Tito
11Paulo, wa moaposetoloi wa ga Keresete yo e bileng ele motlhanka wa Modimo, go direletswe tumelo ya ba kgethwa ba Modimo le mo kitsong ya boamaruri jo bo dumalanang le bomodimo. 2Mo ele mo go tshephegeng ga Modimo ka botshelo jo bo sa khutleng, yo a sa bueng maaka, o sale a dirile ditsholofetso pele ga di nako. 3Ka nako ee tshwanetseng, o supa lefoko la gagwe ka molaetsa a tshepa gore ke o le neele. Ke ne ke tshwanetse go dira se ka taolo ya Modimo Mmoloki wa rona.
4Go Tito, morwa yo nnete mo tumelong ere kopanetseng. Kagiso le mautlwelo botlhoko go tswa kwa go Modimo Rara le Jeso Keresete Mmoloki wa rona. 5Ke le tlogeletse lebaka le ko Kerete, gore le beye dilo ka tsamaiso ya tsone tse dineng di sa felela, lethomeng le bagolwane mo di toropong tsotlhe jaaka ke lo laetse.
6Mogolwane o tshwanetse a nna motho yo a senang molato, a nyetse mosadi ale mongwe, ba na le bana ba boikanyego ba sena molato le fa ele go supiwa ba le bosula. 7Go a tlhokafala gore mookamedi yo e leng motlhokomedi wa ntlo ya Modimo anne yo a senang molato. E se yo o bokoa kgotsa yo oratang go tsosa modumo. E seka ya nna motho yo o pelwana, letagwa, a rata ntwa, ebile e senne motho yo o pelotshetlha.
8O tshwanetse ya nna motho yo o amogelang batho botlhe, ele tsala ya go dira molemo. E tshwanetse ya nna motho yo o utlwang,a ale tshiamo, a rata modimo ebile a ikgapha. 9O tshwanetse a tshwara ka thata le go nna tshephepegi mo molaetseng wa boamaruri o rerilweng, gore atle a ga kolole ba bangwe ka thuto e siameng e le go gakolola ba ba o moganetsang.
10Gonne go na le dingaodi bogolo jaang thata ba ba rupileng. Mafoko a bone a lolea. Batsietsa batho ba bongwe ba ba ise le naga. 11Go a tlhokafala gore re ba emise. Ba ruta tse ba sa tshwanelang go se ruta, ba dira se bone se ba tlhabisang ditlhong ebong go thuba malwapa otlhe.
12Mongwe wa bone, ke raya motlhalefi wa bone, orile "Bakerete ke batho bale maaka, diphologolo tse di dikotsi, ebile dile ditshwakga." 13Mafoko a boammaruri, bonang gore lea ba gakolola gore enne ba ba nonofileng mo tumelong.
14Le seka la reetsa mainane a Bajuta le fa ele ditaelo tsa batho bao ba fileng boammaruri mekwatla.
15Mo go ba ba itshekileng dilo tsotlhe di itshekile. Mme mo go bao ba ba leswafetseng le go tlhoka tumelo, mo go bone sepe ga sea itsheka. Go nneng ditlhaloganyo tsa bone le matswalo a bone di leswafetse. 16Ba ipolelela ele ba ba itseng Modimo mme ba mo ganetsa ka ditiro tsa bone. Ba a tena ebile ga bana kutlo. Ga gona bosupi ja gore ba dirile sepe se siameng.
21Mme lona lara, ke eng se se tsamaelang le thuto ee lolameng. 2Banna ba ba golwane ba tshwanetse go itshwara sentle, ba nne le sereti, ba laole dikeletso, ba nne le tumelo, lorato le go itshoka.
3Basadi ba bagolwane ka tsela ee ntseng jalo, ba tshwanetse go nna boineelo e seng ditshebo. Ga baa tshwanela go nna banwi ba mofine. Ba rute mo go molemo, 4gore batle ba kgone go ruta bo mme ba bannye go rata banna le go tlhokomela malwapa le go go ikobela banna ba eleng ba bone. 5Baba rute go laola dikeletso tsa bone, ba itsheke, ba tlhokomele malwapa, le go ikobela banna ba bone. Ba dire dilo tse gore lefoko la Modimo le seka la gogwa mo seretseng.
6Ka tsela ee ntseng jalo, rotloetsang banna ba bannye go nna bonokopila. 7Ka ditsela tsotlhe nna sekai sa dilo tse di siameng; mme fa o ruta supa matsetseleko le seriti. 8Bua molaetsa o o itekanetseng o sena selabe, gore mongwe le mongwe yo o ganetsang a tlhabisiwe ditlhong, ka go tlabo go sena sepe se se bosula se a ka se buang ka rona.
9Batlhanka ba tshwanetse go obamela barena ba bone mo dilong tsotlhe. 10Batshwanetse go ba itumedisa e seng go ngangisanya le bone. Basa utswele barena ba bone. Ba tshwanetse go supa tumelo yotlhe ee siameng, ka jalo gore tsatsi le tsatsi ba kgatlhwe ke thuto e re e fiwang ke Modimo Mmoloki wa rona.
11Gonne kagiso ya Modimo e bonatshegile mo bathong botlhe. 12E re ruta go itatola go tlhoka go nna le semodimo, le dikeletso tsa selefatshe. E re katisa go tshela ga tlhwatlwa, mo tshiamong le mo tseleng ya Modimo mo nako tse, 13fa re lebile ko pele go amogela tsholofelo ee segofetseng, go bonala ga kgalalelo ya Modimo o mogolo le Mmoloki Jeso Keresete.
14Jeso one are ikgetshetse gore, a tle are buseletse go tswa mo go tlhokeng molao, gore itshiamisetsa, gore dira batho ba ba kgatlhegelang go dira ditiro tse di molemo.
15Le bueng ele gorotloetsa ka ga dilo tse. Fa kgakololo ka taolo yotlhe. Se letlelele ope go lenyatsa.
31Le ba gakolole go ineela mo babusing le ba ba mo taolong, go ba obamela, go nna le emetse tiro nngwe le nngwe e e siameng. 2Ba gakololeng gore ba seka ba bua bosula ka yo mongwe, ikgaphe mo ngangisanong, go lesa ba bangwe go dira se ba eletsang le go ikokobetsa mo bathong botlhe.
3Le rona re kile ra bo re ne re sena kitso gape re sa obamele ditaelo. Dikeletso tsa go batla go kgokgofatso maikutlo a rona di ne di re dirile makgoba ebile di re latlhile. Re tshidile mo bosuleng le mo keletsong ya dilo tsa batho. Re dirile batho gore bare ile mme re boe re ilane ka borona.
4Mme fa bopelenomi jwa Modimo Mmoloki wa rona le lorato le a nang le lone mo bathong, 5ga se ka ditiro tsa boitshepo tse re di dirileng, mme ke ka mautlwelobotlhoko gore a bo a re bolokile. O re bolokile ka ntshafatso ya go tsalwa sesha le tsosoloso ka Mowa o o Boitshepo.
6Modimo a tshololela Mowa oo boitshepo mo go rona ka Mmoloki wa rona Jeso Keresete. 7O dirile se ka gore, ra ntlafadiwa ka mautlwelo botlhoko a gagwe, re kanna ra nna bajaboswa ka tlhomamiso ya botshelo jo bo sa khutleng.
8Molaetsa o o a ikanyega. Ke batla le bue ka matlhagatlhaga ka dilo tse, gore ba o ba ba tshepang Modimo ba tswelele ka go mo direla tseo tsotlhe tse a di beileng fa pele ga bone. Dilo tse di dintle ebile di tswela mongwe le mongwe mosola.
9Mme le ikgaphe mo nganyisanong ee senang mosola le dithuto tsa tlhatlologano ya malwapa le dikgogakgogano le tlhoka kutlwisisanyo ka tsa molao. Dilo tseo ga dinale boleng ebile ga dinale mosola. 10Mme le itlhokomoloseng ba ba dirang dipharologanyo mo gareng ga lona, morago ga tlhagiso kana tse pedi, 11le go itse gore yoo o dule mo tseleng mme o a leofa abo a ipona molato.
12Fa ke romela Atemas le Tafios ko go lona, itlhaganeleng mme le tle ko go nna ko Nikopolisa, ko ke tlileng go nna teng ka mariga. 13Nnang bofefo mme le romele Zenase, moitsaanape wa molao, le Apolisa, mo goreng ga ba tlhoke sepe.
14Batho ba rona ba tshwanetse go ithuta go dira ditiro tse di ntle tse di kopantshang botlhoki ka bonako gore di tle di seka tsa tlhoka go atlega.
15Botlhe ba ba nang le nna ba romela madume. Dumedisang botlhe ba ba re ratang mo tumelong. A mautlwelobotlhoko a nne le lona lotlhe.