BAGALATIA
11Yo ke Paulo wa moaposetolo. Ga ke moaposetolo ka batho kana go tswa mo mothong, mme go tswa mo go Jeso Kererete le Modimo Rara yoo mo tsositseng mo baswing. 2Le bomorwarre botlhe ba ke nale bone, ke kwalela diphuthego tsa Bagalatia.
3A kagiso le mautlwele botlhoko go tswa mo go Modimo Rara le Morena Jeso Keresete, 4yo ore ntshitsheditseng botshelo jwa gagwe maleo le golola mo boleong jwa tshaba. 5Go yeng ka thato ya Modimo Rara. A go isiwe kgalalelo ka bosakhutleng.
6Le nkgakgamatsa ka gore le fetogela mafoko aa molemo ka bo nako. Le gakgamatsa ka gore lefetogela yo o le lebiditsweng mo boutwelobothoko jwa ga Jeso. 7Ga gona mafoko ape a a molemo, mme gona e banna banngwe ba ba le diretseng mathata ba ba batlang go senyaka mafoko a a molemo a ga Keresete.
8Mme lefa e ne ele rona kana baengele go tswa legodimong aka le bolela mafoko a a molemo asa tshwanweng le a re a le re a leboleletseng o tshwanetse go hutsiwa. 9Jaaka re boile go le pele, jaana kea bua gape, Fa mongwe a go bolelela mafoko aa molemo a a sa tshwaneng le a o amogetseng a hutsiweng," 10A ke batla go rurufalediwa ke Modimo kana batho? A ke senka go itumedisa batho? Fa ke santse ke senka go itumedisa batho, ga ke motlhanka wa ga Keresete.
11Ke batla le itse bo barwarre, gore mafoko a a molemo ake a buileng ga se aa builweng ke batho fela. 12Ga ke a amogela go tswa mo bathong, ga ke a a rutiwa, Ka jalo e ne e le tshenolelo e ke e tsereng mo go Jeso Keresete.
13Le utlwile ka botshelo jwa me jwa pele ka tumelo ya sejuta, kafa kene kele dikgoka ke kgokgontsha ke sotlaka phuthego ya Modimog go sena tekanyetso mo tshenyenyong ene ke ba e dira. 14Kene ke rutegile go gaisa Bajuta ba balekane bame. Kene ke na le lefufa le letona ga go tswena mo ditso tsa bo rreraetsho.
15Go itumedisitse Modimo go nkgetha ke santse kele mo sebopelong sa ga mme. O mpeditse ka mautlwelo botlhoko a gagwe, go supa morwae mo go nna, gore ke bolelele ka gone mo gare ga baditshaba. 16Ka jalo ga kea ka ka lekodisa motho ope. 17le gore ga ke ise keye Jerusalema kwa go ba ba neileng baaposetolo pela game. Ka jalo ke ne ka ya Arabea ke bo ke boelo ko Damaseka.
18Morago ga ngwaga tse tharo kene kaya Jerusalema goya go kopana le Petere. Ke ne ka nna le e ne malatsi a le lesome le botlhano. 19Ke ne ka seka ka bona ope wa baaposetolo fa ese Jakoba fela morwarre wa Morena. 20Bonang ke le bolelela nnete mo go se ke se lekwaletseng.
21Ke ile ko mafelong a Seria le Silisia, 22Kene ke sa itsewe ko phuthegong tsa Jutia tse di mo go Keresete, 23Mme bane ba utlwalela gore, "Ke ene yo o neng a re tlhokofatsa, o re itsese ka tumelo e a neng a e sentse go le pele." 24Bane ba galaletsa Modimo ntateng yame.
21Ene yare morago ga dingwaga dile lesome le bone raya Jerusalema ke nale banabase, re ne ra tsamaya le Tito. 2Ke ne keya teng ka gore Modimo one a ntshenoletse gore ke tshwanetse ka ya teng. Ke ne kaba rerela yone efangedi e ke e reretseng ba ditshaba.( Kene ka buele mo sephiring le bao bane ke bona ele bagolwane ba batlotlegileng). Kene ke dira se gore eseka ya nna okare kene ke sianela, kana ke sianetse lefela.
3Mme jaanong le fale Tito, yo eneng ele mogerika one atshwannwa ke go rupisiwa ka dikgoka. 4Dikgang tse dineng ditla ka bakaulengwe ba ba iketsisang bane batla mo sephiring go re tsaya dinopolo mo kgololesegong ere nang le yone mo go Keresete Jeso morena wa rona. Ba ne ba eletsa go re dira makgoba a molao. 5Ra seka ra ba tsaya tsia le eseng ra thomamisa gore boamaruri ba efagedia bo nna bo sa fetoga ka ntateng ya lona.
6Mme bone ba ba neng ba lebega bale botlhokwa ba, ga baaka ba nthusa ka sepe, se baleng sone ga sekgathale mo go nna. Gonne Modimo gaa tseye ope ka bo mang mang jwa gagwe. 7Bane ba lemoga gore ke neetswe maikarabelo a go rerela ba ba sa rupisiwang efangedi. Gone go tshwana hela le jaaka Petere a bileditswe go rerela ba ba rupileng. 8Ka gore ke ene Modimo yo mongwe fela yo neetseng Petere boaposetole ba go direla ba ba rupileng, yo a berekang mo go nna gore ke rerelane ba ditshaba.
9E rile Petere, Jakobe le Johane, ba ba lemogiwang ele bone ba simolodi ba kereke, ba thaloganya kutlhelo botlhoko e ke enetseng, ba re phuthulolela matsogo nna le Banabase. Ba dirile se gore rona reye ko ba ditshabeng, bone baye ko ba ba rupileng. 10Ba re gakolola gore reseka ra lebala batlhoki. Se sene se setse sele mo pelong yame ke ikaeletse go se dira.
11Ene yare Petere atile ko Antioko, kene ka mokgalemela ke sa diga lentswe ka go bane one a sa dire sentle. 12Ka gore pele ga banna bangwe ba tswa ko go Jakobe, Petere one a ja fela le ba ditshaba. Mme yare banna ba ba goroga, a emisa le go tsamaela kgakala le ba ditshaba. One a tshosiwa ke banna ba baneng ba rotloetsa go rupa.
13Bajuta botlhe bane ba kopanela le Petere go dira boitimikanyi bo, ko bofelelong Banabase le ena a felela a dira se. 14Mme ene yare ke bona gore ga ba a sala morago boamaruri ba efangedi ka ya ko go Petere fa pele ga bone botlhe ka moraya kare, "E kare ole Mojuta wa bo o tshela jaaka Mo ditshaba gonale go itsaya jaaka Mojuta, keng o batla baditshaba ba tshela jaaka Bajuta?"
15Rona bare leng Bajuta ka matsalo ga re se "Baleofi ba baditshaba" 16Re itse fa motho a sa latofadiwe ka ditiro tsa gagwe go lebeletswe molao, balatofadiwa ka tumelo mo go Morena Jeso Keresete. Re tlile mo go dumeleng mo go Jeso Keresete gore re latofadiwe ka tumelo mo go keresete eseng ka di tiro tsa molao. Gonne ga gona ope otla latofadiwang ka molao.
17Mme fa ele gore re batla modimo a re latofatsa ka ka Keresete Jeso, mme re iphitlhela gape re le baleofi, a Keresete e kana motlhanka wa boleo? A go seka ka ga nna jalo! 18Gone fa nka tsosolosa go ikega ga me ka go dirigatsa molao, go ikaega mo kene ke setse ke go tlhobogile, ke tlabo ke tshupha kele moleofi. 19Ka molao ke sule mogo tsa molao, gore ketle ke kgone go tshelele modimo.
20Ke bapotswe le Keresete. Ga go sa tlhole go tshela nna, ke Keresete yo o tshelang mo go nna. Botshelo bo ke bo tshelang jaana mo nameng ke bo tshela ka tumelo mo Morwa Modimo, yo aneng a ntata, mme iketshetsha. 21Ga ke swabise boutlwelobotlhoko jwa Modimo, ka gore fa e kanna gore tshiamo enne teng ka ntlha ya molao, jalo Keresete o tlaa bo a swetse lefela.
31Bagalatia ba dieleele! Le loilwe ke mang? A Jeso Keresete gaa bapolwa mo matlhong a lona? (Gore o seka wa o bamela boammaruri). 2Ke batla go ituta se mo go wena. A le amogela mowa ka nnatata ya ditiro tsa molao kana ka go dumela se o se utlwileng? 3A le dieleele? A le simolotse le le mo se moweng mme la feleletsa le le mo se nameng?
4A o itemogetse dilo tse dintsi lefela? Fa ele gore ke nnete ke lefela? 5Jaanong a yo o le neelang Mowa a ba a dira ditiro tse dikgolo mo go lona o di dira ka ditiro tsa molao kana ka go utlwa obo o dumela?
6Aberehama "a dumela modimo mme se sa mo dira moitshepi mo matlhong a Modimo." 7Ka tsela eo gape, tlhaloganya, jaanong, gore ba ba dumelang ke barwa Aberehama. 8Lekwalo le bonela pele gore Modimo o tlaa ntlafatsa baditsaba ka tumelo. Mafoko a a molemo ane a bolelwa fa pele mo go Aberehama: "Mo go wena ditshaba tsotlhe di tlaa segofala." 9Jaanong, ba ba nang le tumelo ba segofetse le Aberehama, yo o neng a na le tumelo.
10Ba ba ikanyang mo ditirong tsa molao ba ka fa tlase ga phutso. Gonne go kwadilwe, "Go hutshegile ene yo sa tshegetseng sepe sotlhe se se kwadilweng mo bukeng ya molao, go se dira sotlhe." 11Jaanong go papametse gore Modimo gaa ntlafatse ope ka molao, gonne "Baitshepi ba tlaa tshela ka tumelo." 12Molao ga o tswe mo tumelong, le fa go ntse jalo. "Ope yo o dirang dilo tse ka molao o tlaa tshela ka melao."
13Keresete o re golotse mo phutsong ya molao fa a ne a nna phutso mo go rona. Gonne go kwadile, "Go hutsegile mongwe le mongwe yo o ikaletsang mo setlhareng." 14Le baka ene ele gore tshegofatso e e neng ele mo go Aberehame e ka tla mo baditshabeng ka Jeso Keresete, gore re tle re amogele tsholofetso ya Moya ka tumelo.
15Barwarre, ke bua ka seemo sa setho. Le fa batho ba ikanetse tumalano, ga gona ope yo o e tlatsang ka na ae fokotsa. 16Jaanong ditsholofetso di ne tsa bolelelwa Aberehama, le go ya kokomaneng ya gagwe. Ga ere, "Go ya dikokomaneng," go tewa bontsi, mme go tewa a le mongwefela. "go ya kokomaneng ya gago," e leng Keresete.
17Jaanong ke bua se. Molao yo o tsileng morago ga dingwaga tse di 430, ga o sutlhe kgolagano ya pele e e tlhomilweng ke Modimo. 18Ka gore fa nne boswa botla ka tsela ya molao, e ne e tlaa se tlhole e tla ka tsela ya tsholofetso. Mme Modimo o ile abo neela Aberehame mahala ka tsholofetso.
19Jaanong molao o ne o direlwang eng? O ne o direlwa tlolo molao, go fitlhela kokomane ya ga Aberehama e tla ko go ba ba neng a ba solofeditswe. Molao o ne wa patelewa ke baengele le baletlanyi. 20Mme jaana moletlanyii o raya batho ba feta bongwe, mme Modimo o mongwefela.
21Jaanong a molao o kgatlhanong le ditsholofetso tsa Modimo? Go tlhamaletse nnya! Mme fa molao one o beilwe o o tshwanetseng go neela botshelo, tshiamo ka tsela eo e ne e tlaa tla ka molao oo. Mme ka jalo, ka re a leofa molao o o mo dikwalong o a re laola. 22Modimo o ne a dira se gore tsholofetso ya gagwe go re boloka ka tumelo mo go Jeso Keresete e tlaa neelwa mo go ba ba dumelang.
23Mme pele ga tumelo mo go Keresete e tla, re ne bofilwe re tlamilwe ke molao, go fitlhela tshenolelo ya tumelo. 24Jaanong molao wa nna motlhokomedi go fitlhelela Keresete a tla, gore re tle re ntlafadiwe ka tumelo. 25Mme jaana ka tumelo e tsile, ga re sa tlhole re na le motlhokomedi. 26Gonne lotlhe le barwa Modimo ka tumelo mo go Jeso Keresete.
27Lotlhe ba le kolobeditsweng mo go Keresete le ikapesitse Keresete. 28Ga go sa tlhola go na le Mogerika le Mojuta, motlhanka kana yo o golotsweng, monna kana mosadi, ka gonne lotlhe le bangwefela mo go keresete. 29Fa le le ba ga Keresete, jaanong le kokomane ya ga Aberehama, ba ja boswa go ya ka tsholofetso.
41Ke le raya ke re fela fa moja boswa e le ngwana, ga a na pharologanyo epe le motlhanka, le fa e le ene mong wa lefelo lotlhe. 2Le fa gontse jalo, o mo diatleng tsa batlhokomedi le ba ba tshepiwang go fitlhelela nako e e beilweng ke rragwe.
3Jalo le rona, fa re le bana, re ne re le mo botshwarong jwa melao ya lefatshe. 4Mme fa nako e e tshwanetseng e tla.Modimo a romela Morwae, a tsetswe ke mosadi,a tsetswe ka fa tlase ga molao. 5O dirile se go golola ba ba ka fa tlase ga molao, gore re fetolwe re nne barwa.
6Ka gore le barwa, Modimo o rometse Mowa wa Morwa wa gagwe mo dipelong tsa rona, Mowa o o bitsang, "Rara, Rre." 7Ka lebaka le, ga o sa tlhole o le motlhanka o morwa. Fa o le Morwa, jaanong o moja boswa ka Modimo.
8Ee pele, fa le ne le sa itse Modimo,le ne le le batlhanka le ko go ba e leng gore le ka tlholego ga se medimo gotlhelele. 9Mme jaanong ka le itse Modimo, kgotsa re re, jaanong ka le itsewe ke Modimo.Ka go reng le boela gape ko melaong ya lefatshe e e bokoa e bile e sena mosola? A le batla go nna batlhanka gape?
10Le ela tlhoko malatsi a a haphegileng, kgwedi e palama, dipaka, le dingwaga. 11Ke a le tshogela. Ke tshogetse gore ke bereketse lefela mo go lona.
12Ke a le kopa, barwa rre, nnang jaaka ke ntse, ka gore ke ntse jaaka le ntse. Ga le a ntirela molato ope. 13Mme le a itse gore e ne e le ka bokowa jwa mmele gore a bo e le gone ke le bolelelang mafoko a a molemo lantlha. 14Le fa bokowa jwa me bo le tsentse mo tekong, ga le a ka lwa nnyatsa kgotsa lwa nkgana. Jaanong le nkamogetse ke le moengele wa Modimo, jaaka e kare ke Keresete ka sebele.
15Jalo he, boitumelo jwa lona bo kae jaanong? gonne ke le pakela ke re, fa go ne go kgonega, le ka bo le ntshitse matlho a lona le bo le a mpha. 16Jaanong, a ke mmaba wa lona ka gore ke le bolelela boammaruri?
17Ba le batla ka dipelo tsotlhe, mme e se mo go molemo. Ba batla go nkgaoganya le lona gore le ba sale morago. 18Go siame nako tsotlhe go batla ka dipelo tsotlhe go dira dilo tse di siameng, e seng fela fa ke na le lona.
19Bongwanaka, ke le utlwela botlhoko go fitlhela Keresete a nna mo go lona. 20Ke eletsa ke ka bo ke na le lona koo gone jaana ke bo ke fetola ka fa ke buang ka teng, ka gore ga ke itse gore ke ka le reng.
21Mpoleleng, lona ba le eletsang go nna ka fa tlase ga molao,a ga le utlwe gore molao wa reng? 22Gonne go kwadilwe go twe Aborehame a bo a na le barwa ba ba bedi, yo mongwe e le wa mosadi wa motlhanka, yo mongwe e le wa mosadi yo o mo kgololesegong. 23Le fa go le jalo wa motlhanka a bo a tsetswe fela ka fa nameng, mme wa mosadi yo o golotsweng a bo a tsetswe ka tsholofetso.
24Dilo tse di ka tlhalosiwa go dirisiwa ditshwantsho, ka gore basadi ba ba tshwana le dikgolagano tse pedi. Mongwe wa bone o tswa mo thabeng ya Sinai.O tshola bana ba e leng batlhanka.Yo ke Hagare. 25Jaanong Hagare ke thaba ya Sinai mo Arabea. O kaya Jerusalema wa gompieno, ka gore o mo botlhankeng le bana ba gagwe.
26Mme Jerusalema yo o kwa godimo o gololesegile, ke gore, mmarona. 27Gonne go kwadilwe ga twe, "Itumele, wena moopa,wena yo o sa tsholeng.Tswaa ka modumo o goeletse ka boitumelo, wena yo o sa utlwang ditlhabi tsa pelegi. Gonne ba bantsi ke bana ba moopa, go feta ba yo o nang le monna.
28Jaanong lona, barwa rre, jaaka Isake, le bana ba tsholofetso. 29Ka nako eo yo o neng a tsholwa ka fa nameng o kgokgontshitse yo o neng a tsholwa ka fa Moweng. Go tshwana le jaanong.
30Lekwalo la reng? "Koba mosadi wa motlhanka le morwa wa gagwe. Ka gore morwa wa mosadi wa motlhanka ga se moja boswa le morwa wa mosadi yo o golotsweng." 31Jalo he, barwa rre, ga re bana ba mosadi wa motlhanka, mme ka jalo, re ba mosadi yo o golotsweng.
51Re bone kgololesego ka gobane Keresete o re golotse. Itshetleleng mme o seka wa tshwarwa gape mo bogokgebeng jo. 2Bonang, Nna, Paulo, ke le raa kere fale rupa, Keresete ga a kake a letswela mosola ka tsela epe.
3Gape, ke pakela monna mongwe le mongwe yoo o rupileng o tlamega go obamela melao yotlhe. 4Le kgaogantswe le Keresete, lotlhe bale "latofadiwang" ka molao. Le ikgatholositse mautlwelobotlhoko.
5Mo moweng,ka tumelo re emetse maatla a baitshepi. 6Mo go Keresete go rupa kana go seke o rupe ga go reye sepe. Tumelo e e nang le lorato ke yone e batlegang. 7Lene le taboga sentle. Ke mang yo o le emisitseng go reetsa boamaruri? 8Phetogelo ya go dira mo go satsweng mogo ene yo a lebitseng.
9Sebidiso se sennye se dira gore borotho jo bo dubilweng gontsifala. 10Ke a le tshepha ebile ke tshepha Modimo gore le ka seke le akanye ka tsela enngwe. Yo o le tsietsang o tlaa bona kotlhao ya gagwe, go sa kgathale gore ke mang.
11Bmorwarre, fa ke le bolella ka thupiso, ke bogisetswa eng? Fa gontse jalo sekgoreletsi sa mokgoro se tlaa senyakwa. 12Ke eletsa gore bao ba ba le ntshang mo tseleng enne bone ba ba i opafatsang.
13Ka Modimo o le biditse bomorwarre, gore le gololesege. Mme le seka la dira kgololesego ele lebaka sa go direla nama. Ka lorato tlhokomelanang. 14Ka molao otlhe o mo taolong ele ngwe; ka "O tshwanetse go rata mo agisanyi wa gago jaaka o ithata." 15Mme gale lomana ebile le jana, elang tlhoko gore ga le senyakane ka bolona.
16Mme kare, le tsheleng ka semowa, mme le tlaa seke le dire thato ya nama. 17Ka nama e nale thato ee kgolo kgatlhanong le mowa, le mowa onale thato ee kgolo kgatlhanong le nama. Tse dia ganetsana. Maduo ke gore ga ona go dira dilo tseo eletsang go di dira. 18Mme fa gogwa ke Mowa, gao laolwe ke molao.
19Jaanong ditiragalo tsa senama dia bonala. Ke bo bogokagadi, go sa itsheka, dikeletso tsa nama tsedi sa laoleseng, 20medimo ya disetwa, boloi, go kgala yo mongwe, go omanya ba bangwe gosena molato, lefufa, go tenega mo go sa laoleseng,go gaisana, gotlhoka tirisanyo mmogo, go dirisanya le ba badumelana lewena hela. 21Go eletsa sesa motho, botagwa, go senyetsa batho ka lebaka la botagwa le tse dingwe. Ke a le tlhagisa, jaaka ke le tlhagisitse pele, gore ba ba dirang tse ba tlaa seke ba bone bogosi jwa Modimo.
22Mme leungo la mowa ke lorato, boitumelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi,tshiamo, tumelo, 23bonolo le go ikgapha. Gagona molao o kgatlhanong le dilo tse. 24Bao baeleng ba ga Keresete Jeso ba bapotse nama le keletso tsa yone le tsedi bosula.
25Fa re tshela ka Mowa, re tsamaye le ka Mowa. 26Re seka ra nna le boikgogomoso, go gwetlha yo mongwe go bua kana go eletsa ditsamotho.
61Bakaulengwe, fa motho a tshwarwa mo boleong, lona baitshepi mmuseletseng mo tshiamong ka mowa oo ikobileng. Dira se le itisitse gore le seka la wela mo thaeloeng. 2Rwadisanyang merwalo gore le diragatse molao wa ga Keresete.
3Fa mongwe a akanya gore ke sengwe e se sepe, o a itsietsa. 4Mongwe le mongwe o tshwanetse go tlhatlhoba tiro ya gagwe. Jalo o tla abo ana le sengwe mo pelong se a ka ipelafatsang ka sone, a sa itshwantshanye le ope. 5Gonne mongwe le mongwe o tlaa sikara morwalo wa gagwe.
6Yo rutilweng lefoko o tshwanetse o kgaogana dilo tsotlhe tse di siameng le moruti wa gagwe. 7O seka wa tsiediwa. Modimo ga a sotliwe. Sepe se motho a se jwalang, ke sone a tlaa se robang. 8Yoo o jwalang peo a elemela mo go tse di bosula, o tlaa roba tshenyego, mme yo o lemang peo mo tshiamong o tlaa roba botshelo jobo sa khutleng go tswa mo moweng.
9Re seka ra lapisiwa ke go dira bomolemo, go nne mo nakong ee tshwanetseng re tlaa roba thobo fa resa ineele. 10Jalo fa rena le tshono, Are direleng botlhe mongwe le mongwe. A re direleng botlhe molemo mme bogolo jang ba ntlo ya tumelo.
11Bona ke dirisa ditlhaka tse ditona jang gole kwalela ka mokwalo wame. 12Ba ba batlang go dira maikaelelo a nama ba le gwetlha go rupisiwa.Ba dira se gore ba seka ba tlhokofalediwa ka mokgoro wa ga Keresete. 13Le mo go bone ba ba rupileng ga ba tshegetse molao. Ba batla le rupisiwa gore batle ba ikgogomose ka nama ya lona.
14A go seka ga nna okare kea ikgogomosa fa ese ka mokgoro wa Morena Jeso Keresete. Ke ka ga ene gore lefatshe le bapoletswe nna, nna ke bapoletswe lone. 15Go rupa kana go sa rupa ga se sepe. Mo boemong, sebopiwa se sesha se bo tlhokwa. 16Go botlhe ba ba tshelang ka taolo e, a kagiso le mautlwelo botlhoko di nne le bone le mo Eseraele wa Modimo.
17Go tswa fano go ya pele a ope ase ntshwenye, go nne kena le matshwao aga Jeso mo mmeleng wame. 18A mautlwelo botlhoko a Morena wa rona Jeso a nne le mewa wa lona, bakaulengwe. A gone jalo.