatsheng.
13Jaanong lona ba ba mo go Keresete ba le neng le le kgakala le Modimo le tsisitswe gaufi le Modimo ka madi a ga Keresetse. 14Ka gore ke kagiso ya rona. O re dirile go nna selo se le sengwe. Ka nama ya gagwe o sentse lebota la kilo le le ntseng le kgaogantse botsalano jwa rona. 15A senya melao le melawana gore a itirele motho yo mosha, go tsisa poelano mo gare ga Bajuta le Baditshaba. A tsisa kagiso. 16O dirie se go letlana Bajuta le baditshaba go ba dira bangwefela mo Modimong ka loso la ga Keresete mo sefapaanong. O tsisitse botsalano ka go swa mo mokgorong.
17Jeso o tsile mme a rera mafoko a molemo a kagiso, a rerela ba ba neng ba le kgakala le ba ba neng ba le gaufi. 18Mo go Jeso rotlhe re neilwe tetla ke Moya yo o Boitshepo go ya kwa go Rara.
19Jaanong, lona baditshaba ga le sa tlhole le le baeng le bajaki.Le batho ba le bangwefela le ba ba itlhophetsweng ke Modimo le ba ntlo ya Modimo. 20Le agetswe mo motheong wa baaposetolo le baporofiti. Keresete ka sebele e ne ele pinagare. 21Mo go ene kago yotlhe e ema sentle le go gola jaaka tempele mo Moreneng. 22Le agiwa ga mmogo mo go Keresete gonna bonno jwa Modimo mo moweng.
31ntlha ya se, Nna, Paulo, ke legolegwa la ga Keresete Jeso ka ntlha ya lona baditshaba. 2Ke dumela gore le utlwile ka tiro ya tshegofatso e ke e neetsweng ka lona ke Modimo.
3Ke kwala go ya ka tshenolelo e ke e itsisitsweng. Mo ke boamaruri jo fitlhegileng jo keneng ka kwala ka bone ka bokhutshwane mo lekwalong le lengwe. 4E tla are le bala ka se, le tla tlhaloganya ka kitso yame ya boamaruri jo bo fitlhegileng ka ga Keresete. 5Mo dikokomaneng tse dingwe, boamaruri jo, bo ne bo sa ba isitsiwe. Mme jaanong bo senoletswe baaposetolo le baporofita ba ba itshepisitsweng ke Mowa yo o Boitshepho.
6Boammaruri jo bo fitlhegileng jo, ke gore baditshaba ke baja boswa, gape ke bontlha bongwe ba mmele. Ba na le seabe mo tsholofetsong ya ga Keresete Jeso ka mafoko a a molemo. 7Gonne ke nneile motlhanka wa mafoko a a molemo ka mpho ya tshegofatso e ke e neetsweng ke maatla a gagwe.
8Le fa ke le mmotlana mo go botlhe ba ba ikgethetsweng ke modimo, Modimo o ne a neela mpho e fela. Mpho e ke go bolelela baditshaba, ka lehumo le le senang bolekanyetso la ga Keresete. 9Ke tshwanetse ka itsise batho botlhe, ka sephiri sa lenaneo la Modimo. Lenanao le, ke lone le le neng le fitlhilwe mo dingwageng tse di fitileleng ke Modimo yo o dirileng dilo tsotlhe.
10Se ene ele gore ka kereke, babusi le balaodi kwa mafelong a selegodimo ba itse ka botlhale botlhe ba Modimo jo bo senang bolekanyetso. 11Se setla diragala go ya ka lenaneo la modimo le senang bokhutlo, le a le fitlheletseng ka keresete Jeso morena wa rona.
12Mo go keresete re na le tetla le bopelokgale ka ntlha ya tumelo e re nang le yone mo go ene. 13Ka jalo le seka la kgobega marapo fa ke boga ka ntlha ya lona. Se ke yone kgalalelo ya lona.
14Ka lebaka le, ke obamela Rara, 15yo botlhe ba ba mo lefatsheng le ba ba kwa legodimong ba bidiwang ka ene. 16Ke rapela gore a le neele go ya ka lehumo la gagwe mo kgalalelong, gore le thatafadiwe ka nonofo ya mowa o o leng mogo lona.
17Ke rapela gore, ka tumelo Keresete a tshele mo di pelong tsa lona. Ke rapela gore letswe medi, le tlhomame mo loratong la gagwe. 18Nnang mo loratong la gagwe, gore letle le tlhaloganye gammogo le badumedi ba bangwe, boatlhamo, boleele, bogodimo, le boteng, jwa lorato la ga Keresete. 19Ke rapela gore le itse bogolo ba lorato la ga Keresete, le le fetang kitso yotlhe. Dirang se gore le tle le tladiwe ka bomodimo.
20Go ene yo o kgonang go dira dilo tsotlhe, le go feta mo re ka kopang kgotsa ra go akanyang, go ya ka nonofo ya gagwe a berekang mo go rona, 21gakgalalediwe, mo kerekeng le mo go Keresete Jeso go ya kokomaneng tsotlhe ka bosakhutleng. A gonne jalo.
41Jalo he, ke le legolegwa la Morena, ke le kgothatsa gore le tshele ka mo go tshwanetseng pitso e le e bileditsweng. 2Le nne boikobo, bonolo le bopelotelele. Amogelanang ka lerato. 3Le leke ka bojotlhe ja lona go tshegetsa bongwefela ja Moya ka kagiso.
4Go na le mmele o le mongwefela le Moya o le mongwefela, fela jaaka le ne le bitswa ka tlhomamiso ya pitso e e mo go lona. 5Go na le Morena a le mongwefela, tumelo e le nngwe, kolobetso e le nngwe, 6le Modimo a le mongwe e le Rara wa botlhe. O godimo ga dilo tsotlhe, o dira mo go botlhe ebile a le mo go botlhe.
7Mongwe le mongwe wa rona o filwe neo go ya ka fa Kersete a mo lekanyeditseng ka teng. 8Fela jaaka lefoko la Modimo le bua le re: " Fa a tlhatlogela kwa legodimong, a isa magolegwa kgolegong. Mme a abela batho dineo."
9Go tewa jang fa gotwe "a tlhatloga", fa e se gore o ne a fologela ko tlase ga lefatshe? 10Ene yo o fologetseng ko tlase ke ene gape yo o neng a tlhatlogela ko godimo go feta magodimo. O ne a dira sena gore a tle a apese dilo tsotlhe.
11Keresete o ne a fa dineo tse: baaposetolo, baporofeti, baefangedi, badisaphuthego le baruti. 12O ne a dira se gore a tle a rutuntshe badumedi go direlana, go nonotsha mmele wa ga keresete. 13O dira se go fitlhela rotlhe re tla mo popaganong ya tumelo le kitso ya Morwa Modimo. O dira sena go fitlhela re gola re bo re nna jaaka ba ba mo setshwanong ya ga Keresete.
14Gore re seka ra tlhola re tshwana le bana, re seka ra tlhola re tsietsega. Se o ne a se dira gore re seka ra tsietswa ke thuto nngwe le nngwe e e seng yone, ya botlhale jwa batho jo bo isang tatlhegong. 15Le fa go ntse jalo, re tla bua boammaruri ka lerato mo go Keresete re be re gola mo go ene yo e leng tlhogo ya mmele, ebong Keresete. 16Keresete o kopanya mmele otlhe wa badumedi. O tshegediwa ke mosifa mongwe le mongwe gore mmele o gole o ikage mo leratong.
17Ke le gakolola mo Moreneng: ga le a tshwanela go tshela jaaka baditshaba, ba timetswa ke dikakanyo tsa bone tse di bosula. 18Ditlhaloganyo tsa bone ga di akanye sentle. Ba thatafaditse dipelo tsa bone, ga ba na kitso, ba kgakala le Modimo. 19Ga ba tlhabiwe ke ditlhong. Ba dira boithatelo go kgotsofatsa dikeletso tsa bone tse di bosula.
20Mme ga se ka fa le ithutileng Keresete ka teng. 21Ke solofela fa le utlwile ka ga gagwe. Gape ke solofela le rutilwe mo go ene, fela jaaka boammaruri bo le mo go Jeso. 22Le tshwanetse la emisa ditiro tsa pele, la bo la apola motho wa bogologolo, gonne motho wa bogologolo o a bola ka ntlha ya dikeletso tsa senama.
23Apolang motho wa bogologolo gore ditlhaloganyo tsa lona di tle di shafadiwe. 24Dirang sena gore le tle le apare motho yo mosha, yo o mo setshwanong sa Modimo, o bopilwe mo tshiamong le mo boitshepong ka boammaruri.
25Ka jalo emisang maka. A mongwe le mongwe a bue boammaruri le moagisanyi wa gagwe, gonne re mmele o le mongwefela. 26Tenegang mme le seka la leofa. A letsatsi le seka la phirima le santse le tenegile. 27Se feng diaboloso sebaka.
28A yo o utswang a tlogele go utswa. Mme a bereke ka diatla tsa gagwe gore a tle a kgone go tlhokomela yo o nang le botlhoki. 29Le seka la dirisa puo e e botlha, mme le bue mafoko a a tla agang ba ba le reeditseng. 30Le seka la kgopisa Moya yo o boitshepho, gonne le kanetswe ka one go fitlhela letsatsi la thekololo.
32Le emise bogalaka, tshakgalo, go tenega, dikomano, le matlhapa, le masula otlhe a a leng teng. 31Le nne pelontle mo go ba bangwe. Utlwelanang botlhoko. Itshwarelaneng, jaaka Modimo a le itshwaretse ka ntlha ya se keresete a se dirileng.
51Jaaka bana ba modimo ba ba rategang, dirang gore le nna baitse ba Modimo. 2Tsamayang mo lorato fela jaaka Keresete a re ratile mme are swela. Ene ya nna monelo le setlhabelo se se tla isa monkgo o monate kwa Modimong.
3Jaaka badumedi ba ba lolameng, a tse di latelang diseka tsa utlwa magareng ga lona; bohatla, go tloka go itsheka kgotsa boaka. 4Kana ga utlwalwa, dipuo tsa bohema, metlae e sokameng, puo tse di duleng motseleng tse di sa siamang. Boemong batsone go santse ga nna malebogo.
5Itseng se gore diaka, leba ba leswafetseng kgotsa ba ba difatlha ba ele baobamedi ba medimo ya disetwa ga banna go rua mosu wa modimo le Keresete. 6A motho ope ase le tsietse ka mafoko a lolea. kantlha ya dilo tse tshakgalo ya modimo e tlile go tla bathong ba senang kutlo. 7Ka jalo se nne ba tsaya karolo le bone.
8Gonne le kile labo le le mo lefifing, mme jaanong le mo leseding mmo moreneng. Tshelang jaaka bana ba lesedi. 9Gone maungo a lesedi ke, bo molemo, Tshiamo le Boammaruri. 10Batlang se sekgatlang morena. 11Leseka la amana gope le ditiro tsa lefifi tse di senang maungo, mme le di senoleng batho ba di bone. 12Gone dilo tse ba di direlang mo sephiring tse, ditlhabisa dintlhong le go ka tlhalosiwa.
13Dilo tsotlhe fa di nna mo leseding dia bonala. Gone dilo tsotlhe tse di bonalang ketse di bonesitsweng. 14Ke ka mong e bua jaana ere " Tsoga wena morobadi, tsoga mo baswing Keresete atle a phatsime mo go wena.
15Elang tlhoko gore le tshela jang, letshele jaaka ba ba botlhale eseng ba ba dielele. 16Dirisang nako sentle gone malatsi a bosula. 17Leseka la nna dielele, mme le tlhaloganye gore thato ya Rara keng.
18Se tlagiweng ke Mofine gone mo gotla lesenyaka, bogolo tladiwang ka Moya o Boitshepho. 19Buisana ka dipesalema, difela le di pina tsa se mowa. Opela o be o galaletse Morena ka pelo ya gago yotlhe. 20Ka nako tsotlhe le ntsheng malebogo ka leina la Morena Jeso go modimo Rara. 21Ikobelaneng mo ele go tlotla Keresete.
22Basadi ba banyetsweng, ekobeleng banna ba lona, jaaka le direla Morena. 23Gone monna ke tlhogo ya mosadi, jaaka Keresete ele tlhogo ya Kereke. Ke mmoloki wa batlho. 24Hela jaaka Kereke e ikobela Keresete, ka tsela e tshwanang basadi ba nyetsweeng ba santse ba ikobela banna ba bone mo dilong tsotlhe.
25Banna ba banyetseng ratang basadi balona hela jaaka Keresete a ratile Kereke, mme a iketshetsa setlabelo. 26O dirile se gore atle a itshephise. One a itlhaphisa ka metsi a lefoko la modimo. 27O dirile se gore a itisetse kereke e galalelang esana selabe le ha ele bogole kana sepe tsa dilo tse, mme ele boitshepho e sena selabe.
28Ka tsela e tshwanang banna ba nyetseng ba tshwanetse ba rata basadi ba bone jaaka mmele ya bone. Yo rata mosadi wa gagwe o a ithata. 29Ga gona ope yo a ilang mmele wa gagwe, mme o a tlhokomela a o fe dikotla tsotlhe jaaka Keresete a rata kereke. 30Re ditlhokololo tsa mmele wa gagwe.
31"Ke ka lebaka le monna atla tlogelang mmagwe le rragwe mme a tshwaragane le mosadi wa gagwe, bobeding ba nne nama ele ngwefela." 32Mmo ke boammaruri jo bo tona jo bo sa itsegeng mme kana ke bua ka Keresete le kereke. 33Ke kamo mongwe le mongwe a tshwanetse a rata mosadi wa gagwe jaaka ithata le gore mosadi yo a nyetsweng a tlotle monna wa gagwe.
61Bana, utlwang batsadi ba lona mo Moreneng gonne moo go siame.'' 2Tlotla rrago le mmago'' (yo e leng molao wa ntlha yo o nang le tsholofetso), 3''gore o tle o siamelwe ke dilo, mme o tshele botshelo jo boleele mo lefatsheng.''
4Mme , le lona bo rrabana, se teneng bana ba lona. Le fa go ntse jalo, ba godisetseng mo kgalemong le mo molaong wa Modimo.
5Batlhanka, ikobeleng barena ba lona ka tlotlo le boikobo, ka pelo tsa lona tsotlhe. Ba ikobeleng jaaka le ka ikobela Keresete. 6Le seka la ikoba fela fa beng ba lona ba le lebile gore le ba itumedise. Mme, ikobeng jaaka batlhanka ba ga keresete. Dirang go rata ga Modimo ka pelo tsa lona tsotlhe. 7Direlanang ka dipelo tsa lona tsotlhe, jaaka o ka le direla Morena eseng batho. 8Le tshwanetse la itse gore molemo e mongwe le mongwe o tla a duelelwa tiro e e molemo e a e dirang, go sa kgathalesege gore a ke lekgoba kana ga se lekgoba.
9Le lona barena, direlang malata a lona jaaka le direla Morena. Le seka la ba tshosa. Le a itse gore yo e leng morena wa lona, le wa bone o kwa legodimong. Le a itse gore ga a kgetholole.
10Labofelo, nonofang mo Moreneng le mo thateng ya maatla a gagwe. 11Aparang diaparo tsa tlhabano tsa Modimo, gore le tle le kgone go emelana le mananeo a ga mmaba a tsietso.
12Gonne ntwa ya rona ga se ya nama le madi. Jaanong, re lwa kgatlhanong le magosana le babusi ba lefifi, kgatlhanong le mewa ya lefifi e e mo legodimong. 13Jaanong aparang diaparo tsotlhe tsa tlhabano tsa Modimo, gore le tle le kgone go emelana le bosula mo nakong e e bosula e. Fa le sena go dira dilo tsotlhe tse, le tlaa ema le tsepame.
14Jaanong emang le tsepame. Dira se le sena go apara lebante la tumelo le letlatla la sehuba la tshiamo. 15Dira se fa o sena go rwala ditlhako tsa iketleetso go rera mafoko a kagiso. 16Mo di emong tsotlhe tsayang thebe ya tumelo, e ka yone le tla kgonang go emelana le metsu e e tukang ya yo o bosula.
17Tsayang serwalo sa poloko le tshaka ya Moya,e e leng lefoko la Modimo. 18Mo thapelong nngwe le nngwe le kopo, rapelang ka nako tsotlhe le le mo moweng.Le disitse ka nako tsotlhe, ka bo pelotelele le ntse le rapelela badumedi botlhe.
19Le nthapelele, gore ke neelwe molaetsa fa ke bula molomo. Nthapelelang gore ke itsese batho boammaruri jo bo fitlhegileng jwa mafoko a a molemo ka bopelokgale. 20Ke moemedi wa mafoko a a molemo yo o golegilweng, gore ke bue ka bogaka jaaka ke tshwanetse go bua.
21Gore le lona le tle le itse seemo same le gore ke tsogile jang; Titshikase, mokaulengwe yo o rategang, ebile e le motlhanka wa Morena yo o boikanyego, o tlaa le itsise dilo tsotlhe. 22Ke mo rometse kwa go lona ka lebaka le, gore le tle le itse botsogo jwa rona, a bo a gomotse dipelo tsa lona.
23A kagiso e nne le lona bakaulengwe, le lerato le tumelo go tswa go Modimo Rara le Morena wa rona Jeso keresete. 24A tshegofatso e nne le botlhe ba ba ratang Morena wa rona Jeso Keresete ka lerato le le sa feleng.