Jute
11Jute, motlhanka wa Modimo, morwa rraagwe Jakoba, go botlhe ba ba biditsweng, baratiwa mo go Modimo rara, ba ba boloketsweng Jeso, 2A boutlwelobotlhoko, kagiso le lerato di okediwe mo go lona.
3Bakaulengwe, le fa ke ntse ke dira maiteko a go le kwalela ka poloko ya rona,ke ne ka tshwanelwa ke go le kwalela ke le gwetlha go lwa ka thata le lwela tumelo e e roletsweng badumedi botlhe ka gangwe. 4Ka gore batho bangwe ba ngwangwaeletse mo go lona. Bao ke batho ba ba kgethetsweng katlholo. Ke batho ba ba senang bomodimo ba ba fetolelang tshegofatso mo makgaphileng a senama., ba ba itatolang monngarona le Morena wa rona Jeso Keresete.
5Jaanong ke eletsa go le gakolola, le fa le kile la bo le itse thata gore Modimo o golotse batho go tswa kwa lefatsheng la Egepeto, mme erile morago a neyeletsa ba ba neng ba sa dumele. 6Le baengele ba ba neng ba sa kgone go thsegetsa maemo a bone a taolo,ba ba tlogetseng manno a bone aa tshwanetseng, Modimo o ba beile mo dikeetane ka bosakhutleng, mo lefifing, ba emetse letsatsi le legolo la katlholo.
7Go tshwana le Sotoma le Gomora le ditoropo tse di dikologileng, ba ba ineetse mo go tsa tlhakanelo dikobo, ba ngoka dikeletso tse e seng tsa tlholego. Ke dikai tsa ba ba tlileng go boga kotlhao ya molelo o o sa feleng. 8Ka tsela ee tshwanang le ye, ba ba lorang ba, ba leswefatsa mmele ya bone.Ba gana taolo, ba bua dilo te di maswe kgatlhanong le ba ba galalelang.
9Le ene moegele yo mogolo Mikele, o ne a ganetsana le Saatane ba gotlhagotlhana ka ga mmele wa ga Moshe, ga a ise a leke go tlisa katlholo e e bosula kgatlhanong le ene. Mme one a re," A Modimo a go kgalemele!". 10Mme batho ba bua maaka mo go sengwe le sengwe se ba sa se tlhaloganyeng. Mme se ba sa se tlhaloganyang-se le diphologolo tse di senang tlhaloganyo di se itseng-ke tsone tse di ba bolaileng. 11Ba latlhegile! Gonne ba tsamaya mo tseleng ya ga Kaene, mme ba tsene mo phosong ya ga Balaame ya poelo. Ba nyeletse mo botlhoka tsebeng jwa ga Kora.
12Ba ke bone dikgopi tse di fitlhigileng mo moletlong wa lerato. Ba ja ba sena ditlhong, ba a ja ba itebile ba le nosi. Ke maru a a senang metsi, ba itseelwa ke diphefo, Ke ditlhare tsa letlhafula tse di sa ungweng-di sule gabedi,di kumutswe ka medi. 13Ke makhubu a tshubutlang mo lewatleng, ba phukisiwa ke ditlhong tsa bone. Ke dinaledi tse di kgarakgatshegang, ba ba beetswe lefifi le lentsho ka bosakhutleng.
14Enoko, wa bosupa go tswa mo go Atamo, o porofitile ka bone a re, "Bona! Morena o tla ka ba ba boitshepo ba le diketekete, O tlile go diragatsa katlholo mo go mongwe le mongwe. 15O tlile go atlhola botlhe ba ba senang bomodimo mo ditirong tsotlhe tse ba di dirileng ka tsela ee maswe, le mafoko otlhe a a maswe a baleofi ba a buileng kgatlhano le ene." 16Ba ke basebi, bangongoregi, ba ba setseng dikeletso tsa bone tse di bosula morago. Ke baikgantshi, ba ba maikgantsho, ba boka ba bangwe gore ba ba thukuthe.
17Mme lona, bakaulengwe, gakologelwang mafoko aa builweng ke baaposetoloi bogologolo ka ga Morena Jeso. 18Ba le reile ba re, "Mo nakong ya bofelo basutli ba tlaa sala morago dikeletso tsa bone tse di senang bomodimo". 19Batho ba, ba a kgaoganya.Ba selefatshe, ebile ga ba na Mowa wa Modimo.
20Mme lona, Baratwa, agang tumelo ya lona ka thata, mme le rapele ka Moya oo boitshepo. 21Nnang mo leratong la Modimo, mme le emele mautlwelobotlhoko a Morena wa rona Jeso Keresete yo o tlisang botshelo jo bo sa feleng.
22Nnang boutlwelbotlhoko mo go ba ba belaelang. 23Bolokang ba bangwe ka go ba ogola mo moelong. Le nne boutlwelobotlhoko ka poifo mo go ba bangwe. Le ile seaparo se se leswafaditsweng ka nama.
24Jaanong go ene yo o kgonang go le tshegetsa le sa kgopiwe, a le dira gore le eme mo kgalalelong ya gagwe,le sena molato le ka boitumelo jo bogolo 25ko go Modimo mmoloki wa rona ka Jeso Keresete Morena wa rona,a go nne kgalalelo, taolo le nonofo pele ka nako tsotlhe le ka bosakhutleng. Amen.